Pesalema 33:1-22

33  Goang ka boipelo, lona basiami, ka ntlha ya ga Jehofa.+Pako e a tshwanela mo go ba ba thokgameng.+   Ntshetsang Jehofa ditebogo ka harepa;+Mo leletseng pina ka seletswa sa megala e e lesome.+   Mo opeleleng pina e ntšha;+Dirang gotlhe mo lo ka go kgonang go letsa megala le go goa ka boipelo.+   Gonne lefoko la ga Jehofa le thokgame,+Mme tiro ya gagwe yotlhe e a ikanyega.+   Ke morati wa tshiamo le tshiamiso.+Lefatshe le tletse ka bopelonomi jwa lorato jwa ga Jehofa.+   Magodimo a dirilwe ka lefoko la ga Jehofa,+Le lesomo lotlhe la one ka moya wa molomo wa gagwe.+   O phutha metsi a lewatle+ jaaka letamo,O tsenya metsi a a gogomogang mo matlong a polokelo.   A botlhe ba lefatshe ba boife Jehofa.+A banni botlhe ba naga e e ungwang ba tshoge+ ka ntlha ya gagwe.   Gonne o ne a bua, mme ga nna jalo;+O ne a laela, mme ga ema jalo.+ 10  Jehofa o sentse boikaelelo jwa ditšhaba;+O kgoreleditse dikakanyo tsa ditšhaba.+ 11  Boikaelelo jwa ga Jehofa bo tla ema ka bosakhutleng;+Dikakanyo tsa pelo ya gagwe di ya kokomaneng e nngwe morago ga kokomana e nngwe.+ 12  Go itumela setšhaba se Modimo wa sone e leng Jehofa,+Batho ba a ba tlhophileng go nna boswa jwa gagwe.+ 13  Jehofa o lebile a le kwa magodimong,+O bone bomorwa batho botlhe.+ 14  Go tswa kwa lefelong le le tlhomameng le a nnang+ kwa go loneO lebile botlhe ba ba nnang mo lefatsheng. 15  O bopa dipelo tsa bone botlhe;+O akanyetsa ditiro tsa bone tsotlhe.+ 16  Ga go na kgosi e e bolokwang ka bontsi jwa mephato ya sesole;+Monna yo o thata ga a gololwe ka bogolo jwa maatla.+ 17  Pitse ke tsietso mo go bolokeng,+Mme ga e kgone go falotsa ka maatla a yone a magolo a botlhaga.+ 18  Bona! Leitlho la ga Jehofa le mo go ba ba mmoifang,+Mo go ba ba letileng bopelonomi jwa gagwe jwa lorato,+ 19  Go golola moya wa bone mo losong,+Le go ba boloka ba tshela mo leubeng.+ 20  Moya wa rona o ntse o lebeletse Jehofa.+Ke mothusi wa rona le thebe ya rona.+ 21  Gonne pelo ya rona e ipela+ mo go ene;Ka re ikantse leina la gagwe le le boitshepo.+ 22  A bopelonomi jwa gago jwa lorato, Jehofa, bo nne mo go rona,+Fela jaaka re ntse re go letile.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase