Genesise 42:1-38

42  Kgabagare Jakobe a bona gore go ne go na le dijo tsa dithoro kwa Egepeto.+ Foo Jakobe a raya bomorwawe a re: “Ke ka ntlha yang fa lo nnetse go lebana?”  Mme a oketsa a re: “Bonang, ke utlwile gore go na le dijo tsa dithoro kwa Egepeto.+ Yang gone mme lo re rekele, gore re tle re nne re ntse re tshela re se ka ra swa.”  Ka jalo bomorwarraagwe Josefa ba le lesome+ ba ya go reka dijo tsa ditlhaka kwa Egepeto.  Mme Jakobe ga a a ka a roma Benjamine,+ morwarraagwe Josefa, le bomorwarraagwe ba bangwe, ka gonne o ne a re: “Go seng jalo a ka nna a tlhagelwa ke kotsi e e ka mmolayang.”+  Ka jalo bomorwa Iseraele ba ne ba tla le ba bangwe ba ba neng ba tla go reka, ka gonne go ne go na le leuba mo lefatsheng la Kanana.+  Mme Josefa e ne e le monna yo o neng a na le taolo mo lefatsheng+ leo. E ne e le ene yo o neng a rekisetsa batho botlhe ba lefatshe.+ Ka gone bomorwarraagwe Josefa ba tla mme ba mo ikobela difatlhego tsa bone di lebile fa fatshe.+  E rile Josefa a bona bomorwarraagwe, a ba lemoga ka bonako, mme a dira gore a se ka a lemotshega mo go bone.+ Ka jalo o ne a bua le bone ka bogale a ba raya a re: “Lo tswa kae?” mme ba re: “Kwa lefatsheng la Kanana go tla go reka dijo.”+  Ka gone Josefa a lemoga bomorwarraagwe, mme bone ga ba a ka ba mo lemoga.  Ka bonako Josefa a gakologelwa ditoro tse a neng a di lorile ka ga bone,+ mme a tswelela go ba raya a re: “Lo ditlhola! Lo tlile go bona bosaikategang jwa lefatshe!”+ 10  Foo ba mo raya ba re: “Nnyaa, morena wa me,+ batlhanka ba gago+ ba tlile go reka dijo. 11  Rotlhe re bana ba motho a le mongwe. Re banna ba ba thokgameng. Batlhanka ba gago ga se ditlhola”+ 12  Mme a ba raya a re: “Ga go jalo! Ka gonne lo tlile go bona bosaikategang jwa lefatshe!”+ 13  Foo ba re: “Batlhanka ba gago ke bana ba motho ba le lesome le bobedi.+ Re bana ba motho a le mongwe+ fela kwa lefatsheng la Kanana; mme bona, yo mmotlana thata o na le rraarona gompieno,+ fa yo mongwe ene a sa tlhole a le gone.”+ 14  Le fa go ntse jalo, Josefa a ba raya a re: “Ke se ke se buileng le lona, ka re, ‘Lo ditlhola!’ 15  Lo tla lekwa ka seno. Jaaka Faro a tshedile, ga lo kitla lo tswa fano fa morwarraalona yo mmotlana thata a sa tle fano.+ 16  Romang mongwe wa lona gore a ye go tla le morwarraalona fa lona lo bofilwe, gore mafoko a lona a tle a lekwe gore a a boammaaruri.+ Mme fa a se boammaaruri, ruri jaaka Faro a tshedile, lo ditlhola.” 17  Foo a ba tsenya mmogo mo kgolegong malatsi a le mararo. 18  Morago ga moo Josefa a ba raya mo letsatsing la boraro a re: “Dirang jaana mme lo nne lo ntse lo tshela. Ke boifa+ Modimo wa boammaaruri. 19  Fa e le gore lo thokgame, a mongwe wa bomorwarraalona a nne a bofilwe mo ntlong ya lona ya kgolego,+ mme lona ba bangwe lotlhe tsamayang, isetsang leuba le le kwa matlong a lona dijo tsa dithoro.+ 20  Mme lo tla tlisa morwarraalona yo mmotlana thata kwa go nna, gore mafoko a lona a tle a fitlhelwe a ikanyega; mme ga lo kitla lo swa.”+ Mme ba dira jalo. 21  Mme ba simolola go raana ba re: “Kwantle ga pelaelo re molato ka ga morwarraarona,+ ka gonne re ne ra bona go tshwenyega thata ga moya wa gagwe fa a ne a re kopa bopelotlhomogi, mme ga re a ka ra reetsa. Ke gone ka moo re tletsweng ke matshwenyego ano.”