Baatlhodi 6:1-40
6 Foo bomorwa Iseraele ba simolola go dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa.+ Ka jalo Jehofa a ba tsenya mo seatleng sa Bamidiana+ dingwaga di le supa.
2 Mme seatla sa Bamidiana sa fenya Iseraele.+ Ka ntlha ya Bamidiana, bomorwa Iseraele ba ne ba itirela mafelo a bobolokelo a a kafa tlase ga lefatshe a a neng a le mo dithabeng, le dikgaga le mafelo a go leng thata go a atamela.+
3 Mme go ne go diragala gore, fa Iseraele a ne a jala peo,+ Bamidiana le Baamaleke+ le Babotlhaba+ ba ne ba tla, ee, ba ba tsogologela.
4 Ba ne ba tle ba thibelele ba tla go ba lwantsha mme ba senye kungo ya lefatshe go ya go fitlha fela kwa Gasa, mme ba ne ba sa tlogele dijo dipe kgotsa nku kgotsa poo kgotsa esele mo Iseraele.+
5 Gonne ba ne ba tle ba tlhatloge le diruiwa tsa bone le megope ya bone. Ba ne ba tlhola ba tla ba le bantsi jaaka tsie,+ mme bone le dikamela tsa bone ba ne ba se na palo;+ mme ba ne ba ba tla mo lefatsheng leo go tla go le senya.+
6 Mme Iseraele a humanega thata ka ntlha ya Bamidiana; mme bomorwa Iseraele ba simolola go ikuela kwa go Jehofa gore a ba thuse.+
7 Go ne ga diragala gore ka gonne bomorwa Iseraele ba ne ba ikuela kwa go Jehofa gore a ba thuse ka ntlha ya Bamidiana,+
8 Jehofa a romela monna, e bong moporofeti,+ kwa go bomorwa Iseraele go ba raya a re: “Jehofa Modimo wa Iseraele o buile jaana, ‘Ke nna ke lo ntshitseng kwa Egepeto,+ ka lo ntsha jalo mo ntlong ya makgoba.+
9 Ka jalo ke ne ka lo golola mo seatleng sa Baegepeto le mo seatleng sa bagateledi botlhe ba lona mme ka ba leleka fa pele ga lona ka ba ka lo naya lefatshe la bone.+
10 Go feta moo, ke ne ka lo raya ka re: “Ke nna Jehofa Modimo wa lona.+ Lo se ka lwa boifa medimo ya Baamore+ ba lo nnang mo lefatsheng la bone.” Mme ga lo a ka lwa reetsa lentswe la me.’”+
11 Moragonyana moengele wa ga Jehofa a tla+ mme a nna kafa tlase ga setlhare se segolo se se neng se le kwa Ofera, o e neng e le wa ga Joashe wa Moabiesere,+ fa Gidione+ morwawe a ne a photha korong mo segatisetsong sa beine gore a e tlose mo ponong ya Bamidiana ka bonako.
12 Foo moengele wa ga Jehofa a bonala kwa go ene mme a mo raya a re: “Jehofa o na le wena,+ wena seganka, wena yo o thata.”
13 Foo Gidione a mo raya a re: “Intshwarele morena wa me, mme fa e le gore Jehofa o na le rona, ke ka ntlha yang fa sotlhe seno se re diragaletse,+ mme di kae ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang+ tse borraarona ba di re boleletseng+ ba re, ‘A Jehofa ga a ka a re tlhatlosa kwa Egepeto?’+ Mme jaanong Jehofa o re latlhile,+ e bile o re tsenya mo seatleng sa Bamidiana.”
14 Foo Jehofa a mo leba mme a re: “Tsamaya ka maatla ano a gago,+ mme ruri o tla boloka Iseraele mo seatleng sa Bamidiana.+ A ga ke go rome?”+
15 Ene a mo raya a re: “Intshwarele Jehofa. Ke tla boloka Iseraele ka eng?+ Bona! Sekete sa me ke sone se sebotlana thata mo go tsa Manase, mme ke nna yo mmotlana thata mo ntlong ya ga rre.”+
16 Mme Jehofa a mo raya a re: “Ka gonne ke tla nna le wena,+ ruri o tla kgemetha Bamidiana+ jaaka e ka bo e le motho a le mongwe.”
17 Mme ene a mo raya a re: “Jaanong, fa e le gore ke bone kamogelo mo matlhong a gago,+ gape o tshwanetse wa ntirela sesupo sa gore ke wena o buang le nna.+
18 Tsweetswee o se ka wa tswa fano go fitlha ke tla kwa go wena+ mme ke go ntshetsa mpho ke e baya fa pele ga gago.”+ Ka jalo a re: “Mme nna, ke tla nna ke ntse fano go fitlha o boa.”
19 Mme Gidione a tsena a baakanya potsane+ le ifa ya bupi e le dikuku tse di sa bedisiwang.+ Nama a e tsenya mo serotong, mme moro a o tsenya mo pitseng e e apeelang, go tswa foo a di ntshetsa kwa go ene kafa tlase ga setlhare se segolo a bo a di tshola.
20 Jaanong moengele wa Modimo wa boammaaruri a mo raya a re: “Tsaya nama le dikuku tse di sa bedisiwang o di beye mo lefikeng le legolo fale,+ o bo o tshela moro.” Mme a dira jalo.
