Jeremia 12:1-17
12 O tshiamo,+ wena Jehofa, fa ke ngongorega mo go wena, ammaruri fa ke bua le ka dikgang tsa katlholo le wena. Ke ka ntlha yang fa tsela ya baikepi e atlegile,+ fa botlhe ba ba dirang boferefere ba sa tshwenyege?
2 O ba jadile; mme ba medile medi. Ba nna ba tsamaela kwa pele; gape ba tlhagisitse maungo. O gaufi mo molomong wa bone, mme o kgakala le diphilo tsa bone.+
3 Mme wena ka bowena, Jehofa, o nkitse sentle;+ o a mpona, mme o tlhatlhobile pelo ya me e e seoposengwe le wena.+ Ba tlhaole jaaka dinku tse di yang go tlhabiwa,+ o bo o ba lomololele letsatsi la polao.
4 Lefatshe le tshwanetse go nna le swaba ka lobaka lo lokae,+ le dimela tsa tshimo yotlhe di omelele ka lobaka lo lokae?+ Ka ntlha ya bosula jwa ba ba nnang mo go yone dibatana le dibopiwa tse di fofang di gogotswe.+ Gonne ba rile: “Ga a bone isagwe ya rona.”
5 E re ka o siane le ba ba tsamayang ka dinao, mme ba ne ba tle ba go lapise, jaanong o ka taboga jang lobelo le dipitse?+ A mme o na le tshepo mo nageng ya kagiso?+ Jalo o tla dira jang mo gare ga masuthu a a tlotlometseng a a bapileng le Joredane?+
6 Gonne le bomorwarrago le ba ntlo ya ga rrago, le bone ka bobone ba go diretse ka boferefere.+ Le bone ba tlhaeleditse kwa godimo fa morago ga gago. O se ka wa nna le tumelo epe mo go bone, fela ka ntlha ya gore ba go bolelela dilo tse di molemo.+
7 “Ke tlogetse ntlo ya me;+ ke latlhile boswa jwa me;+ ke tsentse moratwa wa moya wa me mo seatleng sa baba ba gagwe.+
8 Boswa jwa me mo go nna bo fetogile go nna jaaka tau mo sekgweng. O golotse lentswe la gagwe kgatlhanong le nna. Ke gone ka moo ke mo tlhoileng.+
9 Boswa jwa me+ bo tshwana le nonyane e e mebala mentsi e e jang nama mo go nna; dinonyane tse di jang nama di bo dikologile.+ Tlayang, phuthegang mmogo, lona lotlhe dibatana tsa naga; di tliseng di tle go ja.+
10 Badisa ba bantsi+ ba sentse tshimo ya me ya mofine;+ ba gatakile kabelo ya me.+ Ba fetotse kabelo ya me e e eletsegang+ go nna naga e e kgakgabetseng.
11 Mongwe o e kgakgabaditse;+ e swabile; e kgakgabaletse nna.+ Lefatshe lotlhe le kgakgabaditswe, ka gonne ga go na motho yo o le tsereng tsia.+
12 Bathopi ba tlile mo ditselaneng tsotlhe tse di mo nageng tse di budusitsweng ke dinao. Gonne tšhaka ya ga Jehofa e laila go tswa kwa ntlheng e nngwe ya lefatshe le go ya ntlheng e nngwe ya lefatshe.+ Ga go na kagiso mo nameng epe.
13 Ba jadile korong, mme ba robile mitlwa.+ Ba dirile thata gore ba bo ba bobole; ga ba na go nna le mosola ope.+ Eleruri ba tla tlhabisiwa ditlhong ke dikungwa tsa lona ka ntlha ya bogale jo bo tukang jwa ga Jehofa.”
14 Jehofa o buile jaana kgatlhanong le baagelani botlhe ba me ba ba bosula,+ ba ba amang se se ruilweng boswa se ke dirileng gore batho ba me ba Iseraele ba se rue:+ “Bonang, ke ba kumola mo lefatsheng la bone;+ le ntlo ya Juda ke tla e kumola mo gare ga bone.+
15 Go tla diragala gore fa ke sena go ba kumola, ruri ke tla ba utlwela botlhoko+ gape mme ke tla ba busetsa, mongwe le mongwe kwa go sa gagwe se a se ruileng boswa le mongwe le mongwe kwa lefatsheng la gagwe.”+
16 “Mme go tla diragala gore fa ruri ba ka ithuta ditsela tsa batho ba me ka go ikana ka leina la me,+ ‘Jaaka Jehofa a tshedile!’ fela jaaka ba ne ba ruta batho ba me go ikana ka Baale,+ le bone ba tla agiwa mo gare ga batho ba me.
17 Mme fa ba ka se utlwe, ke tla kumola setšhaba seo, ke se kumola ke bo ke se senya,”+ go bua Jehofa.