3 Johane 1:1-14
1 Monna yo mogolwane, ke kwalela Gaio, moratwa, yo ke mo ratang eleruri.
2 Moratwa,+ ke rapelela gore o tlhogonolofale+ mo dilong tsotlhe le gore o nne le botsogo jo bontle,+ fela jaaka moya wa gago o tlhogonolofala.+
3 Gonne ke ne ka ipela fela thata fa bakaulengwe ba ne ba tla mme ba naya bosupi ka boammaaruri jo o nang le jone, fela jaaka o tswelela o tsamaya mo boammaaruring.
4 Ga go na lebaka le legolo la go leboga le ke nang le lone go feta dilo tseno, gore ke bo ke ntse ke utlwa gore bana ba me ba tswelela ba tsamaya mo boammaaruring.+
5 Moratwa, o dira tiro e e ikanyegang mo go sengwe le sengwe se o se direlang bakaulengwe,+ le gone e le batswakwa,+
6 ba ba neetseng bosupi ka lorato lwa gago fa pele ga phuthego. O tla bo o dira sentle fa o ba tsamaisa ka mokgwa o o tshwanelang Modimo.+
7 Gonne ba ne ba bolola ka ntlha ya leina la gagwe, ba sa tseye sepe+ mo bathong ba ditšhaba.
8 Jalo, rona re patelesega go amogela batho ba ba ntseng jalo jaaka baeng,+ gore re nne badirimmogo mo boammaaruring.+
9 Ke ne ka kwalela phuthego sengwe, mme Dioterefese, yo o ratang go nna le maemo a ntlha+ mo gare ga bone, ga a amogele sepe+ mo go rona ka tlotlo.+
10 Ke gone ka moo e tla reng fa ke tla, ke tla dirang gore go gakologelwe ditiro tsa gagwe tse a tswelelang a di dira,+ a balabala ka rona ka mafoko a boikepo.+ Gape, ka a sa kgotsofale ka dilo tseno, le ene ka boene ga a amogele bakaulengwe+ ka tlotlo, le ba ba batlang go ba amogela+ o leka go ba thibela+ le go ba latlhela kwa ntle+ ga phuthego.
11 Moratwa, o se ka wa nna moetsi wa se se bosula, mme o nne moetsi wa se se molemo.+ Yo o dirang molemo o tswa mo Modimong. Yo o dirang bosula ga a ise a bone Modimo.
12 Go ile ga neelwa bosupi ka Dimeterio ke bone botlhe+ le ke boammaaruri ka bojone. Tota e bile, le rona, re naya bosupi,+ e bile lo a itse gore bosupi jo re bo nayang bo boammaaruri.+
13 Ke ne ke na le dilo di le dintsi go di go kwalela, le fa go ntse jalo ga ke batle go nna ke go kwalela ka enke le pene.
14 Mme ke solofela go go bona ka tlhamalalo, mme re tla bua re lebane difatlhego.+
E kete o ka nna le kagiso.
Ditsala di go romelela ditumediso+ tsa tsone. Naya ditsala ka maina ditumediso+ tsa me.