Duteronome 11:1-32

11  “Mme o rate Jehofa Modimo wa gago+ o bo o boloke boikarabelo jwa gago mo go ene le melao ya gagwe le ditshwetso tsa gagwe tsa boatlhodi+ le ditaelo tsa gagwe ka metlha. 2  Mme lo itse sentle gompieno (gonne ga ke bue le bomorwaalona ba ba neng ba se ka ba itse le ba ba sa bonang kotlhao ya ga Jehofa Modimo wa lona,+ bogolo jwa gagwe,+ seatla sa gagwe se se nonofileng+ le lebogo la gagwe le le otlologileng,+ 3  le fa e le ditshupo tsa gagwe le ditiro tsa gagwe tse a neng a di dira Faro kgosi ya Egepeto+ le lefatshe lotlhe la gagwe mo gare ga Egepeto; 4  le fa e le se a neng a se dira mephato ya sesole ya Egepeto, dipitse tsa gagwe le dikara tsa gagwe tsa ntwa tse a neng a dira gore di penologelwe ke metsi a Lewatle le Lehibidu fa di ne di ba leleka,+ mme Jehofa o ne a ba senya go tla go fitlha mo letsatsing leno;+ 5  le fa e le se a se lo dirileng mo nageng go fitlha lo tla mo lefelong leno; 6  le fa e le se a neng a se dira Dathane le Abirame+ bomorwa Eliabe morwa Rubene, fa lefatshe le ne le bula molomo wa lone le ba kometsa le ba matlo a bone le megope ya bone le sengwe le sengwe se se tshelang se se neng se ba setse morago mo gare ga Iseraele+ yotlhe); 7  gonne matlho a lona ke one a neng a bona ditiro tsotlhe tse dikgolo tsa ga Jehofa tse a di dirileng.+ 8  “Mme lo boloke taelo yotlhe+ e ke e go laolelang gompieno, gore lo nonofe le gore ruri lo tsene lo rue lefatshe le lo kgabaganyetsang kwa go lone go ya go le rua,+ 9  le gore lo lelefatse malatsi a lona+ mo lefatsheng le Jehofa a neng a ikanela borraalonamogologolwane gore o tla le naya bone le losika lwa bone,+ lefatshe le le elang mashi le tswina ya dinotshe.+ 10  “Gonne lefatshe le lo yang kwa go lone go ya go le rua ga le tshwane le lefatshe la Egepeto le lo duleng kwa go lone, kwa o neng o tle o jale peo ya gago gone o bo o tshwanelwa ke go nosetsa ka lonao lwa gago, jaaka tshingwana ya merogo. 11  Mme lefatshe le lo kgabaganyetsang kwa go lone go ya go le rua ke lefatshe le le nang le dithaba le mabala a mekgatšha.+ Le nwa metsi a pula ya magodimo; 12  lefatshe le Jehofa Modimo wa gago a le tlhokomelang. Matlho+ a ga Jehofa Modimo wa gago a mo go lone ka metlha, go tloga kwa tshimologong ya ngwaga go fitlha bokhutlong jwa ngwaga. 13  “Mme go tla diragala gore fa ruri lo utlwa ditaelo+ tsa me tse ke di lo laolelang gompieno gore lo rate Jehofa Modimo wa lona le go mo direla ka pelo yotlhe ya lona le ka moya otlhe+ wa lona, 14  le nna ke tla naya lefatshe la lona pula ka nako ya yone e e tlhomilweng,+ pula ya letlhafula le kgogolamoko,+ mme lo tla phutha dijo tsa lona tsa ditlhaka le beine ya lona e e monate le leokwane la lona. 15  Mme ke tla tsenya dimela mo nageng ya gago gore e nne tsa diruiwa+ tsa gago, mme o tla ja o bo o kgora.+ 16  Itiseng gore pelo ya lona e se ka ya hepisiwa,+ mme lo bo lo fapoga lo obamela medimo e mengwe lo e ikobela,+ 17  mme bogale jwa ga Jehofa jwa lo tukela, a bo a tswala magodimo gore go se ka ga nna le pula epe+ le gore mmu o se ka wa ntsha maungo a one mme lwa nyelela ka bofefo mo lefatsheng le le molemo le Jehofa a le lo nayang.+ 18  “Lo tlhome mafoko ano a me mo pelong+ ya lona le mo moyeng wa lona lo bo lo a bofelele jaaka sesupo mo seatleng sa lona, mme a nne moitlamo wa phatla fa gare ga matlho a lona.+ 19  Gape lo a rute bomorwaalona, gore o bue ka one fa o ntse mo ntlong ya gago le fa o tsamaya mo tseleng le fa o rapama le fa o tsoga.+ 20  O a kwale mo mephakwaneng ya ntlo ya gago le mo dikgorong+ tsa gago, 21  gore malatsi a lona le malatsi a bomorwaalona a nne mantsi+ mo lefatsheng le Jehofa a neng a le ikanela borraalonamogologolwane gore o tla le ba naya,+ jaaka malatsi a magodimo a a okameng lefatshe.+ 22  “Gonne fa lo boloka taelo eno yotlhe+ ka kelotlhoko e ke e lo laolelang gore lo e dire, go rata Jehofa Modimo wa lona,+ go tsamaya mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe+ le go mo ngaparela,+ 23  Jehofa le ene o tla leleka ditšhaba tseno tsotlhe ka ntlha ya lona,+ mme ruri lo tla gapela ditšhaba tse dikgolo tse di nang le batho ba bantsi go lo feta+ thuo. 24  Lefelo lengwe le lengwe le pato ya lonao lwa lona e tla gatang mo go lone e tla nna la lona. Molelwane wa lona o tla simolola kwa nageng go fitlha kwa Lebanona, go simolola kwa Nokeng, noka ya Euferatese, go fitlha kwa lewatleng le le kwa bophirima.+ 25  Ga go na motho ope yo o tla emang a nitame kgatlhanong le lona.+ Jehofa Modimo wa lona o tla baya go tshajwa ga lona le go boifiwa ga lona fa pele ga sefatlhego sa lefatshe lotlhe+ le lo tla le gatang, fela jaaka a lo solofeditse. 26  “Bonang, gompieno ke baya fa pele ga lona tshegofatso le phutso:+ 27  tshegofatso, fa e le gore lo tla utlwa ditaelo tsa ga Jehofa Modimo+ wa lona tse ke di lo laelang gompieno; 28  le phutso,+ fa e le gore ga lo kitla lo utlwa ditaelo tsa ga Jehofa Modimo+ wa lona mme lo fapoga mo tseleng e ke e lo laelang gompieno, lo sala medimo e lo sa e itseng morago. 29  “Mme go tla diragala gore fa Jehofa Modimo wa gago a go tsenya mo lefatsheng le o yang kwa go lone go ya go le rua,+ o segofatse Thaba ya Gerisime+ mme o hutse Thaba ya Ebale.+ 30  A ga di kafa letlhakoreng la Joredane go ya ntlheng ya bophirimatsatsi, mo lefatsheng la Bakanana ba ba nnang kwa Areba,+ fa pele ga Gilegala,+ fa thoko ga ditlhare tse dikgolo tsa More?+ 31  Gonne lo kgabaganya Joredane go tsena lo ya go rua lefatshe le Jehofa Modimo wa lona a le lo nayang, mme lo le rue lo bo lo nne mo go lone.+ 32  Mme lo nne kelotlhoko go diragatsa melao yotlhe le ditshwetso tsotlhe tsa boatlhodi+ tse ke di bayang fa pele ga lona gompieno.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase