Pesalema 49:1-20

Go mokaedi. Ya bomorwa Kora.+ Pina. 49  Utlwang seno, lona ditšhaba tsotlhe.Sekegang tsebe, lona banni botlhe ba tsamaiso ya dilo,+   Lona bomorwa batho le lona bomorwa motho,Wena yo o humileng le wena yo o humanegileng mmogo.+   Molomo wa me o tla bua dilo tsa botlhale,+Mme go tlhatlhanya ga pelo ya me e tla nna ga dilo tsa tlhaloganyo.+   Ke tla sekegela puo ya seane tsebe;+Ke tla bula thamalakane+ ya me mo harepeng.   Ke ka ntlha yang fa ke tshwanetse go boifa mo malatsing a bosula,+Fa tlolo ya ba ba tsayang boemo jwa me e ntikanyeditse?+   Ba ba ikanyang se ba itshedisang ka sone,+Le ba ba nnang ba ipelafatsa ka letlotlo la dikhumo tsa bone,+   Ga go na le fa a le mongwe wa bone yo o ka gololang morwarraagwe,+Le fa e le go mo ntshetsa thekololo mo Modimong;   (Tlhwatlhwa ya kgololo ya moya wa bone e kgolo thata+Mo e leng gore e kgaoditse ka bosakhutleng)   Gore a tshele ka bosaengkae mme a se ka a bona phupu.+ 10  Gonne o a bona gore le ba ba botlhale ba a swa,+Sematla le yo o sa akanyeng ba nyelela mmogo,+Mme ba tlogelele ba bangwe se ba itshedisang ka sone.+ 11  Keletso ya bone e e mo teng ke gore matlo a bone a nne ka bosakhutleng,+Metlaagana ya bone e nne teng go tswa kokomaneng go ya kokomaneng.+Ba biditse dibata tsa bone tsa lefatshe ka maina a bone.+ 12  Mme motho wa mo lefatsheng, le fa a tlotlega, a ka se tswelele a nna mo go tsone;+Ruri o ka tshwantshiwa le dibatana tse di sentsweng.+ 13  Eno ke tsela ya ba ba dimatla,+Le ya ba ba ba setseng morago ba ba ipelelang dipuo tsa bone. Seʹlah. 14  Jaaka dinku ba laoletswe go ya Sheole;+Loso lo tla ba disa;+Mme ba ba thokgameng ba tla ba laola mo mosong,+Mme dipopego tsa bone di tlile go onala;+Sheole, e seng bonno jo bo kwa godimo, ke ya mongwe le mongwe wa bone.+ 15  Le fa go ntse jalo, Modimo o tla golola moya wa me mo seatleng sa Sheole,+Gonne o tla nkamogela. Seʹlah. 16  O se ka wa boifa ka gonne motho mongwe a nna le dikhumo,+Ka gonne kgalalelo ya ntlo ya gagwe e oketsega,+ 17  Gonne fa a swa a ka se tsamaye ka sepe le e seng;+Kgalalelo ya gagwe ga e na go fologela kwa tlase le ene.+ 18  Gonne ka nako ya fa a sa ntse a tshela o ne a nna a segofatsa moya wa gagwe;+(Mme batho ba tla go baka ka gonne o itirela molemo)+ 19  Moya wa gagwe la bofelo o fitlha fela mo kokomaneng ya borraagwemogologolwane.+Ga ba kitla ba tlhola ba bona lesedi.+ 20  Motho wa mo lefatsheng yo o sa tlhaloganyeng, le fa a tlotlega,+Ruri o ka tshwantshiwa le dibatana tse di sentsweng.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase