Esekiele 46:1-24

46  “Morena Molaodimogolo Jehofa o buile jaana, ‘Fa e le kgoro ya lolwapa lo lo kwa teng e e lebileng kwa botlhaba,+ e nne e tswetswe+ malatsi a le marataro a tiro,+ mme e bulwe ka letsatsi la sabata, le mo letsatsing la ngwedi yo mosha e bulwe.+  Mme kgosana e tsene ka tsela ya mathudi a kgoro,+ go tswa kwa ntle, e eme fa mophakwaneng wa kgoro;+ mme baperesiti ba ise tshupelo ya yone e e fisiwang e feletse le ditlhabelo tsa yone tsa kabalano, mme e ikobe mo serepoding sa kgoro,+ mme e tswe, kgoro yone e se ka ya tswalwa go fitlha maitseboa.  Mme batho ba lefatshe ba ikobe fa botsenong jwa kgoro eo ka bosabata le ka nako ya bongwedi ba basha, fa pele ga ga Jehofa.+  “‘Mme tshupelo e e fisiwang e feletse e kgosana e tla e isetsang Jehofa ka letsatsi la sabata e nne dikwanyana tse ditonanyana tse di itekanetseng sentle di le thataro le phelefu e e itekanetseng sentle;+  mme tshupelo ya dijo tsa ditlhaka e nne ifa e e leng ya phelefu,+ mme dikwanyana tse ditonanyana a di ntshetse tshupelo ya dijo tsa ditlhaka kafa a kgonang ka teng,+ mme fa e le leokwane, a ntshetse ifa hine.+  Mme mo letsatsing la ngwedi o mosha+ go nne le powana, e tonanyana ya motlhape, e e itekanetseng sentle, le dikwanyana tse ditonanyana di le thataro le phelefu; e nne tse di itekanetseng sentle.+  Mme a ise ifa ya powana le ifa ya phelefu e le tshupelo ya dijo tsa ditlhaka, le ya dikwanyana tse ditonanyana go ya ka se a kgonang go se ntsha; mme fa e le leokwane, a ntshetse ifa hine.+  “‘Mme fa kgosana+ e tsena, e tsene ka tsela ya mathudi a kgoro, e bo e tswe ka yone.+  Mme fa batho ba lefatshe ba tla fa pele ga ga Jehofa ka dipaka tsa meletlo,+ yo o tsenang ka tsela ya kgoro ya bokone+ a tla go ikoba a tswe ka tsela ya kgoro ya borwa;+ mme yo o tsenang ka tsela ya kgoro ya borwa a tswe ka tsela ya kgoro ya bokone. Ope a se ka a boa ka tsela ya kgoro e a tseneng ka yone, gonne o tshwanetse a tswa a tlhamalaletse kwa pele. 10  Mme fa e le kgosana e e mo gare ga bone, fa ba tsena, e tsene; fa ba tswa, e tswe.+ 11  Mme mo meletlong+ le mo dipakeng tsa meletlo tshupelo ya dijo tsa ditlhaka e nne ifa ya powana le ifa ya phelefu, mme dikwanyana tse ditonanyana a di ntshetse kafa a kgonang go ntsha ka gone; mme fa e le leokwane lone, a ntshetse ifa+ hine. 12  “‘Mme fa kgosana e ntsha tshupelo e e fisiwang e feletse+ e le tshupelo e e ntshiwang ka go rata, kgotsa ditlhabelo tsa kabalano e le tshupelo e e ntshediwang Jehofa ka go rata, mongwe a mmulele kgoro e e lebileng kwa botlhaba,+ mme e ntshe tshupelo ya yone e e fisiwang e feletse le ditlhabelo tsa yone tsa kabalano fela jaaka e dira ka letsatsi la sabata.+ Foo e tswe, mme mongwe a tswale kgoro fa e se na go tswa.+ 13  “‘Mme o ntshetse Jehofa kwanyana e tonanyana e e itekanetseng sentle letsatsi le letsatsi,+ e e mo ngwageng wa yone wa ntlha, e le tshupelo e e fisiwang e feletse. O e ntshe moso le moso. 14  Mme o e ntshe moso le moso mmogo le karolo ya borataro ya ifa e le tshupelo ya dijo tsa ditlhaka, mme fa e le leokwane lone, o ntshe karolo ya boraro ya hine gore o kgatšhe bupi jo bo boleta.+ Tshupelo ya dijo tsa ditlhaka e e yang kwa go Jehofa ke molao o o nnang ka bosakhutleng, ka metlha. 15  Mme ba ntshe kwanyana e tonanyana le tshupelo ya dijo tsa ditlhaka le leokwane moso le moso e le tshupelo e e fisiwang e feletse ya ka metlha.’ 16  “Morena Molaodimogolo Jehofa o buile jaana, ‘Fa kgosana e ka naya mongwe le mongwe wa bomorwaayone mpho e le boswa jwa gagwe, yone ka boyone e tla nna thoto ya bomorwaayone. Ke thuo ya bone ka boswa. 17  Mme fa e ka naya mongwe wa batlhanka ba yone mpho go tswa mo bosweng jwa yone, e tla nna ya gagwe go fitlha ka ngwaga wa kgololego;+ mme e tla boela kwa kgosaneng. Ke boswa jwa yone fela—ka ga bomorwaayone—jo bo tla tswelelang e le jwa bone. 18  Mme kgosana e se ka ya tsaya boswa bope jwa batho gore e ba pateletse go tswa mo thuong ya bone.+ E neye bomorwaayone boswa go tswa mo thuong ya yone, gore batho ba me ba se ka ba gasama mongwe le mongwe go tswa mo thuong ya gagwe.’”+ 19  Mme a ntlisa ka tsela ya botseno+ e e neng e le kafa thoko ga kgoro a nkisa kwa diphaposing tsa bojelo tse di boitshepo, tsa baperesiti, tse di neng di lebile kwa bokone,+ mme bona! go ne go na le lefelo foo mo matlhakoreng oomabedi a a ka kwa morago go ela kafa bophirima. 20  Mme a nthaya a re: “Leno ke lefelo le baperesiti ba tla bedisetsang tshupelo ya molato+ le tshupelo ya boleo+ mo go lone, le fa ba tla besetsang tshupelo ya dijo tsa ditlhaka+ teng, gore ba se ka ba tshola sepe ba se isa kwa ntle kwa lolwapeng lo lo kafa ntle gore ba itshepise batho.”+ 21  Mme a nketshetsa kwa ntle kwa lolwapeng lo lo kafa ntle a mphetisetsa kwa dikoteng tse nnè tsa lolwapa, mme bona! go ne go na le lolwapa fa koteng eno ya lolwapa, le lolwapa fa koteng ele ya lolwapa. 22  Fa dikoteng tse nnè tsa lolwapa go ne go na le malwapana, a le boleele jwa dikubita di le masome a manè le boatlhamo jwa di le masome a mararo. Ka bonè jwa one a na le dikago tse di mo sekhutlong a ne a na le selekanyo se se lekanang. 23  Mme go ne go na le mola go a dikologa, go a dikologa ka bonè jwa one, mme go ne go dirilwe mafelo a go bedisetsa+ kafa tlase ga mela eno go a dikologa. 24  Foo a nthaya a re: “Ano ke matlo a ba ba bedisang, kwa badiredi ba Ntlo ba bedisang setlhabelo sa batho teng.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase