2 Samuele 16:1-23
16 Fa Dafide a sena go kgabaganyetsa ka kwa ga setlhoa+ go le gonnye, ga bo go na le Siba,+ motlhokomedi wa ga Mefiboshethe+ a tlile go mo kgatlhantsha a na le diesele+ di le mmalwa di belesitswe mme mo godimo ga tsone go na le dinkgwe+ di le makgolo a le mabedi le dikuku di le lekgolo tsa morara o o swabisitsweng+ le merwalo e le lekgolo ya maungo+ a letlhabula le nkgo e kgolo ya beine.+
2 Foo kgosi ya raya Siba ya re: “Dilo tseno di kaya eng mo go wena?”+ Foo Siba a re: “Diesele ke tsa ba ntlo ya kgosi gore ba di palame, mme senkgwe le morwalo wa maungo a letlhabula ke tsa makau+ gore a je, mme beine ke ya yo o lapileng+ mo nageng+ gore a nwe.”
3 Jaanong kgosi ya re: “Mme morwa mong+ wa gago o kae?” Foo Siba a raya kgosi a re: “Bona, o nna kwa Jerusalema; gonne o rile, ‘Gompieno ntlo ya Iseraele e tla mpusetsa puso ya segosi ya ga rre.’”+
4 Foo kgosi ya raya Siba ya re: “Bona! Sengwe le sengwe se e leng sa ga Mefiboshethe+ ke sa gago.” Foo Siba a re: “Ke a ikoba.+ Mma ke bone kamogelo mo matlhong a gago, morena wa me kgosi.”
5 Mme Kgosi Dafide a tla go fitlha kwa Bahurime,+ mme bona! monna mongwe a bo a tswa moo e le wa lelapa la ntlo ya ga Saulo, mme leina la gagwe e ne e le Shimei,+ morwa Gera, a tswa a mo hutsa fa a ntse a tswa.+
6 Mme a simolola go konopa Dafide le batlhanka botlhe ba ga Kgosi Dafide ka maje; mme batho botlhe le banna botlhe ba ba thata ba ne ba le kafa mojeng wa gagwe le kafa molemeng wa gagwe.
7 Mme Shimei a bua jaana fa a ntse a mo hutsa: “Tswa, tswa, wena monna yo o molato wa madi+ yo o se nang molemo wa sepe!+
8 Jehofa o buseditse molato otlhe wa madi wa ntlo ya ga Saulo mo go wena yo o busitseng mo boemong jwa gagwe o le kgosi; mme Jehofa o tsenya bogosi mo seatleng sa ga Abesalome morwao. Mme bona, o mo masetlapelong a gago, ka gonne o monna yo o nang le molato wa madi!”+
9 La bofelo Abishai morwa Seruia+ a raya kgosi a re: “Ke ka ntlha yang fa ntša eno e e suleng+ e tshwanetse go hutsa morena wa me kgosi?+ Tsweetswee, mma ke ye, mme ke tlose tlhogo ya gagwe.”+
10 Mme kgosi ya re: “Ke dirang ka lona,+ lona bomorwa Seruia?+ Mma a mphutse+ jalo, ka gonne Jehofa ka boene+ o mo reile a re, ‘Hutsa Dafide!’ Ka jalo ke mang yo o ka reng, ‘Ke ka ntlha yang fa o ne o dira jalo?’”+
11 Mme Dafide a tswelela a raya Abishai le batlhanka ba gagwe botlhe a re: “Bonang, morwaake tota, yo o duleng mo teng ga me, o batla moya wa me;+ go tweng he ka Mobenjamine!+ Mo lese a mphutse, gonne Jehofa o mo reile jalo!
12 Gongwe Jehofa o tla bona+ ka leitlho la gagwe, mme Jehofa ruri a mpusetse molemo mo boemong jwa phutso ya gagwe mo letsatsing leno.”+
13 Foo Dafide le banna ba gagwe ba tswelela ba tsamaya mo tseleng, fa Shimei a ntse a tsamaya fa thoko ga thaba, a tsamaya go lebagana le ene gore a mo hutse bosula;+ mme a nna a konopa ka maje a ntse a le lebagane le ene, mme a kuisa lorole lo lontsi.+
14 Kgabagare kgosi le batho botlhe ba ba neng ba na le yone ba goroga ba lapile. Ka jalo ba itapolosa koo.+
15 Mme Abesalome le batho botlhe, banna ba Iseraele, ba tsena mo Jerusalema;+ mme Ahitofele+ a bo a na le ene.
16 Mme ga diragala gore, fela fa Hushai+ wa Moareka, molekane wa ga Dafide,+ a tsena kwa go Abesalome, Hushai a raya Abesalome a re: “A kgosi e tshele!+ A kgosi e tshele!”
17 Foo Abesalome a raya Hushai a re: “Jono ke bopelonomi jwa gago jwa lorato mo molekaneng wa gago, gakere? Ke ka ntlha yang fa o ne o sa tsamaye le molekane wa gago?”+
18 Ka jalo Hushai a raya Abesalome a re: “Nnyaa; ene yo Jehofa a mo tlhophileng le batho bano le banna botlhe ba Iseraele, ke tla nna wa gagwe, e bile ke tla nna le ene.
19 Mme ke tla bua la bobedi ke re, Ke tla direla mang? A ga se fa pele ga ga morwawe? Fela jaaka ke ne ke direla fa pele ga ga rrago, ke tla nna jalo fa pele ga gago.”+
20 Moragonyana Abesalome a raya Ahitofele a re: “Lona banna, nayang kgakololo ya lona.+ Re tla dirang?”
21 Foo Ahitofele a raya Abesalome a re: “Robala le bagadingwana ba ga rrago,+ ba a ba tlogetseng gore ba tlhokomele ntlo.+ Mme ruri Iseraele yotlhe e tla utlwa gore o inkgisitse maswe+ mo go rrago,+ mme diatla+ tsa botlhe ba ba nang le wena di tla nonofa.”
22 Ka gone ba tlhomela Abesalome mogope mo godimo ga borulelo,+ mme Abesalome a simolola go robala le bagadingwana ba ga rraagwe+ mo matlhong a Iseraele+ yotlhe.
23 Mme kgakololo ya ga Ahitofele, e a neng a gakolola ka yone mo metlheng eo, e ne e ntse fela jaaka fa motho a ne a tle a botse lefoko la Modimo wa boammaaruri. Ke kafa kgakololo+ yotlhe ya ga Ahitofele+ e neng e ntse ka teng mo go Dafide le mo go Abesalome boobabedi.