Baatlhodi 10:1-18
10 Mme morago ga ga Abimeleke ga ema Tola morwa Pua, morwa Dodo, monna wa kwa Isakare, gore a boloke+ Iseraele, mme o ne a nna kwa Shamire mo kgaolong e e dithaba ya Eferaime.
2 A tswelela go atlhola Iseraele dingwaga di le masome a mabedi le boraro, morago ga moo a swa mme a fitlhwa kwa Shamire.
3 Morago ga gagwe ga ema Jaire wa Mogileade,+ mme a tswelela go atlhola Iseraele ka dingwaga di le masome a mabedi le bobedi.
4 Mme a nna le bana ba basimane ba le masome a mararo ba ba neng ba palama diesele+ tse di godileng sentle di le masome a mararo, e bile ba ne ba na le metse e le masome a mararo. Ba sa ntse ba e bitsa Hafotha-jaire+ go tla go fitlha mo letsatsing leno; e kwa lefatsheng la Gileade.
5 Morago ga moo Jaire a swa mme a fitlhwa kwa Kamone.
6 Mme bomorwa Iseraele ba boa gape ba dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa,+ ba simolola go direla Bobaale+ le ditshwantsho tsa Ashethorethe+ le medimo ya Siria+ le medimo ya Sidona+ le medimo ya Moabe+ le medimo ya bomorwa Amona+ le medimo ya Bafilisitia.+ Ka jalo ba tlogela Jehofa ba se ka ba mo direla.+
7 Foo bogale jwa ga Jehofa jwa tukela Iseraele,+ mo a neng a ba rekisetsa+ mo seatleng sa Bafilisitia+ le mo seatleng sa bomorwa Amona.+
8 Ka gone ba tšhwetlakanya ba bo ba gatelela bomorwa Iseraele thata mo ngwageng oo—ka dingwaga di le lesomerobedi bomorwa Iseraele botlhe ba ba neng ba le fa thoko ga Joredane mo lefatsheng la Baamore le le neng le le kwa Gileade.
9 Mme bomorwa Amona ba ne ba tle ba kgabaganye Joredane ba ya go tlhabana le Juda le Benjamine le ntlo ya ga Eferaime; mme Iseraele o ne a tshwenyega thata.+
10 Mme bomorwa Iseraele ba simolola go ikuela kwa go Jehofa gore a ba thuse,+ ba re: “Re go leofetse,+ ka gonne re tlogetse Modimo wa rona mme re direla Bobaale.”+
11 Foo Jehofa a raya bomorwa Iseraele a re: “A ga ke a ka ka lo golola mo seatleng sa Egepeto+ le Baamore+ le bomorwa Amona+ le Bafilisitia+
12 le Basidona+ le Baamaleke+ le Bamidiana,+ fa ba ne ba lo gatelela+ lo bo lo goela kwa go nna?
13 Mme lona, lo ne lwa ntlogela+ mme lwa simolola go direla medimo e mengwe.+ Ke gone ka moo ke se kitlang ke lo boloka gape.+
14 Tsamayang lo ye go ikuela kwa medimong+ e lo e tlhophileng+ gore e lo thuse. A e nne yone e lo bolokang ka nako ya matshwenyego a lona.”
15 Mme bomorwa Iseraele ba raya Jehofa ba re: “Re leofile.+ Wena re direle kafa matlho a gago+ a bonang go le molemo ka gone. Mme fela, tsweetswee, re golole mo letsatsing leno.”+
16 Mme ba simolola go tlosa medimo e sele mo gare ga bone+ ba bo ba direla Jehofa,+ mme moya wa gagwe+ wa fela pelo ka ntlha ya matshwenyego a Iseraele.+
17 Fa nako e ntse e tsamaya bomorwa Amona+ ba phuthiwa mme ba tlhoma bothibelelo kwa Gileade.+ Ka jalo bomorwa Iseraele ba phuthega mmogo mme ba tlhoma bothibelelo kwa Misepa.+
18 Mme batho le dikgosana tsa Gileade ba simolola go raana ba re: “Ke ofe monna yo o tla etelelang pele go tlhabana le bomorwa Amona?+ A a nne tlhogo ya banni botlhe ba Gileade.”+