Daniele 7:1-28

7  Mo ngwageng wa ntlha wa ga Beleshasare+ kgosi ya Babelona, Daniele a bona toro le diponatshegelo tsa tlhogo ya gagwe a le mo bolaong jwa gagwe.+ Ka nako eo a kwala toro ka boyone.+ A bolela pego e e feletseng ya dikgang tseno.  Daniele a bua a re: “Mme ka bona mo diponatshegelong tsa me bosigo, mme bona! diphefo tse nnè+ tsa magodimo di ne di fudua lewatle le legolo.+  Mme dibatana tse nnè tse dikgolo+ di ne tsa tswa mo lewatleng,+ sengwe le sengwe se farologane+ le se sengwe.  “Sa ntlha se ne se tshwana le tau,+ mme se ne se na le diphuka tsa ntsu.+ Ke ne ka nna ka leba go fitlha diphuka tsa sone di khumolwa, mme sa tsholediwa mo lefatsheng+ sa dirwa gore se eme ka dinao tse pedi fela jaaka motho, mme sa newa pelo ya motho.+  “Mme bona! sebatana se sengwe, sa bobedi, sone se tshwana le bera.+ Mme se ne se tsholeditswe mo letlhakoreng le le lengwe,+ mme go ne go na le dikgopo di le tharo mo molomong wa sone fa gare ga meno a sone; mme ba se raya ba re: ‘Nanoga, ja nama e ntsi.’+  “Morago ga moo ka nna ka leba, mme bona! sebatana se sengwe, se se tshwanang le lengau,+ mme se ne se na le diphuka di le nnè tsa sebopiwa se se fofang mo mokwatleng. Mme sebatana seo se ne se na le ditlhogo di le nnè,+ mme ruri sa newa bobusi.  “Morago ga moo ka nna ka leba mo diponatshegelong tsa bosigo, mme bona! sebatana sa bonè, se boifisa e bile se boitshega mme se nonofile+ ka tsela e e sa tlwaelegang. Mme se ne se na le meno a tshipi, a magolo. Se ne se kometsa e bile se thubaganya, mme mo go setseng se ne se go gataka ka dinao. Mme e ne e le selo se se farologaneng le dibatana tse dingwe tsotlhe tse di neng di nnile teng pele ga sone, mme se ne se na le dinaka di le lesome.+  Ke ne ka nna ka leba dinaka, mme bona! lonaka lo longwe, lo lonnye,+ lwa tlhoga mo gare ga tsone, mme go ne go na le dinaka tse tharo mo go tsa ntlha tse di neng tsa khumolwa fa pele ga lone. Mme bona! go ne go na le matlho a tshwana le matlho a motho mo lonakeng lo, mme go ne go na le molomo o o buang dilo tse dikgolo.+  “Ke ne ka nna ka leba go fitlha go bewa ditulo tsa bogosi+ mme Mogologolo wa Malatsi+ a nna. Diaparo tsa gagwe di ne di le ditshweu fela jaaka kapoko,+ mme moriri wa tlhogo ya gagwe o ne o tshwana le boboa jo bo phepa.+ Setulo sa gagwe sa bogosi e ne e le dikgabo tsa molelo;+ mme maotwana a sone e le molelo o o tukang.+ 10  Go ne go na le molatswana wa molelo o elela o tswa fa pele ga gagwe.+ Go ne go na le dikete di le sekete tse di neng di mo direla,+ le dikete di le lesome di menagane ga dikete di le lesome tse di neng di eme fa pele ga gagwe.+ Tsheko+ ya tsena, mme go ne go na le dibuka tse di neng tsa bulwa. 11  “Ka nna ka leba ka nako eo ka ntlha ya modumo wa mafoko a magolo a lonaka lo neng lo a bua;+ ka nna ka leba go fitlha sebatana se bolawa le setoto sa sone se senngwa e bile se tsenngwa mo molelong o o tukang.+ 12  Mme fa e le dibatana tse dingwe tsotlhe+ tsone, bobusi jwa tsone bo ne jwa tsewa, mme di ne tsa lelefalediwa botshelo ka nako le paka.+ 13  “Ke ne ka nna ka leba mo diponatshegelong tsa bosigo, mme bona! go ne go tla mongwe yo o tshwanang le morwa motho+ mo marung+ a magodimo; mme a kgona go tsena kwa go Mogologolo wa Malatsi,+ mme ba mo atametsa fa pele ga Ene+ yoo. 14  Mme o ne a newa bobusi+ le seriti+ le bogosi,+ gore ditšhaba, ditlhopha tsa ditšhaba le dipuo tsotlhe di mo direle.