Pesalema 9:1-20

Go mokaedi wa Mutha-labene. Pina ya ga Dafide. א [ʼAʹleph] 9  Ke tla go baka, wena Jehofa, ka pelo+ ya me yotlhe;Ke tla bolela ditiro tsa gago tsotlhe tse di gakgamatsang.+   Ke tla ipela le go itumela mo go wena,+Ke tla opelela leina la gago pina, wena Mogodimodimo.+ ב [Behth]   Fa baba ba me ba boela morago,+Ba tla kgotšwa ba bo ba nyelela fa pele ga gago.+   Gonne o diragaditse katlholo ya me le kgang ya me;+O ntse mo setulong sa bogosi o atlhola ka tshiamo.+ ג [Giʹmel]   O kgalemetse ditšhaba,+ o sentse moikepi.+O phimotse leina la bone ka bosakhutleng, le eleng ka bosaengkae.+   Wena mmaba, kgakgabalo ya gago e fedile ka bosakhutleng,+Le metse e o e kumotseng.+Ruri go umakiwa ga bone go tla nyelela.+ ה [Heʼ]   Fa e le Jehofa, o tla nna ka bosakhutleng,+A tlhomamisa setulo sa gagwe sa bogosi ka thata gore a atlhole.+   Mme ene ka boene o tla atlhola naga e e ungwang ka tshiamo;+O tla sekisa ditlhopha tsa ditšhaba ka thokgamo.+ ו [Waw]   Jehofa o tla nna bogodimo jo bo sireletsegileng mo go ope yo o gateletsweng,+Bogodimo jo bo sireletsegileng mo metlheng ya matshwenyego.+ 10  Ba ba itseng leina la gago ba tla go ikanya,+Gonne ruri ga o na go tlogela ba ba go batlang, wena Jehofa.+ ז [Zaʹyin] 11  Leletsang Jehofa, yo o nnang mo Siona,+ pina;Bolelang ditiro+ tsa gagwe mo ditšhabeng. 12  Gonne, fa a batla tshololo ya madi,+ ruri o tla gakologelwa bone bao;+Ruri a ka se lebale selelo sa ba ba bogisiwang.+ ח [Chehth] 13  Nkutlwele botlhoko, wena Jehofa; bona kafa ba ba ntlhoileng+ ba mpogisang ka teng,Wena yo o ntsholetsang go tswa mo dikgorong tsa loso,+ 14  Gore ke tle ke bolele ditiro tsa gago tsotlhe tse di tshwanelwang ke pako+Mo dikgorong+ tsa ga morwadia Siona,+Gore ke tle ke ipele mo polokong+ ya gago. ט [Tehth] 15  Ditšhaba di nwetse kwa tlase mo kgatamping e di e dirileng;+Lonao lwa bone lo tshwerwe+ mo letloweng+ le ba le fitlhileng. 16  Jehofa o itsiwe ka katlholo e a e diragaditseng.+Moikepi o tshwerwe+ ke tiro ya diatla tsa gagwe jaaka e kete ke seru.Higaione. Seʹlah. י [Yohdh] 17  Baikepi+ ba tla boela kwa Sheole,+Le ditšhaba tsotlhe tse di lebalang Modimo.+ 18  Gonne mohumanegi ga a na go lebalelwa+ ruri,Le fa e le tsholofelo ya ba ba pelonolo ga e na go nyelela.+ כ [Kaph] 19  Nanoga, tlhe Jehofa! Se letle motho yo o nang le go swa gore a itshupe a nonofile thata.+A ditšhaba di atlholwe fa pele ga sefatlhego sa gago.+ 20  Ba tsenye poifo, wena Jehofa,+Gore ditšhaba di tle di itse gore ke batho fela ba ba nang le go swa.+ Seʹlah. ל [Laʹmedh]

Dintlha Tse di Kwa Tlase