Baroma 8:1-39

8  Jalo ba ba leng seoposengwe le Keresete Jesu ga ba bonwe molato.+  Gonne molao+ wa moya oo+ o o nayang botshelo+ jo bo seoposengwe le Keresete Jesu o lo golotse+ mo molaong wa boleo le wa loso.+  Gonne, e re ka go na le go sa kgoneng kafa letlhakoreng la Molao,+ ka o ne o ntse o le bokoa+ ka nama, Modimo, ka go roma Morwawe a le mo setshwanong sa nama e e nang le boleo+ le malebana le boleo,+ o ne a bona boleo molato mo nameng,  gore se se siameng se se tlhokwang ke Molao se tle se diragadiwe+ mo go rona ba re tsamayang, e seng tumalanong le nama, mme tumalanong le moya.+  Gonne ba ba tumalanong le nama ba tlhoma megopolo ya bone mo dilong tsa nama,+ mme ba ba tumalanong le moya ba o tlhoma mo dilong tsa moya.+  Gonne go tlhoma mogopolo mo nameng go raya loso,+ mme go tlhoma mogopolo mo moyeng+ go raya botshelo le kagiso;  ka gonne go tlhoma mogopolo mo nameng go raya bobaba+ le Modimo, gonne ga e mo taolong+ ya molao wa Modimo, tota e bile, le gone ga e ka ke ya nna mo go yone.  Jalo ba ba tumalanong le nama+ ga ba ka ke ba itumedisa Modimo.  Le fa go ntse jalo, lo tumalanong le moya,+ e seng le nama, mme fa e le gore eleruri moya wa Modimo o nna mo go lona.+ Mme fa mongwe a se na moya wa ga Keresete,+ yono ga se wa gagwe. 10  Mme fa Keresete a le seoposengwe le lona,+ eleruri mmele o sule ka ntlha ya boleo, mme moya ke botshelo+ ka ntlha ya tshiamo. 11  Jaanong, fa moya wa yo o neng a tsosa Jesu mo baswing+ o nna mo go lona, yo o neng a tsosa Keresete Jesu mo baswing gape o tla dira gore mebele ya lona e e swang e tshele+ ka moya wa gagwe o o agileng mo go lona. 12  Jaanong, bakaulengwe, ga re a patelesega malebana le nama gore re tshele tumalanong le nama;+ 13  gonne fa e le gore lo tshela tumalanong le nama ruri lo tla swa;+ mme fa lo bolaya ditlwaelo tsa mmele+ ka moya, lo tla tshela. 14  Gonne botlhe ba ba gogwang ke moya wa Modimo, bano ke bana ba Modimo.+ 15  Gonne lo ne lwa se ka lwa amogela moya wa botlhanka o o bakang poifo+ gape, mme lo ne lwa amogela moya+ wa go tsholwa+ jaaka bana, moya o re goang ka one re re: “Aba,+ Rara!” 16  Moya+ ka boone o supela moya wa rona+ gore re bana ba Modimo.+ 17  Jaanong, fa re le bana, gape re baruaboswa: baruaboswa eleruri ba Modimo, mme re baruaboswammogo+ le Keresete, fa fela re boga+ mmogo le ene gore gape re galalediwe mmogo le ene.+ 18  Ka gone ke tsaya gore dipogisego tsa paka ya jaanong ga se sepe fa di bapisiwa le kgalalelo+ e e tlileng go senolwa mo go rona. 19  Gonne go lebelela ka tlhoafalo+ ga popo+ go letetse go senolwa ga bana ba Modimo. 20  Gonne popo e ne ya bewa mo taolong e e se nang mosola,+ e seng ka go rata ga yone mme ka ene yo o neng a e baya mo taolong, mo motheong wa tsholofelo+ 21  ya gore popo+ ka boyone le yone e tla gololwa+ mo go nneng motlhanka wa go bola mme e nne le kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo. 22  Gonne re a itse gore popo yotlhe e nna e fegelwa mmogo le go nna mo botlhokong mmogo go fitlha jaanong. 