Dipalo 9:1-23

9  Mme Jehofa a bua le Moshe mo nageng ya Sinai mo ngwageng wa bobedi wa go tswa ga bone kwa lefatsheng la Egepeto, mo kgweding ya ntlha,+ a re:  “Jaanong bomorwa Iseraele ba tshwanetse go baakanya setlhabelo sa tlolaganyo+ mo nakong+ ya sone e e tlhomilweng.  Lo se baakanye mo nakong ya sone e e tlhomilweng mo letsatsing la bolesome le bonè mo kgweding eno fa gare ga maitseboa a mabedi.+ Lo se baakanye+ go ya ka melao yotlhe ya yone le mekgwa yotlhe ya yone ya gale le gale.”  Ka jalo Moshe a bua le bomorwa Iseraele gore ba baakanye setlhabelo sa tlolaganyo.  Foo ba baakanya setlhabelo sa tlolaganyo mo kgweding ya ntlha, mo letsatsing la bolesome le bonè la kgwedi fa gare ga maitseboa a mabedi, mo nageng ya Sinai. Bomorwa Iseraele ba dira kafa go sotlhe se Jehofa a neng a se laetse Moshe.+  Jaanong ga bo go na le banna ba ba neng ba itshekolotswe ke moya wa motho+ mo ba neng ba sa kgone go baakanya setlhabelo sa tlolaganyo mo letsatsing leo. Ka gone ba itlhagisa fa pele ga ga Moshe le Arone mo letsatsing+ leo.  Foo banna bao ba mo raya ba re: “Re itshekolotswe ke moya wa motho. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse ra thibelwa go isetsa Jehofa tshupelo+ mo nakong ya yone e e tlhomilweng mo gare ga bomorwa Iseraele?”  Foo Moshe a ba raya a re: “Emang foo, mme mmang ke utlwe se Jehofa a tla se laelang ka ga lona.”+  Foo Jehofa a bua le Moshe a re: 10  “Bua le bomorwa Iseraele o re, ‘Le fa go ka direga gore motho ope wa lona kgotsa wa dikokomana tsa lona a bo a itshekolotswe ke moya+ kgotsa a dule a tsere loeto lo loleele, le ene o tshwanetse go baakanyetsa Jehofa setlhabelo sa tlolaganyo. 11  Ba se baakanye mo kgweding ya bobedi,+ mo letsatsing la bolesome le bonè fa gare ga maitseboa a mabedi. Ba se je mmogo le dikuku tse di sa bedisiwang le merogo e e galakang.+ 12  Ba se ka ba letla ga sala sepe sa sone go fitlha mo mosong,+ mme ba se ka ba roba lerapo lepe mo go sone.+ Ba se baakanye go ya ka molao otlhe wa tlolaganyo.+ 13  Mme fa motho a ne a itshekile kgotsa go sa direga gore a bo a dule a tsere loeto a bo a tlhokomologa go baakanya setlhabelo sa tlolaganyo, moya oo o kgaolwe mo bathong ba one,+ ka gonne ga o a ka wa isa tshupelo ya ga Jehofa mo nakong ya yone e e tlhomilweng. Motho yoo o tla arabela boleo jwa gagwe.+ 14  “‘Mme fa go direga gore moagi wa moeng a bo a agile le lona e le moeng, le ene o tshwanetse go baakanyetsa Jehofa setlhabelo sa tlolaganyo.+ A dire go ya ka molao wa tlolaganyo le go ya ka mokgwa wa sone wa gale le gale.+ Go tshwanetse ga nna le molao o le mongwe fela mo go lona, mo moaging wa moeng le mo mothong wa lefatshe la lona.’”+ 15  Jaanong mo letsatsing la go tlhomiwa ga motlaagana+ leru le ne la bipa motlaagana wa mogope wa Tshupo,+ mme mo maitseboeng se se neng se bonala e le molelo+ se ne se nna mo godimo ga motlaagana go fitlha mo mosong. 16  Ke tsela e go neng ga tswelela ka yone ka metlha: Leru le ne le o bipa motshegare, le ponalo ya molelo bosigo.+ 17  Mme le fa e le leng fela fa leru le tlhatloga le tswa mo godimo ga mogope, bomorwa Iseraele ba ne ba bolola morago fela ga moo,+ mme lefelo le leru le neng le aga mo go lone, ke lone le bomorwa Iseraele ba neng ba thibelela mo go lone.+ 18  Bomorwa Iseraele ba ne ba bolola ka taelo ya ga Jehofa, gape ba ne ba thibelela+ ka taelo ya ga Jehofa. Ba ne ba nna ba thibeletse malatsi otlhe a leru le neng le ntse mo godimo ga motlaagana ka one. 19  Mme fa leru le ne le lelefatsa go nna ga lone mo godimo ga motlaagana malatsi a le mantsi, bomorwa Iseraele le bone ba ne ba boloka boikarabelo jwa bone mo go Jehofa gore ba se ka ba bolola.+ 20  Mme ka dinako tse dingwe leru le ne le nna malatsi a le mmalwa mo godimo ga motlaagana. Ba ne ba nna ba thibeletse ka taelo+ ya ga Jehofa, mme ba bolola ka taelo ya ga Jehofa. 21  Ka dinako tse dingwe leru+ le ne le nna go simolola maitseboa go fitlha mo mosong; mme leru le ne le itsholetsa mo mosong, ba bo ba bolola. Fa leru le ne le itsholetsa motshegare kgotsa bosigo, le bone ba ne ba bolola.+ 22  Fa leru le ne le lelefatsa go nna ga lone mo godimo ga motlaagana malatsi a le mabedi kgotsa kgwedi kgotsa malatsi a a oketsegileng ka go aga mo godimo ga one, bomorwa Iseraele ba ne ba nna ba thibeletse ba sa bolole, mme fa le itsholetsa, ba ne ba bolola.+ 23  Ba ne ba thibelela ka taelo ya ga Jehofa, gape ba ne ba bolola ka taelo ya ga Jehofa. Ba ne ba boloka boikarabelo+ jwa bone mo go Jehofa ka taelo ya ga Jehofa ka Moshe.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase