Pesalema 70:1-5
Go mokaedi. Ya ga Dafide, go dira gore go gakologelwe.+
70 Wena Modimo, potlakela go nkgolola,+Jehofa, potlakela go nthusa.+
2 E kete ba ba senkang moya wa me ba ka tlhabiwa ke ditlhong ba bo ba swabisiwa.+E kete ba ba natefelelwang ke masetlapelo a me ba ka boa mme ba kokobediwa.+
3 E kete ba ba reng: “Aha, aha!”+ ba ka boela morago ka ntlha ya ditlhong tsa bone.
4 E kete botlhe ba ba go senkang+ ba ka itumela le go ipela mo go wena,Mme e kete ba ba ratang poloko ya gago ba ka bua jaana ka metlha: “A Modimo a godisiwe!”+
5 Mme ke a bogisiwa e bile ke humanegile.+Ao tlhe Modimo, ntseele kgato ka bonako.+O thuso ya me le Mofalotsi wa me.+Jehofa, o se ka wa diega thata.+