2 Samuele 5:1-25

5  Fa nako e ntse e tsamaya ditso tsotlhe tsa Iseraele tsa tla kwa go Dafide+ kwa Heberone+ tsa re: “Bona! Rona ka borona re lerapo la gago le nama ya gago.+  Maabane le mo nakong e e fetileng+ fa Saulo a ne a le kgosi ya rona, ke wena yo o neng o etelela Iseraele pele go tswa le go e tsenya.+ Mme Jehofa a go raya a re, ‘Wena ka bowena o tla disa+ batho ba me Iseraele, e bile wena ka bowena o tla nna moeteledipele+ wa Iseraele.’”  Ka jalo banna botlhe ba bagolwane+ ba Iseraele ba tla kwa kgosing kwa Heberone, mme Kgosi Dafide a dira kgolagano+ le bone kwa Heberone fa pele ga ga Jehofa; mme morago ga moo ba tlotsa+ Dafide go nna kgosi ya Iseraele.+  Dafide o ne a na le dingwaga di le masome a mararo fa a nna kgosi. O ne a busa e le kgosi dingwaga di le masome a manè.+  O ne a busa e le kgosi ya Juda kwa Heberone dingwaga di le supa le dikgwedi di le thataro;+ mme a busa e le kgosi kwa Jerusalema+ dingwaga di le masome a mararo le boraro a busa Iseraele yotlhe le Juda.  Ka gone kgosi le banna ba yone ba ya kwa Jerusalema go ya go tlhasela Bajebuse+ ba ba nnang mo lefatsheng leo, mme ba simolola go raya Dafide ba re: “Ga o kitla o tsena fano, mme difofu le digole ruri di tla go faposa,”+ bone ba akanya gore: “Dafide ga a kitla a tsena fano.”  Le fa go ntse jalo, Dafide a thopa kago e e thata ya Siona,+ ke gore, Motse wa ga Dafide.+  Ka jalo Dafide a bua mo letsatsing leo a re: “Ope fela yo o kgemethang Bajebuse,+ a a tsene ka mogogoro wa metsi,+ a kopane le digole le difofu, tse di tlhoilweng ke moya wa ga Dafide!” Ke gone ka moo ba reng: “Sefofu le segole ga di kitla di tsena mo ntlong.”  Mme Dafide a nna mo kagong e e thata, mme ya bidiwa Motse wa ga Dafide; mme Dafide a simolola go aga gotlhe fela go tswa kwa Thoteng+ le mo teng. 10  Ka gone Dafide a tswelela a gola thata,+ mme Jehofa Modimo wa masomosomo+ o ne a na le ene.+ 11  Mme Hirame+ kgosi ya Ture a romela barongwa+ kwa go Dafide, le ditlhare+ tsa mosedara le badira ka dikgong le badira ka maje a dipota, mme ba simolola go agela Dafide+ ntlo. 12  Mme Dafide a simolola go itse gore Jehofa o ne a mo tlhomamisitse ka thata go nna kgosi ya Iseraele+ le gore o ne a godisitse+ bogosi jwa gagwe ka ntlha ya batho ba gagwe Iseraele.+ 13  Fa go sa ntse go ntse jalo, Dafide a nna a tsaya bagadingwana+ ba ba oketsegileng le basadi+ ba ba tswang kwa Jerusalema fa a sena go tswa kwa Heberone; mme Dafide a tswelela a tsholelwa bana ba bantsi ba basimane le ba basetsana. 14  Mme ano ke maina a ba a ba tsholetsweng kwa Jerusalema: Shammua+ le Shobabe+ le Nathane+ le Solomone,+ 15  le Ibehare le Elishua+ le Nefege+ le Jafia,+ 16  le Elishama+ le Eliada le Elifelete.+ 17  Mme Bafilisitia ba utlwa gore ba ne ba tloditse Dafide go nna kgosi ya Iseraele.+ Foo Bafilisitia botlhe ba tlhatloga ba tla go batla Dafide. E rile Dafide a utlwa ka gone, a fologela kwa lefelong le go leng thata go le atamela.+ 18  Mme Bafilisitia bone, ba tsena mme ba nna ba tsamayatsamaya mo lebaleng le le kwa tlase la Refaime.+ 19  Mme Dafide a simolola go botsa+ Jehofa, a re: “A ke tlhasele Bafilisitia? A o tla ba tsenya mo seatleng sa me?” Foo Jehofa a raya Dafide a re: “Tlhatloga, gonne ruri ke tla tsenya Bafilisitia mo diatleng tsa gago.”+ 20  Ka jalo Dafide a tla kwa Baale-perasime,+ mme Dafide a ba kgemetha gone koo. Foo a re: “Jehofa o thubagantse baba ba me+ kwa pele gape, jaaka phatlha e e dirilweng ke metsi.” Ke gone ka moo a neng a bitsa leina la lefelo leo a re Baale-perasime.+ 21  Ka gone ba tlogela medingwana ya bone+ foo, ka jalo Dafide le banna ba gagwe ba e tsaya.+ 22  Moragonyana Bafilisitia ba tlhatloga gape+ mme ba tsamayatsamaya mo lebaleng le le kwa tlase la Refaime.+ 23  Foo Dafide a botsa+ Jehofa, mme a re: “O se ka wa tlhatloga. Potologela ka kwa morago ga bone, mme o ba tlhasele ka kwa pele ga ditlhatshana tsa bakha.+ 24  Mme a go diragale gore, fa o utlwa modumo wa go gwanta kwa godimo ga ditlhatshana tsa bakha, ka nako eo o dire ka bofefo,+ ka gonne ka nako eo Jehofa o tla bo a dule kwa pele ga gago go kgemetha bothibelelo jwa Bafilisitia.”+ 25  Ka jalo Dafide a dira ka tsela eo, fela jaaka Jehofa a ne a mo laetse,+ mme a kgemetha+ Bafilisitia go tswa kwa Geba go ya fela kwa Gesere.

Dintlha Tse di Kwa Tlase