21 Foo moengele wa ga Jehofa a ntsha ntlha ya lore lo lo neng lo le mo seatleng sa gagwe mme a ama nama le dikuku tse di sa bedisiwang, mme molelo wa simolola go tlhatloga mo lefikeng mme wa laila nama le dikuku tse di sa bedisiwang.+ Mme moengele wa ga Jehofa ene, a nyelela mo ponong ya gagwe.
22 Ka gone, Gidione a lemoga gore e ne e le moengele wa ga Jehofa.+
Gidione a akofa a re: “Ijoo, Morena Molaodimogolo Jehofa, gonne ke bone moengele wa ga Jehofa re lebane difatlhego!”+
23 Mme Jehofa a mo raya a re: “Kagiso e nne le wena.+ O se ka wa boifa.+ Ga o kitla o swa.”+
24 Ka jalo Gidione a agela Jehofa sebeso+ foo, mme se santse se bidiwa+ Jehofa-shalomo go fitlha mo letsatsing leno. Se santse se le kwa Ofera+ wa Baabiesere.
25 Mme ga diragala mo bosigong joo gore Jehofa a mo reye a re: “Tsaya powana, poo ya ga rrago, ke gore, powana ya bobedi ya dingwaga di le supa, mme o rutlolole sebeso sa ga Baale+ se e leng sa ga rrago, mme kota e e boitshepo e e fa go sone o e reme.+
26 Mme o agele Jehofa Modimo wa gago sebeso kwa tlhogong ya kago eno e e thata, ka mola wa maje, mme o tseye powana ya bobedi o e ise e le tshupelo e e fisiwang mo diphatseng tsa dikgong tsa kota e e boitshepo e o tla e remang.”
27 Ka jalo Gidione a tsaya banna ba le lesome ba batlhanka ba gagwe mme a dira fela jaaka Jehofa a ne a buile le ene;+ mme ga diragala gore, e re ka a ne a boifa ba ntlo ya ga rraagwe le banna ba motse thata mo a neng a ka se ka a go dira motshegare, a ya go go dira bosigo.+
28 E rile banna ba motse ba tsoga go sa le phakela jaaka tlwaelo, bonang! sebeso sa ga Baale sa bo se rutlilwe le kota e e boitshepo+ e e neng e le fa thoko ga sone e ne e remilwe, mme powana ya bobedi e ne e isitswe setlhabelo mo sebesong se se neng se agilwe.
29 Mme ba simolola go raana ba re: “Ke mang yo o dirileng selo se?” Mme ba botsa ba bo ba batlisisa. La bofelo ba re: “Gidione morwa Joashe ke ene a dirileng selo se.”
30 Ka jalo banna ba motse ba raya Joashe ba re: “Ntsha morwao, gore a swe,+ ka gonne o rutlile sebeso sa ga Baale, le ka gonne o remile kota e e boitshepo e e neng e le fa go sone.”
31 Morago ga moo Joashe+ a raya botlhe ba ba neng ba eme kgatlhanong le ene+ a re: “A ke lona lo tla femelang Baale kafa molaong go bona gore a lona ka bolona lo ka mmoloka? Le fa e le mang yo o tla mo femelang kafa molaong o tshwanetse go bolawa gone mo mosong+ ono. Fa e le gore ke Modimo,+ a a iphemele kafa molaong,+ ka gonne mongwe o rutlile sebeso sa gagwe.”
32 Mme go simolola ka letsatsi leo a mmitsa Jerubaale,+ a re: “A Baale a iphemele kafa molaong, ka gonne mongwe o rutlile sebeso sa gagwe.”+
33 Mme Bamidiana+ botlhe le Baamaleke+ le ba Botlhaba+ ba phuthega mmogo jaaka motho a le mongwe+ mme ba kgabaganya ba ya go thibelela mo lebaleng le le kwa tlase la Jesereele.
34 Mme moya wa ga Jehofa+ wa aparela Gidione gore a bo a letse lonaka,+ mme Baabiesere+ ba phuthiwa mmogo kwa morago ga gagwe.
35 Mme a romela barongwa+ go ralala Manase yotlhe, mme le bone ba phuthiwa mmogo kwa morago ga gagwe. Gape a romela barongwa go ralala Ashera le Sebulone le Nafetali, mme ba tla go mo kgatlhantsha.
36 Foo Gidione a raya Modimo wa boammaaruri a re: “Fa e le gore o boloka Iseraele ka nna, fela jaaka o solofeditse,+
37 bona, ke baya boboa mo pontsheng bo le mo seboaneng. Fa monyo o ka nna mo boboeng bo le josi mme mo lefatsheng lotlhe go le komelelo, foo ke tla itse gore o tla boloka Iseraele ka nna, fela jaaka o solofeditse.”
38 Mme ga diragala fela jalo. E rile a tsoga go sa le phakela ka letsatsi le le latelang a bo a gamola boboa, a gamola monyo o o lekaneng mo boboeng go tlatsa mogopo o mogolo wa moletlo ka metsi.
39 Le fa go ntse jalo, Gidione a raya Modimo wa boammaaruri a re: “A bogale jwa gago bo se ntukele, mme mma ke bue gape gangwe felafela. Tsweetswee, mma ke leke gape gangwe felafela ka boboa. Tsweetswee, a komelelo e nne mo boboeng bo le josi, mme a mo lefatsheng lotlhe go nne le monyo.”
40 Ka jalo Modimo a dira jalo mo bosigong joo; mme komelelo ya nna mo boboeng bo le josi, mme mo lefatsheng lotlhe ga nna monyo.