Esera 7:1-28

7  Mme morago ga dilo tseno mo pusong ya ga Aretaserese+ kgosi ya Peresia, Esera+ morwa Seraia+ morwa Asaria morwa Hilekia+  morwa Shalume+ morwa Sadoke morwa Ahitube+  morwa Amaria+ morwa Asaria+ morwa Meraiothe+  morwa Serahia+ morwa Usi+ morwa Buki+  morwa Abishua+ morwa Finease+ morwa Eliasare+ morwa Arone+ moperesiti yo mogolo+  yo go tweng Esera ka boene o ne a tlhatloga go tswa kwa Babelona; mme o ne a le mokwalolodi yo o setswerere+ mo molaong wa ga Moshe,+ o o neng o neilwe ke Jehofa Modimo wa Iseraele, mo e leng gore go ya ka seatla sa ga Jehofa Modimo wa gagwe se se neng se le mo go ene, kgosi e ne ya mo naya gotlhe mo a neng a go lopa.+  Ka gone bangwe ba bomorwa Iseraele le ba baperesiti+ le Balefi+ le baopedi+ le balebedi ba dikgoro+ le Banethinime+ ba tlhatlogela kwa Jerusalema mo ngwageng wa bosupa wa ga kgosi Aretaserese.+  Kgabagare a goroga mo Jerusalema mo kgweding ya botlhano, ke go re, mo ngwageng wa bosupa wa kgosi.  Gonne mo letsatsing la ntlha la kgwedi ya ntlha ene ka boene o ne a dira gore go duwe kwa Babelona, mme mo letsatsing la ntlha la kgwedi ya botlhano a goroga mo Jerusalema, go ya ka seatla se se molemo sa Modimo wa gagwe se se neng se le mo go ene.+ 10  Gonne Esera ka boene o ne a etleeditse+ pelo ya gagwe go lopa kgakololo mo molaong wa ga Jehofa+ le go o dira+ le go ruta+ molao+ le tshiamiso+ mo Iseraele. 11  Mme seno ke sekaelo sa lekwalo le Kgosi Aretaserese a neng a le naya moperesiti Esera e leng mokwalolodi,+ mokwalolodi wa mafoko a ditaelo tsa ga Jehofa le wa melao ya gagwe go Iseraele: 12  “Aretaserese,+ kgosi ya dikgosi,+ go Esera moperesiti, mokwalolodi wa molao wa Modimo wa magodimo:+ A kagiso e nne e e feletseng.+ Mme jaanong 13  ke ntshitse taelo+ gore mongwe le mongwe mo bogosing jwa me+ wa batho ba Iseraele le baperesiti ba bone le Balefi yo o ratang go ya Jerusalema le wena a ye.+ 14  E re ka go ne ga romelwa taelo e tswa fa pele ga kgosi le bagakolodi ba yone ba le supa+ go tlhotlhomisa+ kaga Juda le Jerusalema mo molaong+ wa Modimo wa gago+ o o mo seatleng sa gago, 15  le go tlisa selefera le gouta tse kgosi le bagakolodi ba yone ba di neileng Modimo wa Iseraele ka go rata,+ yo boago jwa gagwe bo leng kwa Jerusalema,+ 16  ka selefera yotlhe le gouta tse o di bonang mo kgaolong yotlhe e e laolang ya Babelona mmogo le mpho ya batho+ le baperesiti ba ba ntshetsang ntlo ya Modimo wa bone ka go rata,+ e e kwa Jerusalema; 17  ka madi ano, o tla reka ka potlako dipoo,+ diphelefu,+ dikwanyana+ le ditshupelo tsa tsone tsa dijo tsa ditlhaka+ le ditshupelo tsa tsone tsa senō+ mme o tla di isa mo sebesong sa ntlo ya Modimo wa lona,+ e e kwa Jerusalema.+ 18  “Mme le fa e le eng se go bonalang se le molemo mo go wena le mo go bomorwarrago go se dira ka selefera e nngwe yotlhe le gouta, lo tla se dira,+ go ya ka thato+ ya Modimo wa lona.+ 19  Mme dijana+ tse o di newang tsa tirelo ya ntlo ya Modimo wa gago di ise di feletse fa pele ga Modimo kwa Jerusalema.+ 20  Mme dilo tse dingwe tsotlhe tse di tlhokegang tsa ntlo ya Modimo wa gago tse e leng boikarabelo jwa gago go di ntsha, o tla di ntsha go tswa mo ntlong ya matlotlo ya kgosi.+ 21  “Mme taelo+ e rometswe ke nna ka bonna, kgosi Aretaserese, kwa babolokamatlotlong botlhe+ ba ba ka kwa ga Noka,+ gore sengwe le sengwe se moperesiti Esera,+ mokwalolodi wa molao wa Modimo wa magodimo a se lopang mo go lona, se tla dirwa ka potlako, 22  le eleng go fitlha go ditalenta+ di le lekgolo tsa selefera le dilekanyo tsa koro+ di le lekgolo tsa korong le dilekanyo tsa bata+ di le lekgolo tsa beine+ le dilekanyo tsa bata di le lekgolo tsa leokwane,+ le letswai+ le le se nang tekanyetso. 23  A gotlhe mo go leng ka taelo+ ya Modimo wa magodimo go direlwe ntlo ya Modimo wa magodimo+ ka tlhoafalo,+ gore go tle go se ka ga nna le tšhakgalo epe kgatlhanong le bogosi jwa kgosi le bomorwa yone.+ 24  Mme lona banna lo itsisiwe gore, ka ga ope fela wa baperesiti+ le Balefi,+ baopedi,+ balebedi ba dikgoro,+ Banethinime,+ le badiri ba mo ntlong eno ya Modimo, ga go letlwe gore go kopiwe lekgetho, sehuba+ kgotsa lekgetho+ la tsela mo go bone. 25  “Mme wena, Esera, go ya ka botlhale+ jwa Modimo wa gago jo bo mo seatleng sa gago, tlhoma bomagiseterata le baatlhodi gore ka metlha ba tle ba atlhole+ batho botlhe ba ba leng ka kwa ga Noka, le botlhe ba ba itseng melao ya Modimo wa gago; mme ope fela yo o iseng a e itse, lo tla mo ruta.+ 26  Mme fa e le ope fela yo o sa direng molao wa Modimo+ wa gago le molao wa kgosi, a katlholo e diragadiwe ka bonako mo go ene, e ka ne e le ya loso+ kgotsa ya go lelekwa mo nageng,+ kgotsa ya go lefisiwa madi+ kgotsa ya go latlhelwa mo kgolegelong.” 27  A go bakwe Jehofa Modimo wa borraaronamogologolwane,+ yo o tsentseng selo se se ntseng jalo mo pelong+ ya kgosi, gore e ntlafatse+ ntlo ya ga Jehofa, e e kwa Jerusalema! 28  Mme o mpontshitse bopelonomi jwa lorato+ fa pele ga kgosi le bagakolodi ba yone+ le dikgosana tsotlhe tse di thata tsa kgosi. Mme nna, ke ne ka inonotsha ka seatla+ sa ga Jehofa Modimo wa me se se mo go nna, mme ka phutha ba ba kwa tlhogong mo Iseraele gore ba tlhatloge le nna.

Dintlha Tse di Kwa Tlase