Bagalatia 3:1-29
3 Lona Bagalatia ke lona ba lo se nang tlhaloganyo, ke mang yo o lo tsentseng mo tlhotlheletsong e e bosula,+ lona ba Jesu Keresete a neng a tshwantshiwa fa pele ga matlho a lona mo pontsheng a bapotswe?+
2 Ke batla go utlwa seno fela mo go lona: A lo ne lwa amogela moya+ ka ntlha ya ditiro tsa molao+ kgotsa ka ntlha ya go utlwa+ ka tumelo?
3 A ga lo na tlhaloganyo mo go kalo? Fa lo sena go simolola ka moya+ a jaanong lo felelediwa ka nama?+
4 A lo ne lwa tlelwa ke dipogo tse dintsi thata jalo kwantle ga boikaelelo?+ Fa e le gore tota e ne e le kwantle ga boikaelelo.
5 Jalo, yo o lo nayang moya+ a ba a dira ditiro tse di maatla+ mo go lona, a o go dira ka ntlha ya ditiro tsa molao kgotsa ka ntlha ya go utlwa ka tumelo?
6 Fela jaaka Aborahame “a ne a dumela mo go Jehofa, mme ga kaiwa e le tshiamo mo go ene.”+
7 Eleruri lo a itse gore ba ba ngaparelang tumelo+ ke bone ba e leng bomorwa Aborahame.+
8 Jaanong Lokwalo, ka lo bone go sa le gale gore Modimo o ne a tla bolela batho ba ditšhaba e le ba ba siameng ka ntlha ya tumelo, lo ne lwa bolelela Aborahame dikgang tse di molemo go sa le pele, tse di reng: “Ditšhaba tsotlhe di tla segofadiwa ka wena.”+
9 Ka gone ba ba ngaparelang tumelo ba segofadiwa+ mmogo le Aborahame yo o ikanyegang.+
10 Gonne botlhe ba ba ikaegileng ka ditiro tsa molao ba hutsegile; gonne go kwadilwe ga twe: “Go hutsegile mongwe le mongwe yo o sa tsweleleng mo dilong tsotlhe tse di kwadilweng mo lokwalong lwa momeno lwa Molao gore a di dire.”+
11 Mo godimo ga moo, go a bonala gore ka molao ga go na ope yo o bolelwang e le yo o siameng+ mo Modimong, ka gonne “mosiami o tla tshela ka ntlha ya tumelo.”+
12 Jaanong Molao ga o ngaparele tumelo, mme “yo o di dirang ruri o tla tshela ka tsone.”+
13 Keresete o ne a re golola+ ka theko+ mo phutsong ya Molao ka go nna phutso+ mo boemong jwa rona, ka gonne go kwadilwe ga twe: “Go hutsegile motho mongwe le mongwe yo o pegilweng mo koteng.”+
14 Boikaelelo e ne e le gore tshegofatso ya ga Aborahame e tle e nne gone ka Jesu Keresete mo ditšhabeng,+ gore ka tumelo+ ya rona re tle re amogele moya+ o o solofeditsweng.
15 Bakaulengwe, ke bua ka setshwantsho sa motho: Kgolagano e e tlhomamisitsweng, le fa e le ya motho, ga go na ope yo o e beelang kwa thoko kgotsa yo o e oketsang.+
16 Jaanong ditsholofetso di ne tsa buiwa le Aborahame+ le losika lwa gagwe.+ Ga le re: “Le masika,” jaaka fa go ntse fa ao a le mantsi, mme jaaka fa go ntse fa lo le longwe,+ la re: “Le losika lwa gago,”+ lo e leng Keresete.+
17 Mo godimo ga moo, ke bua seno: Ka ga kgolagano e pelenyana e neng e tlhomamisitswe ke Modimo,+ Molao o o nnileng gone dingwaga di le makgolo a le manè le masome a mararo+ moragonyana ga o e dire ya lefela, gore o fedise tsholofetso eno.+
18 Gonne fa e le gore boswa bo ka ntlha ya molao, ga bo tlhole bo le ka ntlha ya tsholofetso;+ mme Modimo ka bopelonomi o bo neile Aborahame ka tsholofetso.+
19 Jaanong Molao e ne e le wa eng? Go ne ga okediwa ka one go dira gore ditlolo di bonatshege,+ go fitlha losika lo goroga+ lo tsholofetso e neng ya dirwa mo go lone; mme o ne wa fetisiwa ka baengele+ ka seatla sa motsereganyi.+
20 Jaanong ga go na motsereganyi fa go amegang motho a le mongwe fela gone, mme Modimo o mongwe fela.+
21 Ka jalo, a Molao o kgatlhanong le ditsholofetso tsa Modimo?+ E kete seo se ka se diragale le ka motlha! Gonne fa go ka bo go ne go neilwe molao o o neng o kgona go naya botshelo,+ tshiamo e ka bo tota e nnile gone ka molao.+
22 Mme Lokwalo+ lo ne lwa isa dilo tsotlhe mmogo kwa kgolegong ya boleo,+ gore tsholofetso e e nnang gone ka ntlha ya tumelo mo go Jesu Keresete e tle e newe ba ba supang tumelo.+
23 Le fa go ntse jalo, pele ga tumelo e goroga,+ re ne re disiwa kafa tlase ga molao,+ re isiwa mmogo mo kgolegong, re lebile tumelong e e neng e laoletswe go senolwa.+
24 Ka gone Molao o fetogile mogogi wa rona yo o isang kwa go Keresete+ gore re tle re bolelwe re le ba ba siameng+ ka ntlha ya tumelo.
25 Mme jaanong e re ka tumelo e gorogile,+ ga re tlhole re le kafa tlase ga mogogi.+
26 Tota e bile, lona lotlhe lo bana+ ba Modimo ka tumelo ya lona mo go Keresete Jesu.
27 Gonne lona lotlhe ba lo neng lwa kolobediwa mo go Keresete+ lo apere Keresete.+
28 Ga go na Mojuda le fa e le Mogerika,+ ga go na motlhanka le fa e le mogololesegi,+ ga go na motho wa monna le fa e le motho wa mosadi;+ gonne lotlhe lo motho a le mongwe yo o seoposengwe le Keresete Jesu.+
29 Mo godimo ga moo, fa lo le ba ga Keresete, tota lo losika lwa ga Aborahame,+ baruaboswa ba tsholofetso.+