23  E seng seo fela, mme le rona ka borona ba re nang le mabutswapele,+ e leng, moya, ee, rona ka borona re a fegelwa,+ fa re ntse re letetse ka tlhoafalo go tsholwa jaaka bana,+ e leng kgololo mo mebeleng ya rona ka thekololo. 24  Gonne re ne ra bolokwa mo tsholofelong eno;+ mme tsholofelo e e bonwang ga se tsholofelo, gonne fa motho a bona selo, a o a se solofela? 25  Mme fa e le gore re solofela se re sa se boneng,+ re nna re se letela ka boitshoko.+ 26  Ka mokgwa o o tshwanang moya+ le one o tla ka thuso ya bokoa jwa rona;+ gonne bothata jwa se re tshwanetseng go se rapelela jaaka re tlhoka ga re bo itse,+ mme moya+ ka boone o a re rapelela ka go fegelwa mo go sa buiweng. 27  Le fa go ntse jalo yo o hukutsang dipelo+ o itse se se tewang ke moya+, ka gonne o rapelela baitshepi tumalanong le Modimo. 28  Jaanong re a itse gore Modimo o dira gore ditiro tsotlhe tsa gagwe+ di dirisane mmogo molemong wa ba ba ratang Modimo, e leng ba ba neng ba bidiwa go ya ka boikaelelo jwa gagwe;+ 29  ka gonne ba a neng a ba itse pele+ gape o ne a ba tlhomamisa e sale pele+ gore ba bopege+ kafa setshwanong+ sa Morwawe, gore a tle a nne leitibolo+ mo gare ga bomorwarraagwe ba bantsi.+ 30  Mo godimo ga moo, ba a neng a ba tlhomamisa e sale pele+ ke ba gape a neng a ba bitsa;+ mme ba a neng a ba bitsa ke ba gape a neng a ba bolela e le ba ba siameng.+ La bofelo ba a neng a ba bolela e le ba ba siameng ke ba gape a neng a ba galaletsa.+ 31  Jaanong, re tla reng ka dilo tseno? Fa e le gore Modimo o kafa go rona, ke mang yo o tla nnang kgatlhanong le rona?+ 32  Yo o neng a se ka a dibela le Morwawe+ mme a mo neela ka ntlha ya rona rotlhe,+ ke ka ntlha yang gape fa ka bopelonomi a ka se ka a re naya dilo tsotlhe mmogo le ene?+ 33  Ke mang yo o tla simololang go latofatsa ba ba tlhophilweng ba Modimo?+ Modimo ke Ene yo o ba bolelang e le ba ba siameng.+ 34  Ke mang yo o tla atlholang? Keresete Jesu ke ene yo o neng a swa, ee, tota ke ene yo o neng a tsosiwa mo baswing, yo a leng kafa seatleng sa moja+ sa Modimo, yo gape a re rapelelang.+ 35  Ke mang yo o tla re kgaoganyang le lorato lwa ga Keresete?+ A ke pitlagano kgotsa matshwenyego kgotsa pogiso kgotsa tlala kgotsa bosaikategang kgotsa kotsi kgotsa tšhaka?+ 36  Fela jaaka go kwadilwe go twe: “Ka ntlha ya gago re bolawa letsatsi lotlhe, re kailwe re le dinku tsa go tlhabiwa.”+ 37  Go na le moo, mo dilong tseno tsotlhe re tswa re fentse+ ka botlalo ka ene yo o neng a re rata. 38  Gonne ke tlhatswegile pelo gore le fa e le loso kgotsa botshelo+ kgotsa baengele kgotsa dipuso+ kgotsa dilo tse jaanong di leng fano kgotsa dilo tse di tlang kgotsa maatla+ 39  kgotsa bogodimo kgotsa boteng kgotsa sebopiwa le fa e le sefe se sengwe, ga di ka ke tsa kgona go re kgaoganya le lorato lwa Modimo lo lo mo go Keresete Jesu Morena+ wa rona.

Dintlha Tse di Kwa Tlase