Duteronome 27:1-26
27 Mme Moshe mmogo le banna ba bagolwane ba Iseraele ba tswelela go laela batho, ba re: “Go bolokwe taelo nngwe le nngwe e ke lo e laelang gompieno.+
2 Mme go tla diragala gore mo letsatsing le lo kgabaganyang Joredane+ ka lone lo tsena mo lefatsheng le Jehofa Modimo wa gago a le go nayang, o itlhomele maje a magolo o bo o a tshasa kalaka.
3 Mme o kwale mafoko otlhe a molao+ ono mo go one fa o kgabagantse, gore o tsene mo lefatsheng le Jehofa Modimo wa gago a le go nayang, lefatshe le le elang mashi le tswina ya dinotshe, go ya ka se Jehofa Modimo wa borragomogologolwane a se buileng le wena.+
4 Mme go tla diragala gore fa lo kgabagantse Joredane, lo tlhome maje ano, fela jaaka ke lo laela gompieno, mo Thabeng ya Ebale,+ mme o a tshase kalaka.+
5 Gape o agele Jehofa Modimo wa gago sebeso gone, sebeso sa maje. O se ka wa dirisa sedirisiwa sa tshipi mo go one.+
6 O age sebeso sa ga Jehofa Modimo wa gago ka maje a a feletseng, o bo o isetsa Jehofa Modimo wa gago ditshupelo tse di fisiwang mo go sone.+
7 O ntshe ditlhabelo tsa kabalano+ o bo o di jela gone moo,+ mme o ipele fa pele ga ga Jehofa Modimo+ wa gago.
8 O kwale mafoko otlhe a molao+ ono mo majeng ao, o a dira gore a bonale sentle.”+
9 Foo Moshe le baperesiti, e bong Balefi, ba bua le Iseraele yotlhe, ba re: “Didimala mme o reetse, wena Iseraele. Mo letsatsing leno o fetogile setšhaba sa ga Jehofa Modimo+ wa gago.
10 Mme o reetse lentswe la ga Jehofa Modimo wa gago o bo o diragatse ditaelo+ tsa gagwe le melao ya gagwe,+ e ke e go laelang gompieno.”
11 Mme Moshe a tswelela a laela batho mo letsatsing leo, a re:
12 “Ba ba latelang ke ba ba tla emang gore ba segofatse batho mo Thabeng ya Gerisime+ fa lo kgabagantse Joredane: Simeone le Lefi le Juda le Isakare le Josefa le Benjamine.
13 Mme ba ba latelang ke ba ba tla emang gore ba hutse+ mo Thabeng ya Ebale: Rubene, Gada le Ashera le Sebulone, Dana le Nafetali.
14 Mme Balefi ba arabe ba bue ka lentswe le le kwa godimo le motho mongwe le mongwe wa Iseraele+ ba re:
15 “‘Go hutsegile motho yo o dirang setshwantsho se se setilweng+ kgotsa setshwantsho se se thetsweng,+ selo se se makgapha mo go Jehofa,+ tiro ya diatla tsa motho yo o dirang ka logong le tshipi,+ yo o se beileng mo lefelong le le fitlhegileng.’ (Mme batho botlhe ba arabe ba re, ‘Amen!’)+
16 “‘Go hutsegile yo o tshwarang rraagwe kgotsa mmaagwe ka lenyatso.’+ (Mme batho botlhe ba re, ‘Amen!’)
17 “‘Go hutsegile yo o busetsang letshwao la molelwane wa mongwe ka ene kwa morago.’+ (Mme batho botlhe ba re, ‘Amen!’)
18 “‘Go hutsegile yo o dirang gore sefofu se timele mo tseleng.’+ (Mme batho botlhe ba re, ‘Amen!’)
19 “‘Go hutsegile yo o sokamisang+ katlholo+ ya moagi wa moeng,+ mosimane yo o se nang rre le motlholagadi.’+ (Mme batho botlhe ba re, ‘Amen!’)
20 “‘Go hutsegile yo o lalang le mosadi wa ga rraagwe, ka gonne o bipolotse ntlha ya seaparo sa ga rraagwe.’+ (Mme batho botlhe ba re, ‘Amen!’)
21 “‘Go hutsegile yo o lalang le phologolo epe fela.’+ (Mme batho botlhe ba re, ‘Amen!’)
22 “‘Go hutsegile yo o lalang le kgaitsadie, morwadia rraagwe kgotsa morwadia mmaagwe.’+ (Mme batho botlhe ba re, ‘Amen!’)
23 “‘Go hutsegile yo o lalang le mogogwadiagwe wa mosadi.’+ (Mme batho botlhe ba re, ‘Amen!’)
24 “‘Go hutsegile yo o itayang mongwe ka ene a le mo lefelong la go iphitlha gore a bo a swe.’+ (Mme batho botlhe ba re, ‘Amen!’)
25 “‘Go hutsegile yo o amogelang pipamolomo gore a iteye moya gore o bo o swe, e le madi a a se nang molato.’+ (Mme batho botlhe ba re, ‘Amen!’)
26 “‘Go hutsegile yo o se kitlang a utlwa mafoko a molao ono ka go a diragatsa.’+ (Mme batho botlhe ba re, ‘Amen!’)