2 Samuele 6:1-23
6 Mme gape Dafide a phutha banna botlhe ba ba tlhophilweng ka kelotlhoko mo Iseraele,+ ba le dikete di le masome a mararo.
2 Foo Dafide le batho botlhe ba ba neng ba na le ene ba nanoga ba ya kwa Baale-juda+ gore ba ye go tlhatlosa letlole+ la Modimo wa boammaaruri go tswa koo, le leina+ le bidiwang mo go lone, leina la ga Jehofa wa masomosomo,+ yo o ntseng mo ditšherubeng.+
3 Le fa go ntse jalo, ba ne ba pega letlole la Modimo wa boammaaruri mo koloing e ntšha,+ gore ba le tlose mo ntlong ya ga Abinadabe,+ e e neng e le mo thoteng; mme Usa le Ahio,+ bomorwa Abinadabe, ba ne ba eteletse koloi e ntšha pele.
4 Ka jalo ba le tlosa mo ntlong ya ga Abinadabe, e e neng e le mo thoteng—le letlole la Modimo wa boammaaruri; mme Ahio o ne a tsamaya kwa pele ga Letlole.
5 Mme Dafide le ntlo yotlhe ya Iseraele ba ne ba keteka fa pele ga ga Jehofa ka mefuta yotlhe ya diletswa tsa logong lwa mofira le ka diharepa+ le ka diletswa tsa megala+ le ka meropana+ le ka disiseterame le ka disemebala.+
6 Mme kgabagare ba goroga kwa seboaneng sa ga Nakone, mme Usahe+ jaanong a ntshetsa letlole la Modimo wa boammaaruri seatla a le tshwara,+ gonne dikgomo di batlile di le menola.
7 Foo bogale jwa ga Jehofa+ jwa tukela Usahe mme Modimo wa boammaaruri a mmolaya+ ka ntlha ya tiro eo ya go tlhoka poifo ya bomodimo, mo o neng a swela foo gaufi le letlole la Modimo wa boammaaruri.+
8 Mme Dafide a galefela gore Jehofa o ne a kubugetse Usahe ka bogale, mme lefelo leo la bidiwa Perese-usahe go fitlha mo letsatsing leno.+
9 Mme Dafide a boifa Jehofa+ mo letsatsing leo mme a simolola go re: “Letlole la ga Jehofa le tla tla jang mo go nna?”+
10 Mme Dafide o ne a sa rate go tlosa letlole la ga Jehofa a le isa kwa go ene kwa Motseng wa ga Dafide.+ Ka jalo Dafide a dira gore le kukelwe kwa thoko kwa ntlong ya ga Obede-edome+ wa Mogathe.+
11 Mme letlole la ga Jehofa la tswelela le nna kwa ntlong ya ga Obede-edome wa Mogathe dikgwedi di le tharo; mme Jehofa a nna a segofatsa+ Obede-edome le botlhe ba ntlo ya gagwe.+
12 La bofelo go ne ga begelwa Kgosi Dafide, go twe: “Jehofa o segofaditse ntlo ya ga Obede-edome le sotlhe se e leng sa gagwe ka ntlha ya letlole la Modimo wa boammaaruri.” Foo Dafide a ya go tlhatlosa letlole la Modimo wa boammaaruri go tswa kwa ntlong ya ga Obede-edome go ya kwa Motseng wa ga Dafide ka go ipela.+
13 Mme ga diragala gore fa batshodi+ ba letlole la ga Jehofa ba sena go gwanta dikgato tse thataro, ka yone nako eo a ntsha setlhabelo sa poo le phologotswana e e nontshitsweng.+
14 Mme Dafide a bo a binabina fa pele ga ga Jehofa ka maatla a gagwe otlhe, mme nako eo yotlhe Dafide a bo a ikgatlhile ka khiba+ ya leloba.
15 Mme Dafide le botlhe ba ntlo ya Iseraele ba ne ba tlhatlosa letlole+ la ga Jehofa ka go goa ka boipelo+ le ka modumo wa lonaka.+
16 Mme ga diragala gore fa letlole la ga Jehofa le tsena mo Motseng wa ga Dafide, Mikale,+ morwadia Saulo, a leba kwa tlase ka fensetere mme a bona Kgosi Dafide a tlola e bile a binabina fa pele ga ga Jehofa; mme a simolola go mo nyatsa+ mo pelong ya gagwe.+
17 Ka jalo ba tlisa letlole la ga Jehofa mo teng ba le baya mo lefelong la lone mo teng ga mogope o Dafide a neng a o le tlhometse;+ mme morago ga moo Dafide a isa ditlhabelo+ tse di fisiwang le ditlhabelo tsa kabalano+ fa pele ga ga Jehofa.
18 Fa Dafide a ne a feditse go isa ditlhabelo tse di fisiwang le ditlhabelo tsa kabalano, a segofatsa+ batho mo leineng la ga Jehofa+ wa masomosomo.
19 Go feta moo, a kgaoganyetsa+ batho botlhe, boidiidi jotlhe jwa Iseraele, monna le mosadi, mongwe le mongwe kuku e e bopegileng jaaka leseka ya senkgwe le kuku ya leungo la mokolane le kuku ya morara o o swabisitsweng,+ mme morago ga moo mongwe le mongwe a ya kwa ntlong ya gagwe.
20 Jaanong Dafide a boa a ya go segofatsa ba ntlo ya gagwe,+ mme Mikale,+ morwadia Saulo, a tswa a tla go kgatlhantsha Dafide mme a re: “A bo kgosi ya Iseraele e ikgalaleditse jang ne gompieno+ fa e ne e ipipolola gompieno mo matlhong a malata a batlhanka ba yone, fela jaaka mongwe wa banna ba ba ditlhogo di lolea a ipipolola ka tlhamalalo!”+
21 Foo Dafide a raya Mikale a re: “E ne e le fa pele ga ga Jehofa, yo o tlhophileng nna go na le rrago le botlhe ba ntlo ya gagwe gore ke laele+ batho ba ga Jehofa Iseraele jaaka moeteledipele, mme ke tla keteka fa pele ga ga Jehofa.+
22 Mme ke tla dira gore ke tseelwe kwa tlase le go feta fa,+ mme ke tla kokobediwa mo matlhong a me; mme malata a o a umakileng, ke ikemiseditse go ikgalaletsa le one.”+
23 Ka jalo, Mikale,+ morwadia Saulo, a se ka a nna le ngwana go ya go fitlha mo letsatsing la go swa ga gagwe.