2 Samuele 8:1-18
8 Mme ga diragala gore morago ga moo Dafide a kgemethe Bafilisitia+ a bo a ba fenye,+ mme Dafide a ntsha Methege-ama mo seatleng sa Bafilisitia.
2 Mme a kgemetha Bamoabe+ a ba lekanya ka mogala, a dira gore ba rapame fa fatshe, gore a lekanye megala e mebedi gore a ba bolaye, le mogala o o feletseng gore a ba boloke ba tshela;+ mme Bamoabe ba nna batlhanka ba ga Dafide+ gore ba tshole sehuba.+
3 Mme Dafide a kgemetha Hadadesere+ morwa Rehobe kgosi ya Soba+ jaaka a ne a ya go busetsa taolo ya gagwe gape kwa nokeng ya Euferatese.+
4 Mme Dafide a mo thopela bapalami ba dipitse ba le sekete le makgolo a supa le banna ba ba tsamayang ka dinao ba le dikete di le masome a mabedi;+ mme Dafide a kgaola mesifa ya maoto a dipitse tsotlhe tsa dikara+ mme mo go tsone a sadisa dipitse tsa dikara di le lekgolo.
5 Fa Siria wa Damaseko+ a ne a tla go thusa Hadadesere kgosi ya Soba, Dafide a kgemetha banna ba le dikete di le masome a mabedi le bobedi+ mo Basirieng.
6 Go feta moo, Dafide a baya ditlhopha tsa masole a a sireletsang+ kwa Siria wa Damaseko; mme Basiria ba nna batlhanka ba ga Dafide ba ba tlisang sehuba.+ Mme Jehofa a tswelela go boloka Dafide gongwe le gongwe kwa a neng a ya teng.+
7 Mo godimo ga moo, Dafide a tsaya dithebe+ tsa gouta tse di kgolokwe tse di neng di le mo batlhankeng ba ga Hadadesere a di tlisa mo Jerusalema.
8 Mme go tswa kwa Beta le Berothai, metse ya ga Hadadesere, Kgosi Dafide a tsaya kgotlho e le ntsi fela thata.+
9 Jaanong Toi kgosi ya Hamathe+ a utlwa gore Dafide o ne a kgemethile mophato otlhe wa sesole wa ga Hadadesere.+
10 Ka jalo Toi a roma Jorame morwawe kwa go Kgosi Dafide gore a ye go mmotsa matsogo+ le go mo akgola ka gonne a ne a lole le Hadadesere mo a neng a mo tlhaba (gonne Hadadesere o ne a thapiseditswe ntwa kgatlhanong le Toi); mme mo seatleng sa gagwe go ne go na le dilwana tsa selefera le dilwana tsa gouta le dilwana tsa kgotlho.+
11 Tseno le tsone Kgosi Dafide a di itshepisetsa Jehofa, mmogo le selefera le gouta tse a neng a di itshepisitse go tswa mo ditšhabeng tsotlhe tse a neng a di fentse,+
12 go tswa kwa Siria le go tswa kwa Moabe+ le go tswa kwa go bomorwa Amona le go tswa kwa Bafilisitieng+ le go tswa kwa Amaleke+ le go tswa mo thopong ya ga Hadadesere morwa Rehobe kgosi ya Soba.+
13 Mme Dafide a itirela leina fa a boa kwa go kgemetheng Baedoma mo Mokgatšheng wa Letswai+—ba le dikete di le lesome le borobabobedi.+
14 Mme a nna a beile ditlhopha tse di sireletsang tsa masole kwa Edoma.+ A baya ditlhopha tse di sireletsang tsa masole kwa Edoma yotlhe, mme Baedoma botlhe ba nna batlhanka ba ga Dafide;+ mme Jehofa a nna a boloka Dafide gongwe le gongwe kwa a neng a ya gone.+
15 Mme Dafide a nna a busa mo Iseraele+ yotlhe; mme Dafide o ne a direla batho+ ba gagwe botlhe tshwetso ya boatlhodi le tshiamo+ a sa kgaotse.
16 Mme Joabe+ morwa Seruia o ne a okametse masole; mme Jehoshafate+ morwa Ahilude e ne e le mokwadi.
17 Sadoke+ morwa Ahitube le Ahimeleke+ morwa Abiathare e ne e le baperesiti, mme Seraia e ne e le mokwaledi.
18 Mme Benaia+ morwa Jehoiada o ne a okametse Bakeretha+ le Bapelethe.+ Mme bomorwa Dafide bone, ba ne ba nna baperesiti.+