Genesise 45:1-28

45  Foo Josefa a bo a sa tlhole a kgona go itshwara fa pele ga botlhe ba ba neng ba eme fa pele ga gagwe.+ Ka jalo a goa a re: “Ntshang mongwe le mongwe fa pele ga me!” Mme go ne go se na ope yo o neng a eme le ene fa Josefa a ne a ikitsise bomorwarraagwe.+  Mme a tsholetsa lentswe a lela,+ mo e leng gore Baegepeto ba ne ba utlwa le ntlo ya ga Faro ya utlwa.  La bofelo Josefa a raya bomorwarraagwe a re: “Ke nna Josefa. A rre o sa ntse a tshela?” Mme bomorwarraagwe ba ne ba sa kgone go mo araba gotlhelele, ka gonne ba ne ba fuduegile ka ntlha ya gagwe.+  Ka jalo Josefa a raya bomorwarraagwe a re: “Nkatamelang, tsweetswee.” Foo ba mo atamela. Mme a re: “Ke nna Josefa morwarraalona, yo lo mo rekiseditseng mo Egepeto.+  Mme jaanong lo se ka lwa utlwa botlhoko+ e bile lo se ka lwa ikgalefela ka gonne lo nthekisitse fano; ka gonne Modimo o nthomile kwa pele ga lona gore ke boloke botshelo.+  Gonne ono ke ngwaga wa bobedi wa leuba mo lefatsheng,+ mme go sa ntse go na le dingwaga di le tlhano tse go tla bong go se na nako ya go lema kgotsa thobo+ ka tsone.  Ka gone Modimo o nthomile kwa pele ga lona gore ke lo beele masalela+ mo lefatsheng le go lo boloka lo tshela ka phalolo e kgolo.  Ka jalo e ne e se lona ba lo neng lwa nthomela fano,+ mme e ne e le Modimo wa boammaaruri, gore a tle a ntlhome go nna rraagwe+ Faro le morena wa ntlo yotlhe ya gagwe le yo o laolang lefatshe lotlhe la Egepeto.  “Tlhatlogelang ka bonako kwa go rre, mme lo mo reye lo re, ‘Josefa morwao o buile jaana: “Modimo o ntlhomile go nna morena wa Egepeto yotlhe.+ Fologela kwano go nna. O se ka wa diega. 10  Mme o nne mo lefatsheng la Goshene,+ o nne gaufi le nna, wena le bomorwao le bomorwa bomorwao le matsomane a gago le metlhape ya gago le sengwe le sengwe se o nang le sone. 11  Mme ke tla go tlamela ka dijo gone, gonne go sa ntse go na le dingwaga di le tlhano tsa leuba;+ e se re kgotsa wena le ntlo ya gago le sengwe le sengwe se o nang le sone lwa humanega.”’ 12  Mme bonang, matlho a lona le matlho a ga morwarre Benjamine a a bona gore ke molomo wa me o o buang le lona.+ 13  Ka jalo lo bolelele rre ka kgalalelo ya me yotlhe mo Egepeto le sengwe le sengwe se lo se boneng; mme lo itlhaganele lo tlise rre fano.” 14  Foo a wela mo molaleng wa ga Benjamine morwarraagwe mme a lela, le Benjamine a lelela mo molaleng wa gagwe.+ 15  Mme a atla bomorwarraagwe botlhe mme a lelela mo go bone,+ morago ga moo bomorwarraagwe ba bua le ene. 16  Mme ga utlwiwa dikgang kwa ntlong ya ga Faro, go twe: “Bomorwarraagwe Josefa ba tlile!” Mme ga itshupa go le molemo mo matlhong a ga Faro le a batlhanka ba gagwe.+ 17  Ka jalo Faro a raya Josefa a re: “Raya bomorwarraago o re, ‘Dirang jaana: Belesang dipelesa tsa lona mme lo tsamaye lo tsene mo lefatsheng la Kanana,+ 18  mme lo tseye rraalona le ba matlo a lona lo tle kwano go nna, gore ke tle ke lo neye molemo wa lefatshe la Egepeto; mme lo je karolo e e nonneng ya lefatshe.+ 19  Mme lona ka bolona lo laelwa+ jaana: “Dirang jaana: Itseeleng dikoloi+ mo lefatsheng la Egepeto lo di tseele bana ba lona ba ba botlana le basadi ba lona, lo pege rraalona mo go nngwe ya tsone lo tle fano.+ 20  Mme lo se ka lwa letla leitlho la lona go utlwela dilwana tsa lona botlhoko,+ ka gonne molemo wa lefatshe lotlhe la Egepeto ke wa lona.”’”+ 21  Morago ga moo bomorwa Iseraele ba dira jalo, mme Josefa a ba naya dikoloi kafa ditaolong tsa ga Faro a bo a ba naya mefago+ ya tsela. 22  A naya mongwe le mongwe wa bone seaparo se a tla emisetsang se sengwe ka sone,+ mme Benjamine ene a mo naya dipapetla tsa selefera di le makgolo a le mararo le diaparo di le tlhano tse a tla emisetsang tse dingwe ka tsone.+ 23  Mme a romelela rraagwe mo go latelang: diesele di le lesome di sikaretse rraagwe dilo tse di molemo tsa Egepeto le diesele tse di namagadi di le lesome di sikere dijo tsa ditlhaka le senkgwe le mefago ya mo tseleng. 24  Ka jalo a naya bomorwarraagwe tsela, mme ba tsamaya. Le fa go ntse jalo, a ba raya a re: “Lo se ka lwa galefelana mo tseleng.”+ 25  Mme ba simolola go tlhatloga ba tswa mo Egepeto mme kgabagare ba tsena mo lefatsheng la Kanana kwa go Jakobe rraabone. 26  Foo ba mmegela, ba re: “Josefa o sa ntse a tshela, mme ke ene yo o laolang lefatshe lotlhe la Egepeto!”+ Mme pelo ya gagwe ya kgwaralala, ka gonne o ne a sa ba dumele.+ 27  E rile ba bua le ene mafoko otlhe a ga Josefa a a neng a a buile le bone mme a bona dikoloi tse Josefa a neng a di rometse go tla go mo tsaya, moya wa ga Jakobe rraabone wa rula.+ 28  Foo Iseraele a buela kwa godimo a re: “Go lekane! Josefa morwaake o sa ntse a tshela! Ah, mma ke tsamaye ke ye go mmona pele ke swa!”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase