Genesise 22:1-24
22 Jaanong morago ga dilo tseno ga diragala gore Modimo wa boammaaruri a leke Aborahame.+ Ka jalo a mo raya a re: “Aborahame!” mme ene a re: “Ke fano!”+
2 A tswelela a re: “Tsweetswee, tsaya morwao, morwao yo o esi yo o mo ratang thata,+ e leng Isake,+ mme o tseye loeto go ya kwa lefatsheng la Moria+ mme o mo ise tshupelo e e fisiwang gone mo go nngwe ya dithaba e ke tla go e tlhaolelang.”+
3 Ka jalo Aborahame a tsoga go sa le phakela mme a belesa esele ya gagwe a ba a tsaya ba le babedi ba batlhokomedi ba gagwe le Isake morwawe;+ mme a fatsa dikgong tsa tshupelo e e fisiwang. Morago ga moo a nanoga a tsaya loeto go ya lefelong le Modimo wa boammaaruri a neng a le mo tlhaoletse.
4 E ne e le la ntlha mo letsatsing la boraro fa Aborahame a ne a tsholetsa matlho a ba a bona lefelo leo a le kgakajana.
5 Jaanong Aborahame a raya batlhokomedi+ ba gagwe a re: “Lona salang fano le esele, mme nna le mosimane re batla go ya fale go ya go obama+ re bo re boela mo go lona.”
6 Morago ga moo Aborahame a tsaya dikgong tsa tshupelo e e fisiwang a bo a di baya mo go Isake morwawe+ mme a tsaya molelo mo diatleng tsa gagwe le thipa e go tlhajwang ka yone, mme boobabedi ba tsamaya mmogo.+
7 Mme Isake a raya Aborahame rraagwe a re: “Rra!”+ Mme ene a re: “Ke fano, morwaaka!”+ Ka jalo a tswelela a re: “Molelo le dikgong ke tseno, mme nku ya tshupelo e e fisiwang e kae?”+
8 Aborahame a araba a re: “Modimo o tla ipatlela nku ya tshupelo e e fisiwang,+ morwaaka.” Mme boobabedi ba tswelela go tsamaya mmogo.
9 La bofelo ba fitlha mo lefelong le Modimo wa boammaaruri a neng a le mo tlhaoletse,+ mme Aborahame a aga sebeso mo go lone mme a baya dikgong ka thulaganyo a bo a bofa Isake morwawe mabogo le dinao a bo a mmaya mo sebesong mo godimo ga dikgong.+
10 Foo Aborahame a ntsha seatla a tsaya thipa e go tlhajwang ka yone gore a bolaye morwawe.+
11 Mme moengele wa ga Jehofa a mmitsa go tswa kwa magodimong a re:+ “Aborahame, Aborahame!” mme a araba a re: “Ke fano!”
12 Mme a tswelela a re: “O se ka wa ntshetsa mosimane seatla e bile o se ka wa mo dira sepe gotlhelele,+ gonne jaanong ruri ke a itse gore o boifa Modimo ka gore ga o a gana ka morwao yo o esi fela mo go nna.”+
13 Foo Aborahame a tsholetsa matlho a leba mme bona, kwa teng mo lefelong le le fa pele ga gagwe, go ne go na le phelefu e tshwerwe ka dinaka tsa yone mo lesuthung. Ka jalo Aborahame a ya a tsaya phelefu eno mme a e isa tshupelo e e fisiwang mo boemong jwa ga morwawe.+
14 Mme Aborahame a raya lefelo leo leina a re Jehofa-jire. Ke gone ka moo gompieno go tlwaetsweng go twe: “Mo thabeng ya ga Jehofa go tla ipatlelwa.”+
15 Mme moengele wa ga Jehofa a bitsa Aborahame lekgetlo la bobedi go tswa kwa magodimong
16 mme a re: “‘Ruri ke ikana ka nna,’ go bua Jehofa,+ ‘gore ka lebaka la gore o dirile selo seno le gore ga o a gana ka morwao, morwao yo o esi+ fela,
17 ruri ke tla go segofatsa e bile ke tla ntsifatsa losika lwa gago jaaka dinaledi tsa magodimo le jaaka moshawa o o fa losing lwa lewatle;+ mme losika lwa gago lo tla rua kgoro ya baba ba lone.+
18 Mme setšhaba sotlhe sa lefatshe se tla itshegofatsa ka losika+ lwa gago ka ntlha ya gore o reeditse lentswe la me.’”+
19 Morago ga moo Aborahame a boela kwa batlhokomeding ba gagwe, mme ba nanoga ba tsamaya mmogo go ya Beere-sheba;+ mme Aborahame a tswelela go nna kwa Beere-sheba.
20 Jaanong ga diragala morago ga dilo tseno gore pego e fitlhe kwa go Aborahame e re: “Bona, Mileka+ ka boene le ene o tsholetse Nahore+ morwarrago bana ba basimane:
21 Use leitibolo la gagwe le Buse+ monnawe le Kemuele rraagwe Arame,
22 le Kesede le Haso le Piledashe le Jidelafe le Bethuele.”+
23 Mme Bethuele a nna rraagwe Rebeka.+ Ba ba robedi bano Mileka a ba tsholela Nahore morwarraagwe Aborahame.
24 Gape go ne go na le mogadingwana wa gagwe, yo leina la gagwe e neng e le Reuma. Fa nako e ntse e tsamaya le ene ka boene a belega Teba le Gahame le Tahashe le Maaka.+