Pesalema 17:1-15
Thapelo ya ga Dafide.
17 A ko o utlwe se se siameng, wena Jehofa; a ko o tlhwaele selelo sa me sa go kopa ka tlhoafalo tsebe;+A ko o sekegele tsebe thapelo ya me e e sa dirwang ka dipounama tsa tsietso.+
2 E kete katlholo ya me e ka tswa fa pele ga gago;+E kete matlho a gago a ka bona thokgamo.+
3 O tlhatlhobile pelo ya me, o tlhatlhobile go le bosigo,+O intshekisitse; o tla bona gore ga ke a loga leano.+Molomo wa me ga o na go dira tlolo.+
4 Fa e le ditiro tsa batho,Ka lefoko la dipounama tsa gago ke lebeletse ditselana tsa senokwane.+
5 Mma dikgato tsa me di tshware ditselana+ tsa gago,Tse dikgato tsa me ruri di se nang go reketlisiwa+ mo go tsone.
6 Nna ke a go bitsa, ka gonne o tla nkaraba, wena Modimo.+Ntshekegele tsebe. Utlwa lefoko la me.+
7 Dira gore ditiro tsa gago tsa bopelonomi jwa lorato di gakgamatse,+ wena Mmoloki wa ba ba batlang botshabeloGo tswa mo batlhanoging ba ba kgatlhanong le seatla sa gago sa moja.+
8 Mpoloke jaaka thaka ya leitlho,+E kete o ka ntshuba mo moriting wa diphuka tsa gago,+
9 Ka ntlha ya baikepi ba ba nthopileng.Baba ba ba leng kgatlhanong le moya wa me ba ntse ba ntika.+
10 Ba itswaletse ka mafura+ a bone;Ba buile ka mabela+ ka molomo wa bone;
11 Fa e le dikgato tsa rona, jaanong di re dikologile;+Ba tlhoma matlho a bone go digela fa fatshe.+
12 Setshwano sa gagwe ke sa tau e e tlhologeletsweng go gagoganya+Le sa tawana e e ntseng mo mafelong a a subegileng.
13 Nanoga, tlhe Jehofa; lebana le ene mo sefatlhegong;+Mo dire gore a ikobe; falotsa moya wa me mo moikeping ka tšhaka ya gago,+
14 Mo bathong, ka seatla sa gago, wena Jehofa,+Mo bathong ba tsamaiso+ eno ya dilo, ba kabelo ya bone e leng mo botshelong jono,+Ba o tlatsang dimpa tsa bone ka letlotlo le le subilweng,+Ba ba kgotsofetseng ka bana ba basimane+Ba ba bolokelang bana ba bone se ba se sadisang.+
15 Fa e le nna, ke tla bona sefatlhego+ sa gago mo tshiamong;Ke tla kgotsofala fa ke tsoga go bona popego ya gago.+