+ 22  Foo Rubene a ba araba, a re: “A ga ke a ka ka lo raya ka re, ‘Lo se ka lwa leofela ngwana,’ mme ga lo a ka lwa reetsa?+ Mme jaanong madi a gagwe, bonang, ruri a a lopiwa.”+ 23  Fa e le bone, ba ne ba sa itse gore Josefa o ne a reeditse, ka gonne go ne go na le moranodi fa gare ga bone. 24  Ka gone a ba fularela mme a simolola go lela.+ Morago ga moo a boela kwa go bone a bua le bone mme a tsaya Simeone+ mo go bone a mmofa fa pele ga matlho+ a bone. 25  Morago ga moo Josefa a ntsha taolo, mme ba tlatsa dielo tsa bone ka dijo tsa ditlhaka. Gape, ba ne ba tshwanetse go busetsa madi a banna bano mo kgetsing ya mongwe le mongwe wa bone+ le go ba naya mefago ya loeto.+ Ka gone ba ne ba direlwa jalo. 26  Ka jalo ba pega dijo tsa bone tsa dithoro mo dieseleng tsa bone mme ba tsena mo tseleng ba tswa koo. 27  E rile mongwe a bula kgetsi ya gagwe gore a neye esele ya gagwe furu kwa lefelong la bonno,+ a bona madi a gagwe, mme bonang, a bo a le mo molomong wa kgetsi+ ya gagwe. 28  Foo a raya bomorwarraagwe a re: “Madi a me a busitswe mme ke a a mo kgetsing ya me!” Foo dipelo tsa bone tsa kotlomana, mo e leng gore ba ne ba lebana+ ba roroma, ba re: “Ke eng seno se Modimo a se re diretseng?”+ 29  Kgabagare ba goroga kwa go Jakobe rraabone kwa lefatsheng la Kanana mme ba mmolelela dilo tsotlhe tse di ba diragaletseng, ba re: 30  “Monna yo e leng morena wa naga o ne a bua le rona ka bogale,+ e re ka a ne a tsaya gore re banna ba ba tlholang naga.+ 31  Mme re ne ra mo raya ra re, ‘Re banna ba ba thokgameng.+ Ga re ditlhola. 32  Re bana ba motho+ ba le lesome le bobedi, bana ba ga rraarona. + Yo mongwe ga a tlhole a le gone,+ mme yo mmotlana thata o na le rraarona gompieno kwa lefatsheng la Kanana.’+ 33  Mme monna yo e leng morena wa naga a re raya a re,+ ‘Ke tlile go itse ka seno gore lo thokgame:+ A morwarraalona mongwe a sale le nna.+ Mme lona lo tseele leuba le le mo matlong a lona sengwe mme lo tsamaye.+ 34  Mme lo tlise morwarraalona yo mmotlana thata kwa go nna, gore ke tle ke itse gore ga lo ditlhola mme lo thokgame. Ke tla lo busetsa morwarraalona, mme lo ka nna lwa dira tiro mo lefatsheng.’”+ 35  Mme ga diragala gore fa ba ne ba ntsha se se mo dikgetsing tsa bone, ga bo go na le sephuthelwana sa madi sa mongwe le mongwe wa bone mo kgetsing ya gagwe. Mme bone le rraabone ba bona diphuthelwana tsa bone tsa madi, mme ba boifa. 36  Foo Jakobe rraabone a kuela kwa go bone a re: “Lo nkamogile bana!+ Josefa ga a tlhole a le gone le Simeone ga a tlhole a le gone,+ mme lo tlile go tsaya Benjamine! Dilo tseno tsotlhe di diragalela nna!” 37  Mme Rubene a raya rraagwe a re: “O ka nna wa bolaya bomorwaake ba babedi fa ke sa mmusetse kwa go wena.+ Mma a tlhokomelwe ke nna, mme ke nna yo ke tla mmusetsang kwa go wena.”+ 38  Le fa go ntse jalo, a re: “Morwaake ga a kitla a tsamaya le lona, ka gonne morwarraagwe o sule mme o setse a le esi. + Fa a ka tlhagelwa ke kotsi e e ka mmolayang mo tseleng e lo tla e tsamayang, ruri lo tla folosetsa meriri ya me e mesweu ka khutsafalo mo teng ga Sheole.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase