Pesalema 19:1-14

Go Mokaedi. Pina ya ga Dafide. 19  Magodimo a bolela kgalalelo ya Modimo;+Mme phuthologo e bolela tiro ya diatla tsa gagwe.+   Letsatsi morago ga le lengwe le dira gore go buiwe thata,+Le bosigo morago ga jo bongwe bo supa kitso.+   Ga go na puo, e bile ga go na mafoko;Ga go na lentswe lepe la one le le utlwiwang.+   Thapo ya one e e lekanyang e tswetse mo lefatsheng lotlhe,+Le mafoko a one go ya kwa ntlheng ya lefatshe le le ungwang.+O tlhometse letsatsi mogope mo go one,+   E bile le tshwana le monyadi fa a tswa mo ntlwaneng ya gagwe ya nyalo;+Le itumela jaaka monna yo o thata fa a siana mo tselaneng.+   Le tswa kwa ntlheng e nngwe ya magodimo,Mme potologo ya lone e e feletseng e kwa dintlheng tse dingwe tsa one;+Mme ga go na sepe se se fitlhegetseng mogote wa lone.+   Molao+ wa ga Jehofa o itekanetse,+ o rudisa moya.+Kgakololo+ ya ga Jehofa e a ikanyega,+ e tlhalefisa yo o se nang maitemogelo.+   Ditaelo+ tse di tswang kwa go Jehofa di thokgame,+ di dira gore pelo e ipele;+Taelo+ ya ga Jehofa e phepa,+ e phatsimisa matlho.+   Go boifa+ Jehofa go itshekile, go eme ka bosaengkae.Ditshwetso tsa boatlhodi+ tsa ga Jehofa di boammaaruri;+ di itshupile di siame+ thata fela. 10  Di eletsega go gaisa gouta, ee, go gaisa gouta e ntsi e e itshekileng;+Mme di botshe go gaisa tswina ya dinotshe+ le tswina e e elelang ya mamepe a dinotshe.+ 11  Gape, motlhanka wa gago o tlhagisitswe ke tsone;+Go di boloka go na le maduo a magolo.+ 12  Diphoso—ke mang yo o ka di lemogang?+Mpolele ke le yo o se nang molato mo maleong a a fitlhegileng.+ 13  Gape o thibe motlhanka wa gago mo ditirong tsa boikgodiso;+O se ka wa dira gore di ntaole.+Foo ke tla bo ke feletse,+Mme ke tla bo ke nnile yo o se nang molato mo tlolong e kgolo. 14  A mafoko a molomo wa me le go tlhatlhanya ga pelo ya me+Di nne monate fa pele ga gago, wena Jehofa Lefika+ la me le Mogolodi+ wa me.

Dintlha Tse di Kwa Tlase