Pesalema 84:1-12
Ya mokaedi wa Gitithe.+ Ya bomorwa Kora. Pina.
84 A bo motlaagana wa gago o mogolo+ o le montle jang ne,Wena Jehofa wa masomosomo!+
2 Moya wa me o tlhologeletswe malwapa a ga Jehofa e bile o lapile.+Pelo ya me le nama ya me di goela ka boipelo kwa Modimong yo o tshelang.+
3 Le nonyane tota e bone ntlo,Le peolwane e iponetse sentlhaga,Kwa e beileng bana ba yone gone—Sebeso sa gago se segolo, wena Jehofa wa masomosomo, Kgosi ya me le Modimo wa me!
4 Go itumela ba ba nnang mo ntlong ya gago!+Ba sa ntse ba tswelela ba go baka.+ Seʹlah.
5 Go itumela batho ba nonofo ya bone e leng mo go wena,+Ba ditsela tse dikgolo di leng mo pelong ya bone.+
6 Fa ba feta go ralala lebala le le kwa tlase la ditlhatshana tsa bakha,+Ba le fetola motswedi;Motlhatlheledi+ o ipipa le ka ditshegofatso.
7 Ba tla tswelela ba tsamaya maatla a bone a botlhaga a ntse a gola;+Mongwe le mongwe o bonala kwa Modimong kwa Siona.+
8 Ao tlhe Jehofa Modimo wa masomosomo, a ko o utlwe thapelo ya me;+A ko o sekege tsebe, tlhe Modimo wa ga Jakobe.+ Seʹlah.
9 Wena thebe ya rona, bona tlhe Modimo,+Mme o lebe sefatlhego sa motlodiwa+ wa gago.
10 Gonne letsatsi le le lengwe fela mo malwapeng a gago le botoka go na le a le sekete go sele.+Ke tlhophile go ema fa serepoding mo ntlong ya Modimo wa me+Go na le go tsamayatsamaya mo megopeng ya boikepo.+
11 Gonne Jehofa Modimo ke letsatsi+ le thebe;+O naya boutlwelobotlhoko le kgalalelo.+Jehofa ka boene ga a kitla a thibela sepe se se molemo mo go ba ba tsamayang ka go tlhoka molato.+
12 Ao tlhe Jehofa wa masomosomo, go itumela motho yo o go ikanyang.+