Duteronome 24:1-22

24  “Fa go direga gore monna a tseye mosadi a ba a mo dira thuo ya gagwe jaaka mosadi, go tla diragala gore fa mosadi a sa bone kamogelo mo matlhong a gagwe ka go bo monna a fitlhetse sengwe se se seng sentle mo go ene,+ a monna a mo kwalele lekwalo la tlhalo+ a le tsenye mo seatleng sa gagwe a ba a mo tsamaisa a mo ntsha mo ntlong+ ya gagwe.  Mme a tswe mo ntlong ya gagwe a tsamaye mme a nne wa monna yo mongwe.+  Fa monna wa bobedi a simolotse go mo tlhoa e bile a mo kwaletse lekwalo la tlhalo a le tsentse mo seatleng sa gagwe mme a mo tsamaisitse a mo ntshitse mo ntlong ya gagwe, kgotsa fa go direga gore monna wa bobedi yo a mo tsereng go nna mosadi wa gagwe a swe,  mong wa gagwe wa ntlha yo o neng a mo tsamaisa ga a kitla a letlelelwa go mo tsaya gape gore a nne mosadi wa gagwe morago ga a sena go leswafadiwa;+ gonne seo ke selo se se makgapha fa pele ga ga Jehofa, mme o se ka wa tsenya lefatshe le Jehofa Modimo wa gago a le go nayang go nna boswa mo boleong.  “Fa go direga gore monna a tseye mosadi yo mosha,+ a se ka a ya sesoleng, le fa e le go patelediwa sepe fela. A nne a rebotswe ngwaga o le mongwe kwa ntlong ya gagwe, mme a itumedise mosadi+ wa gagwe yo a mo tsereng.  “Ope a se ka a tsaya lelwala kgotsa tshilo ya lone e le sebeelo,+ ka gonne o tsaya moya e le sebeelo.  “Fa go direga gore motho mongwe a fitlhelwe a utswa+ moya wa bomorwarraagwe ba bomorwa Iseraele, mme a mo tshwere ka go mo patika e bile a mo rekisitse,+ motho yo o utswang batho yoo le ene a a swe. Mme o tlose se se bosula mo gare ga gago.+  “Itise mo sebetsong sa lepero+ o tlhokomele go dira kafa go sotlhe se baperesiti, ebong Balefi, ba tla lo layang ka gone.+ Lo nne kelotlhoko+ go dira fela jaaka ke ba laetse.  Go gakologelwe se Jehofa Modimo wa gago a neng a se dira Miriame mo tseleng fa lo ne lo tswa kwa Egepeto.+ 10  “Fa go direga gore o adime mongwe ka wena kadimo ya mofuta ope fela,+ o se ka wa tsena mo ntlong ya gagwe o tla go tsaya se a se dirileng sebeelo.+ 11  O eme kwa ntle, mme motho yo o mo adimang a ntshetse sebeelo kwa ntle kwa go wena. 12  Mme fa motho yono a le mo mathateng, o se ka wa ya go robala ka sebeelo+ sa gagwe. 13  O busetse sebeelo kwa go ene fela fa letsatsi le phirima,+ mme a ye go robala ka seaparo+ sa gagwe, mme a go segofatse;+ mme go tla bolela tshiamo mo go wena fa pele ga ga Jehofa Modimo+ wa gago. 14  “O se ka wa tsietsa modiri yo o thapilweng yo o mo mathateng e bile a humanegile, e ka ne e le wa bomorwarrago kgotsa wa baagi ba gago ba baeng ba ba mo lefatsheng la gaeno, mo teng ga dikgoro+ tsa gago. 15  O mo neye tuelo+ ya gagwe mo letsatsing la gagwe, mme letsatsi le se ka la e phirimelela, ka gonne o mo mathateng e bile o tsholeletsa moya wa gagwe kwa tuelong ya gagwe; gore a se ka a lelela kwa go Jehofa ka ga gago,+ mme ya nna boleo mo go wena.+ 16  “Borre ba se ka ba bolawa ka ntlha ya bana, le bana ba se ka ba bolawa ka ntlha ya borre.+ Mongwe le mongwe a bolaelwe boleo jwa gagwe.+ 17  “O se ka wa sokamisa katlholo ya moagi wa moeng+ kgotsa ya mosimane yo o se nang rre,+ e bile o se ka wa tsaya seaparo sa motlholagadi e le sebeelo.+ 18  Mme o gakologelwe gore o ne wa nna motlhanka kwa Egepeto, mme Jehofa Modimo wa gago a go golola gone.+ Ke gone ka moo ke go laelang gore o dire selo seno. 19  “Fa go direga gore o robe thobo ya gago mo tshimong ya gago,+ mme o lebetse ngata kwa tshimong, o se ka wa boa wa ya go e tsaya. E salele moagi wa moeng, mosimane yo o se nang rre le motlholagadi;+ gore Jehofa Modimo wa gago a go segofatse mo tirong nngwe le nngwe ya seatla sa gago.+ 20  “Fa go direga gore o phothe setlhare sa gago sa motlhware, o se ka wa boa wa ya go photha dikala tsa sone tse dikgolo. Di salele moagi wa moeng, mosimane yo o se nang rre le motlholagadi.+ 21  “Fa go direga gore o fule morara wa tshimo ya gago ya mofine, o se ka wa boa wa ya go fula mo go setseng. Go salele moagi wa moeng, mosimane yo o se nang rre le motlholagadi. 22  Mme o gakologelwe gore o ne wa nna motlhanka kwa lefatsheng la Egepeto.+ Ke gone ka moo ke go laelang go dira selo seno.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase