Dipalo 36:1-13
36 Mme ditlhogo tsa borre ba lelapa la bomorwa Gileade morwa Makire+ morwa Manase wa malapa a bomorwa Josefa tsa atamela mme tsa bua fa pele ga ga Moshe le dikgosana, ditlhogo tsa borre ba bomorwa Iseraele,
2 tsa re: “Jehofa o ne a laola morena wa me go naya bomorwa Iseraele lefatshe e le boswa ka bola;+ mme morena wa me o ne a laelwa ke Jehofa gore a neye bomorwadia+ Selofehade morwarraarona boswa.
3 Fa go direga gore bape ba bomorwa ditso tse dingwe tsa bomorwa Iseraele ba ba tseye go nna basadi, boswa jwa basadi bo ntshiwe mo bosweng jwa borraarona mme bo tsenngwe mo bosweng jwa lotso lo ba tla nnang ba lone, gore bo tle bo ntshiwe mo boleng jwa boswa+ jwa rona.
4 Jaanong fa bomorwa Iseraele ba nna le Jubile,+ boswa jwa basadi bo tsenngwe mo bosweng jwa lotso lo ba tla nnang ba lone; gore boswa jwa bone bo tle bo ntshiwe mo bosweng jwa lotso lwa borraarona.”
5 Foo Moshe a laela bomorwa Iseraele ka taelo ya ga Jehofa, a re: “Lotso lwa bomorwa Josefa lo bua sentle.
6 Jehofa o laoletse bomorwadia Selofehade+ lefoko leno, a re, ‘Ba ka nna ba nna basadi ba bao go leng molemo mo matlhong a bone go dira jalo. Mme ba nne basadi ba lelapa la lotso lwa borraabone fela.+
7 Mme go se ka ga nna le boswa bope jwa bomorwa Iseraele jo bo fetang go tswa lotsong lo longwe go ya lotsong lo longwe, ka gonne mongwe le mongwe wa bomorwa Iseraele o tshwanetse go ngaparela boswa jwa lotso lwa borraagwemogologolwane.
8 Mme ngwana mongwe le mongwe wa mosetsana yo o bonang thuo ya boswa e e tswang mo ditsong tsa bomorwa Iseraele, a nne mosadi wa mongwe wa lelapa la lotso lwa ga rraagwe,+ gore mongwe le mongwe wa bomorwa Iseraele a tle a bone thuo ya boswa jwa borraagwemogologolwane.
9 Mme go se ka ga nna le boswa bope jo bo fetang go tswa lotsong lo longwe go ya lotsong lo longwe, ka gonne longwe le longwe lwa ditso tsa bomorwa Iseraele lo tshwanetse go ngaparela boswa jwa lone.’”
10 Bomorwadia Selofehade ba ne ba dira fela jalo,+ jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe.
11 Ka jalo Mahela, Tiresa le Hogola le Mileka le Noa, bomorwadia Selofehade,+ ba nna basadi ba bana ba bomorwarraagwe rraabone.
12 Ba ne ba nna basadi ba malapa mangwe a bomorwa Manase morwa Josefa, gore boswa jwa bone bo tle bo tswelele mmogo le lotso lwa lelapa la ga rraabone.
13 Tseno ke ditaelo+ le ditshwetso tsa boatlhodi tse Jehofa a neng a di laolela bomorwa Iseraele ka Moshe mo mabaleng a a sekaka a Moabe gaufi le Joredane kwa Jeriko.+