Genesise 18:1-33
18 Morago ga moo Jehofa a bonala+ kwa go ene mo gare ga ditlhare tse dikgolo tsa Mamere,+ fa a ne a ntse fa kgorong ya mogope mo e ka nnang ka mogote wa motshegare.+
2 E rile a tsholetsa matlho,+ foo a leba mme banna ba le bararo ba bo ba emetse kgakalanyana le ene. E rile a tshogana ka a ba bona, a taboga go ya go ba kgatlhantsha a tswa fa kgorong ya mogope mme a ikobela fa fatshe.+
3 Foo a re: “Jehofa, fa jaanong ke bone kamogelo mo matlhong a gago, tsweetswee o se ka wa feta motlhanka wa gago.+
4 Mma go tseweng metsi a mannye, tsweetswee, mme dinao tsa lona di tlhapisiwe.+ Morago ga moo lo nne ka go sekama kafa tlase ga setlhare.+
5 Mme mmang ke tle le thathana ya senkgwe, ke lapolose dipelo tsa lona.+ Morago ga moo, lo ka fetela pele, ka gonne ke gone ka moo lo fetileng ka tsela eno lo tla kwa motlhankeng wa lona.” Foo ba re: “Go siame. O ka nna wa dira fela jaaka o buile.”
6 Ka jalo Aborahame a itlhaganelela kwa mogopeng kwa go Sara mme a re: “Itlhaganele! Tla le dilekanyo di le tharo tsa sea tsa bupi jo bo boleta, duba tlhama mme o dire dikuku tse di kgolokwe.”+
7 Morago ga moo Aborahame a sianela kwa motlhapeng mme a tla le powana e e boruma e ntle a ba a e naya motlhokomedi, mme a itlhaganelela go ya go e baakanya.+
8 Morago ga moo a tsaya botoro le mashi le powana e a neng a e baakantse mme a e baya fa pele ga bone.+ Foo ene ka boene a nna a eme fa go bone kafa tlase ga setlhare jaaka ba ne ba ntse ba ja.+
9 Jaanong ba mo raya ba re: “Sara mosadi wa gago+ o kae?” A araba a re: “Ke yo mo mogopeng!”+
10 Ka jalo a tswelela a re: “Ruri ke tlile go boela mo go wena ngwaga o o tlang ka nako eno, mme, bona! Sara mosadi wa gago o tla nna le ngwana wa mosimane.”+ Jaanong Sara o ne a reeditse fa kgorong ya mogope, mme e ne e le kafa morago ga monna yono.
11 Mme Aborahame le Sara ba ne ba tsofetse, ba na le dingwaga di le dintsi thata.+ Sara o ne a sa tlhole a bona kgwedi.+
12 Ka gone Sara a tshegela kafa teng,+ a re: “Ke setse ke onetse jaana, a ruri ke tla ipela, le gone e bile morena wa me a tsofetse?”+
13 Foo Jehofa a raya Aborahame a re: “Ke ka ntlha yang fa Sara a ne a tshega, a re: ‘A totatota ke tla belega le mororo ke tsofetse?’+
14 A go na le sengwe se se ka palelang Jehofa?+ Ke tla boela mo go wena ka nako e e tlhomilweng, ngwaga o o tlang ka nako eno, mme Sara o tla nna le ngwana wa mosimane.”
15 Mme Sara a go latola, a re: “Ga ke a tshega!” Gonne a ne a boifa. Foo a re: “Nnyaa! o tshegile.”+
16 Moragonyana banna bano ba nanoga ba tswa koo mme ba leba kwa tlase go ela kwa Sodoma,+ mme Aborahame o ne a tsamaya le bone a ba buledisa.+
17 Mme Jehofa a re: “A ke fitlhela Aborahame se ke se dirang?+
18 Aitsane, ruri Aborahame o tlile go nna setšhaba se segolo le se se thata, mme ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla itshegofatsa ka ene.+
19 Gonne ke tlwaelane le ene gore a tle a laole bomorwawe le ba ntlo ya gagwe morago ga gagwe gore ba boloke tsela ya ga Jehofa ya go dira tshiamo le katlholo;+ gore ruri Jehofa a tle a tlisetse Aborahame se a se buileng kaga gagwe.”+
20 Ka gone Jehofa a re: “Selelo sa ngongorego kaga Sodoma le Gomora,+ ee, se kwa godimo, le boleo jwa bone, ee, bo boima thata.+
21 Ke ikemiseditse tota go ya teng gore ke tle ke bone gore a ba dira go ya fela kafa selelong se se leng kaga one se se tlileng mo go nna, mme, fa go sa nna jalo, ke tla itse.”+
22 Mo nakong eno banna bano ba fapoga koo mme ba tsena mo tseleng go ya Sodoma; mme fa e le Jehofa+ ene, o ne a sa ntse a eme fa pele ga ga Aborahame.+
23 Foo Aborahame a atamela mme a re: “A ruri o tla gogola basiami le baikepi?+
24 A re tseye gore go na le batho ba le masome a matlhano ba ba siameng mo gare ga motse. A o tla ba gogola o sa itshwarele lefelo leo ka ntlha ya ba ba masome a matlhano ba ba siameng ba ba mo teng ga one?+
25 O ka se ka wa dira ka mokgwa ono go bolaya motho yo o siameng le yo o boikepo gore go direge ka motho yo o siameng jaaka go direga ka moikepi!+ O ka se ka wa dira jalo.+ A Moatlhodi wa lefatshe lotlhe ga a tle go dira se se siameng?”+
26 Foo Jehofa a re: “Fa ke ka fitlhela mo Sodoma batho ba le masome a matlhano mo gare ga motse ke tla itshwarela lefelo lotlhe ka ntlha ya bone.”+
27 Mme Aborahame a tswelela go araba a re: “Tsweetswee, bona, ke ineile boikarabelo jwa go bua le Jehofa, le fa ke le lorole le melora+ fela.
28 A re tseye gore ba ba masome a matlhano ba ba siameng ba tlhaela ka ba batlhano. A o tla senya motse otlhe ka ntlha ya ba batlhano?” A araba a re: “Ga nkitla ke o senya fa ke fitlhela ba le masome a manè le botlhano gone.”+
29 Mme le fa go ntse jalo a boa gape a tswelela go bua le ene a re: “A re tseye gore go fitlhelwa ba le masome a manè gone.” Mme ene a re: “Ga nkitla ke dira jalo ka ntlha ya ba ba masome a manè.”
30 Mme a tswelela a re: “Tsweetswee, a Jehofa a se ka a tuka bogale,+ mme mma ke tswelele ke bue:+ A re tseye gore go fitlhelwa ba le masome a mararo gone.” Mme ene a re: “Ga nkitla ke dira jalo fa ke fitlhela ba le masome a mararo gone.”
31 Mme a tswelela: “Tsweetswee, bona, ke ineile boikarabelo jwa go bua le Jehofa:+ A re tseye gore go fitlhelwa ba le masome a mabedi gone.” Mme ene a re: “Ga nkitla ke o senya ka ntlha ya ba ba masome a mabedi.”+
32 La bofelo a re: “Tsweetswee, a Jehofa a se ka a tuka bogale,+ mme mma ke bue gangwe+ fela: A re tseye gore go fitlhelwa ba le lesome gone.” Mme ene a re: “Ga nkitla ke o senya ka ntlha ya ba ba lesome.”+
33 Foo e rile Jehofa+ a sena go bua le Aborahame a tsamaya, mme Aborahame a boela kwa lefelong la gagwe.