Bagalatia 2:1-21
2 Go tswa foo morago ga dingwaga di le lesome le bonè ka tlhatlogela gape kwa Jerusalema+ le Barenabase,+ ka tsaya le Tito gore a tsamaye le nna.
2 Mme ke ne ka tlhatloga ka ntlha ya tshenolo.+ Ke ne ka baya fa pele ga bone+ dikgang tse di molemo tse ke di rerang mo ditšhabeng, le fa go ntse jalo e le mo sephiring, fa pele ga ba e neng e le banna ba ba tlhomologileng, e se re kgotsa ka tsela nngwe ka bo ke ne ke sianela+ kgotsa ke sianetse lefela.+
3 Le fa go ntse jalo, le ene Tito,+ yo o neng a na le nna, o ne a sa patelesege go rupa,+ le mororo e ne e le Mogerika.
4 Mme ka ntlha ya bakaulengwe ba maaka+ ba ba neng ba tlisiwa ka bokukuntshwane,+ ba ba neng ba kukunela go tla go tlhola kgololesego ya rona+ e re nang le yone re le seoposengwe le Keresete Jesu, gore ba tle ba re dire batlhanka+ ka tsela e e feletseng—
5 re ne ra se ka ra ineela mo go bano ka go ikoba,+ nnyaa, le fa e le ka ura, gore boammaaruri+ jwa dikgang tse di molemo bo tle bo tswelele le lona.
6 Mme mo go ba ba neng ba bonala e le sengwe+—go sa kgathalesege gore e ne e le batho ba mofuta ofe pele, ga go dire pharologanyo epe mo go nna+—Modimo ga o ye ka ponalo ya motho ya kafa ntle+—tota e bile, mo go nna, banna ba ba tlhomologileng bao ga ba aba sepe se sesha.
7 Mme, go farologana le moo, e rile ba bona gore ke ne ke neetswe+ dikgang tse di molemo ke di neeletswe ba ba sa rupang,+ fela jaaka Petere a ne a di tsholetse ba ba rupileng+—
8 gonne Yo o neng a naya Petere maatla a a tlhokegang a boaposetoloi mo go ba ba rupileng gape o ne a naya le nna+ maatla mo go ba e leng ba ditšhaba;
9 ee, e rile ba simolola go itse bopelonomi jo bo sa re tshwanelang+ jo ke neng ka bo newa, Jakobe+ le Kefase le Johane, ba ba neng ba bonala e le dipilara,+ ba ne ba naya nna le Barenabase+ seatla sa moja sa go tlhakanela mmogo, gore re ye kwa ditšhabeng, mme bone ba ye kwa go ba ba rupileng.
10 Fela re tshwanetse ra nna re gopotse bahumanegi.+ Selo seno le sone ke lekile ka tlhoafalo go se dira.+
11 Le fa go ntse jalo, e rile Kefase+ a tla mo Antioka,+ ka emelelana le ene re lebane difatlhego, ka gonne o ne a le molato.+
12 Gonne pele ga banna bangwe ba goroga ba tswa kwa go Jakobe,+ o ne a tle a je+ le batho ba ditšhaba; mme e rile ba goroga, a simolola go ikgoga a ba a itomolola, a boifa+ ba setlhopha sa ba ba rupileng.+
13 Bajuda ba bangwe botlhe le bone ba kopanela le ene mo boitshemong jono,+ mo e leng gore le eleng Barenabase+ o ne a kopanela le bone mo boitshemong jwa bone.
14 Mme e rile ke bona gore ba ne ba sa tsamaye ka tlhamalalo go ya ka boammaaruri jwa dikgang tse di molemo,+ ka raya Kefase fa pele ga bone botlhe+ ka re: “Fa wena, le fa o le Mojuda, o tshela jaaka ditšhaba di tshela, mme e seng jaaka Bajuda, go tla jang gore o bo o patelela batho ba ditšhaba go tshela go ya ka tlwaelo ya Sejuda?”+
15 Rona ba re leng Bajuda ka tlholego,+ mme re se baleofi+ ba ba tswang mo ditšhabeng,
16 re itse jaaka re itse gore motho o bolelwa e le yo o siameng,+ e seng ka ntlha ya ditiro tsa molao, fa e se fela ka tumelo ka ga Keresete Jesu, le eleng rona re dumetse+ mo go Keresete Jesu, gore re tle re bolelwe re le ba ba siameng ka ntlha ya tumelo ka ga Keresete,+ mme e seng ka ntlha ya ditiro tsa molao, ka gonne ga go na nama epe e e tla bolelwang e le e e siameng+ ka ditiro tsa molao.
17 Jaanong rona, fa re batla go bolelwa re le ba ba siameng ka Keresete,+ mme le rona re fitlhetswe re le baleofi, a totatota Keresete ke modiredi wa boleo?+ E kete seo se ka se diragale le ka motlha!
18 Gonne fa tsone dilo tse ke kileng ka di digela fa fatshe ke di aga gape,+ ke itshupa ke le yo o tlolang molao.+
19 Mme nna, ka molao ke ne ka swa malebana le molao,+ gore ke tle ke tshele malebana le Modimo.+
20 Ke bapotswe mmogo le Keresete.+ Ga e tlhole e le nna yo ke tshelang, mme ke Keresete yo o tshelang a le seoposengwe le nna.+ Eleruri, botshelo jo jaanong ke bo tshelang+ mo nameng ke bo tshela ka tumelo e e ka ga Morwa Modimo, yo o nthatileng a ba a ineela ka ntlha ya me.+
21 Ga ke kgaphele bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo+ kwa thoko; gonne fa e le gore tshiamo e teng ka molao,+ Keresete tota o swetse lefela.+