Jeremia 10:1-25
10 Utlwang lefoko le Jehofa a le buileng kgatlhanong le lona, lona ntlo ya Iseraele.
2 Jehofa o buile jaana: “Lo se ka lwa ithuta tsela ya ditšhaba gotlhelele,+ mme lo se ka lwa welwa ke poifo ka ntlha ya ditshupo tsa magodimo, ka gonne ditšhaba di welwa ke poifo ka ntlha ya tsone.+
3 Gonne mekgwa ya ditšhaba+ ke moya fela o o hemelwang kwa ntle, ka gonne ke setlhare fela+ mo sekgweng se motho a se remileng, tiro ya diatla tsa modiri yo o setswerere ka sedirisiwa sa go seta.+
4 Motho o se ntlafatsa ka selefera le ka gouta.+ Ba di kokotela ka dimapo le dinoto gore sepe se se ka sa kgwetlha.+
5 Di tshwana le setshosa sa tshimo ya komokomore, e bile ga di kgone go bua.+ Di a tsholediwa, gonne ga di kgone go tsaya dikgato dipe.+ Lo se ka lwa boifa ka ntlha ya tsone, gonne di ka se dire sepe sa masetlapelo, gape, mo godimo ga moo, ga di itse go dira molemo ope.”+
6 Ga go na ope yo o tshwanang le wena ka tsela epe, wena Jehofa.+ O mogolo, e bile leina la gago le na le thata e kgolo.+
7 Ke mang yo o sa tshwanelang go go boifa,+ wena Kgosi ya ditšhaba,+ gonne mo go wena go a tshwanela; ka gonne gareng ga botlhe ba ba botlhale mo ditšhabeng le mo magosing otlhe a bone ga go na ope yo o tshwanang le wena ka gope.+
8 Mme ka nako e le nngwe ba itshupa e le ba ba sa akanyeng gape ba le dimatla.+ Setlhare ke thotloetso fela ya mafela.+
9 Go tlisiwa selefera e e papetlilweng go nna dimatlana go tswa kwa Tareshishe,+ le gouta go tswa kwa Ufase,+ tiro ya modiri yo o setswerere le ya diatla tsa mothudi wa tshipi; diaparo tsa bone ke tlhale e e bobududu le boboa jo bo fetoletsweng mo mmaleng o o bobududu jo bo mokgona jo bohibitswana. Tsotlhe ke tiro ya batho ba ba ditswerere.+
10 Mme Jehofa ke Modimo ka boammaaruri.+ Ke Modimo yo o tshelang+ le Kgosi ka bosakhutleng.+ Lefatshe le tla reketla ka ntlha ya kgalefo ya gagwe,+ mme ga go na ditšhaba dipe tse di tla itshokelang katlholo ya gagwe.+
11 Lona lo tla ba raya lo re: “Medimo+ e e sa dirang magodimo le lefatshe ke yone e e tla nyelelang mo lefatsheng+ le ka fa tlase ga magodimo ano.”
12 Ke Modiri wa lefatshe ka maatla a gagwe,+ Yo o tlhomamisang ka thata naga e e ungwang ka botlhale jwa gagwe,+ le Yo o phuthulotseng magodimo ka tlhaloganyo ya gagwe.+
13 Ka lentswe la gagwe o feretlha metsi kwa magodimong,+ mme o dira gore mouwane o tlhatloge go tswa ntlheng ya lefatshe.+ O diretse pula mesele,+ e bile o ntsha phefo kwa matlong a gagwe a polokelo.+
14 Motho mongwe le mongwe o itshwere ka go sa akanye ga ba ga senoga botlhoka kitso jwa gagwe.+ Mothudi mongwe le mongwe wa tshipi ruri o tla tlhabiwa ke ditlhong ka ntlha ya setshwantsho se se setilweng;+ gonne setshwantsho sa gagwe se se thetsweng ke maaka,+ e bile ga go na moya mo go tsone.+
15 Ke lefela, tiro ya tshotlo.+ Di tla nyelela mo nakong e di elwang tlhoko ka yone.+
16 Kabelo ya ga Jakobe+ ga e tshwane le dilo tse, gonne ke Mmopi wa sengwe le sengwe,+ mme Iseraele ke lore lwa boswa jwa gagwe.+ Jehofa wa masomosomo ke leina la gagwe.+
17 Phutha morwalo+ wa gago mo lefatsheng, wena mosadi yo o nnang mo pitlaganong.+
18 Gonne Jehofa o buile jaana: “Bona, ke konopa banni ba lefatshe ka motsekedi mo lobakeng lono,+ mme ke tla ba bakela go tshwenyega thata gore ba tle ba lemoge.”+
19 A bo go latlhega nna ka ntlha ya tshenyego ya me!+ Titeo ya me e fetogile bolwetse. Mme nna ka bonna ke rile: “Eleruri seno ke pobolo ya me, ke tla e tshola.+
20 Mogope wa me o thopilwe, mme megala ya me ya mogope e kgaogantswe sebedi yotlhe.+ Bomorwaake ba dule mo go nna, mme ga ba tlhole ba le teng.+ Ga go tlhole go na le ope yo o tsharololang mogope wa me kgotsa yo o tsholetsang matsela a me a mogope.
21 Gonne badisa ba itshwere ka go sa akanye,+ e bile ga ba a batla Jehofa.+ Ke ka lone lebaka leo ba sa dirang ka temogo, mme diphologolo tsa bone tsotlhe tse di fudisiwang di gasame.”+
22 Reetsang! Pego! Ke eno e tlile, le go thuga mo gogolo go tswa kwa lefatsheng la bokone,+ go dira metse ya Juda kgakgabalo, kutla ya bophokoje.+
23 Ke itse sentle, tlhe Jehofa, gore tsela ya motho wa mo lefatsheng ga se ya gagwe. Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.+
24 Nkgalemele, tlhe Jehofa, le fa go ntse jalo, ka katlholo;+ e seng ka bogale jwa gago,+ gore o tle o se ka wa nnyeletsa.+
25 Tshololela tšararego ya gago mo ditšhabeng+ tse di go tlhokomologileng,+ le mo malapeng a a sa bitsang leina la gago.+ Gonne ba jele Jakobe.+ Ee, ba mo jele, mme ba ntse ba mo fedisa;+ le lefelo la gagwe la bonno ba le kgakgabaditse.+