Baatlhodi 3:1-31
3 Jaanong tseno ke tsone ditšhaba+ tse Jehofa a neng a di letla go nna gore a leke+ Iseraele ka tsone, ke gore, botlhe ba ba neng ba ise ba tlelwe ke dintwa dipe tsa Kanana;+
2 e ne e le fela gore dikokomana tsa bomorwa Iseraele di diragalelwe ke seno, go di ruta ntwa, ke gore, e le fela tse di neng di ise di diragalelwe ke dilo tse di ntseng jalo pele ga moo:
3 Barena+ ba batlhano ba kgolagano ba Bafilisitia,+ le Bakanana botlhe,+ tota le Basidona+ le Bahife+ ba ba nnang mo Thabeng ya Lebanona+ go tswa kwa Thabeng ya Baale-heremone+ go ya go fitlha kwa botsenong jwa Hamathe.+
4 Mme ba nna ba direla jaaka didirisiwa tsa go leka+ Iseraele gore go itsiwe gore a ba ne ba tla utlwa ditaelo tsa ga Jehofa tse a neng a di laetse borraabo ka Moshe.+
5 Mme bomorwa Iseraele ba nna mo gare ga Bakanana,+ Bahite le Baamore le Baperise le Bahife le Bajebuse.+
6 Mme ba tsaya bomorwadiabone go nna basadi ba bone,+ le ba e leng bomorwadiabone ba ba naya bomorwabone,+ mme ba simolola go direla medimo+ ya bone.
7 Ka jalo bomorwa Iseraele ba dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, ba lebala Jehofa Modimo+ wa bone mme ba direla Bobaale+ le dikota tse di boitshepo.+
8 Foo bogale jwa ga Jehofa jwa tukela Iseraele,+ mo a neng a ba rekisetsa+ mo seatleng sa ga Kushane-rishathaime kgosi ya Mesopotamia;+ mme bomorwa Iseraele ba tswelela ba direla Kushane-rishathaime dingwaga di le robedi.
9 Mme bomorwa Iseraele ba simolola go ikuela kwa go Jehofa gore a ba thuse.+ Foo Jehofa a tsosetsa bomorwa Iseraele mmoloki+ gore a ba boloke, Otheniele morwa Kenase,+ monnawe Kalebe.+
10 Jaanong moya+ wa ga Jehofa wa tla mo go ene, mme a nna moatlhodi wa Iseraele. E rile a tswa a ya tlhabanong, Jehofa a tsenya Kushane-rishathaime kgosi ya Siria mo seatleng sa gagwe mo seatla sa gagwe se neng sa fekeetsa+ Kushane-rishathaime.
11 Morago ga moo lefatshe la nna le se na matshwenyego dingwaga di le masome a manè. La bofelo Otheniele morwa Kenase a swa.
12 Mme bomorwa Iseraele ba boa gape ba dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa.+ Foo Jehofa a letla Egelone kgosi ya Moabe+ gore a nonofe kgatlhanong le Iseraele,+ ka gonne ba ne ba dirile se se bosula mo matlhong a ga Jehofa.+
13 Mo godimo ga moo, a phutha bomorwa Amona+ le Amaleke+ gore ba ba tsogologele. Foo ba ya go kgemetha Iseraele le go thopa motse wa ditlhare tsa mokolane.+
14 Mme bomorwa Iseraele ba tswelela ba direla Egelone kgosi ya Moabe dingwaga di le lesome le borobedi.+
15 Mme bomorwa Iseraele ba simolola go ikuela kwa go Jehofa gore a ba thuse.+ Ka jalo Jehofa a ba tsosetsa mmoloki, Ehude+ morwa Gera, wa Mobenjamine,+ e le monna yo o molema.+ Fa nako e ntse e tsamaya bomorwa Iseraele ba romela sehuba ka seatla sa gagwe kwa go Egelone kgosi ya Moabe.
16 Mo nakong eo, Ehude a itirela tšhaka, mme ya bo e le magale mabedi,+ e le boleele jwa kubita. Mme a e gatlha kafa tlase ga seaparo sa gagwe mo seropeng sa gagwe sa moja.+
17 Mme a isetsa Egelone kgosi ya Moabe+ sehuba. Jaanong Egelone e ne e le monna yo mokima thata.
18 Ga diragala ya re a feditse go isa sehuba,+ a akofa a tsamaisa batho, batshodi ba sehuba.
19 A boa fa matikiring a a neng a le kwa Gilegala, mme a re: “Kgosi, ke batla go go bolelela sephiri.” Jalo a re: “Didimala!” Mme botlhe ba ba neng ba eme fa go ene ba tswa fa go ene.+
20 Ehude a tla kwa go ene fa a ne a ntse a le nosi mo ntlwaneng ya gagwe e e tsiditsana e e kwa borulelong. Mme Ehude a tswelela a re: “Ke na le lefoko la Modimo le le tlang kwa go wena.” Foo a ema mo setulong sa gagwe sa bogosi.
21 Foo Ehude a ntsha seatla sa molema mme a somola tšhaka mo seropeng sa moja a bo a e sotlhometsa mo mpeng ya gagwe.
22 Mme mohinyana wa yone wa nna wa tsena morago ga gore go tsene bogale jwa yone gore mafura a bo a khurumetse bogale jwa yone, gonne ga a ka a somola tšhaka mo mpeng ya gagwe, mme mantle a simolola go tswa.
23 Mme Ehude a tswa ka phatlha e e tsenyang phefo, a ba a tswala dikgoro tsa ntlwana e e kwa borulelong a bo a di lotlela.
24 Mme ene ka esi a tswa.+
Mme batlhanka ba gagwe ba tla ba simolola go leba, mme ba fitlhela dikgoro tsa ntlwana e e kwa borulelong di lotletswe. Ka jalo ba re: “O a ithoma+ mo phaposing e e kwa teng e e tsiditsana.”
25 Mme ba nna ba letile go fitlha ba tlhabiwa ke ditlhong, mme bona! go ne go se na ope yo o bulang dikgoro tsa ntlwana e e kwa borulelong. Morago ga moo ba tsaya selotlolo mme ba di bula, mme bona! morena wa bone o ne a wetse fa fatshe a sule!
26 Mme Ehude ene, a falola ba ntse ba diega, mme a feta fa matikiring+ a falolela kwa Seira.
27 Ga diragala gore fa a tsena koo a letse lonaka+ mo kgaolong e e dithaba ya Eferaime;+ mme bomorwa Iseraele ba simolola go fologa le ene mo kgaolong e e dithaba, ene a le kwa tlhogong ya bone.
28 Foo a ba raya a re: “Ntshalang morago,+ ka gonne Jehofa o tsentse baba ba lona, Bamoabe, mo seatleng sa lona.”+ Ba mo sala morago ba bo ba thopa+ matsibogo a Joredane mo Bamoabeng, mme ba se ka ba letla ope go feta.
29 Ka nako eo ba kgemetha Moabe, banna ba ka nna dikete di le lesome,+ mongwe le mongwe yo o nonofileng+ le mongwe le mongwe yo e leng seganka; mme ga se ka ga falola le fa e le a le mongwe fela.+
30 Moabe a fenngwa ka seatla sa Iseraele mo letsatsing leo; mme lefatshe la nna le se na matshwenyego a mangwe dingwaga di le masome a le robedi.+
31 Morago ga gagwe ga tla Shamegare+ morwa Anathe, a kgemetha Bafilisitia,+ banna ba le makgolo a le marataro ka setlhabo sa dikgomo; mme le ene a boloka Iseraele.+