+ Bobusi jwa gagwe ke bobusi jo bo nnang ka bosakhutleng jo bo se kitlang bo feta, mme bogosi jwa gagwe ke jo bo se kitlang bo senngwa.+ 15  “Fa e le nna Daniele, moya wa me o ne o tshwenyegile thata mo teng ka ntlha ya gone, mme diponatshegelo tsa tlhogo ya me tsa simolola go ntshosa.+ 16  Ke ne ka atamela mongwe wa ba ba neng ba eme, gore ke tle ke lope mo go ene tshedimosetso e e ka ikanngwang ka seno sotlhe.+ Mme fa a ne a nkitsise phuthololo ya dikgang tseno, o ne a nthaya a re, 17  “‘Fa e le dibatana tse dikgolo tseno, ka ntlha ya gore di nnè,+ go na le dikgosi tse nnè tse di tla tsogang mo lefatsheng.+ 18  Mme baitshepi+ ba Mogodimodimo+ ba tla amogela bogosi, mme ba tla rua bogosi+ ka bosakhutleng, le eleng ka bosakhutleng mo godimo ga metlha ya bosakhutleng.’ 19  “Foo ke ne ka eletsa go tlhomamisa malebana le sebatana sa bonè, se se neng se farologane le tse dingwe tsotlhe, se boifisa ka tsela e e sa tlwaelegang, se meno a sone e neng e le a tshipi mme maroo a sone e le a kgotlho, se se neng se kometsa e bile se thubaganya, le se se neng se gataka le eleng se se neng se setse ka dinao tsa sone;+ 20  le kaga dinaka tse di lesome tse di neng di le mo tlhogong ya sone,+ le lonaka lo longwe+ lo lo neng lwa tlhoga le tse tharo di neng tsa wela+ fa pele ga lone, le lonaka lo lo neng lo na le matlho le molomo o o buang dilo tse dikgolo+ lo ponalo ya lone e neng e le kgolo go feta tse dingwe. 21  “Ke ne ka nna ka leba fa lonaka loo lo ne lo lwa le baitshepi, mme lo ne lo ba fenya,+ 22  go fitlha Mogologolo wa Malatsi+ a tla mme baitshepi ba Mogodimodimo+ ba atlholelwa sentle, le nako e e leng yone e goroga e baitshepi ba neng ba rua bogosi ka yone.+ 23  “O ne a bua jaana, ‘Fa e le sebatana sa bonè sone, go na le bogosi jwa bonè jo bo tla nnang teng mo lefatsheng, jo bo tla bong bo farologane le magosi a mangwe otlhe; mme bo tla kometsa lefatshe lotlhe bo le gataka bo le thubaganya.+ 24  Mme fa e le dinaka tse di lesome tsone, mo bogosing joo go tla tsoga dikgosi di le lesome;+ mme go tla tsoga e nngwe gape morago ga tsone, mme yone e tla bo e farologane le tsa ntlha,+ mme e tla kokobetsa dikgosi tse tharo.+ 25  Mme e tla bua mafoko kgatlhanong le Mogodimodimo,+ mme e tla tshwenya baitshepi ba Mogodimodimo+ ka metlha. Mme e tla ikaelela go fetola metlha+ le molao,+ mme ba tla tsenngwa mo seatleng sa yone ka motlha, le metlha le sephatlo sa motlha.+ 26  Mme Tsheko ya tsena,+ mme la bofelo ba tsaya bobusi jwa yone, gore ba e nyeletse le go e senya gotlhelele.+ 27  “‘Mme bogosi le bobusi le bogolo jwa magosi kafa tlase ga magodimo otlhe a newa baitshepi ba Mogodimodimo.+ Bogosi jwa bone ke bogosi jo bo nnang ka bosakhutleng,+ mme mebuso yotlhe e tla ba direla le go ba utlwa.’+ 28  “Go tla go fitlha fano ke bokhutlo jwa kgang. Fa e le nna Daniele, dikakanyo tsa me di ne tsa nna tsa ntshosa fela thata, mo e leng gore mmala wa letlalo la me la sefatlhego o ne wa fetoga; mme ka boloka kgang eno mo pelong+ ya me.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase