2 Samuele 12:1-31
12 Mme Jehofa a romela Nathane+ kwa go Dafide. Ka jalo a tsena kwa go ene+ mme a mo raya a re: “Go ne go na le banna ba le babedi ba ba neng ba le mo motseng o le mongwe fela, yo mongwe a humile mme yo mongwe a humanegile.
2 Monna yo o humileng o ne a na le dinku di le dintsi thata le dikgomo;+
3 mme monna yo o humanegileng o ne a se na sepe fa e se kwanyana e le nngwe e namagadi, e potlana, e a neng a e rekile.+ Mme o ne a e boloka e tshela, mme e ne e gola le ene le bomorwawe, botlhe mmogo. E ne e tle e je mo thathaneng ya gagwe, e nwe mo senwelong sa gagwe, e lale mo sehubeng sa gagwe, mme e ne ya nna jaaka morwadie.
4 Moragonyana ga tla moeng kwa monneng wa mohumi, mme a rekegela go tsaya dingwe tsa dinku tsa gagwe le dikgomo tsa gagwe gore a di baakanyetse motsamai yo o neng a tsene kwa go ene. Ka jalo a tsaya kwanyana e namagadi ya monna yo o humanegileng a e baakanyetsa monna yo o neng a tsene kwa go ene.”+
5 Foo bogale jwa ga Dafide jwa tukela monna+ yoo fela thata, mo o neng a raya Nathane a re: “Jaaka Jehofa a tshedile,+ monna yo o dirang seno o tshwanelwa ke go swa!+
6 Mme o tshwanetse a duelela+ kwanyana e namagadi ka di le nnè,+ ka ntlha ya go bo a dirile selo seno le ka gonne o ne a se na bopelotlhomogi.”+
7 Foo Nathane a raya Dafide a re: “Ke wena monna yoo! Jehofa Modimo wa Iseraele o buile jaana, ‘Nna ka bonna ke ne ka go tlotsa+ go nna kgosi ya Iseraele, e bile nna ka bonna ke ne ka go golola+ mo seatleng sa ga Saulo.
8 Mme ke ne ke rata go go naya ntlo ya morena wa gago+ le basadi ba morena wa gago+ mo sehubeng sa gago, le go go naya ntlo ya Iseraele le ya Juda.+ Mme fa go ne go sa lekana, ke ne ke rata go go okeletsa dilo tse di tshwanang le tseno le dilo+ tse dingwe.
9 Ke ka ntlha yang fa o ne wa nyatsa lefoko la ga Jehofa ka go dira se se bosula+ mo matlhong a gagwe? O kgemethile Uria wa Mohite ka tšhaka,+ mme o tsere mosadi wa gagwe go nna mosadi wa gago,+ mme ene o mmolaile ka tšhaka ya bomorwa Amona.
10 Mme jaanong tšhaka+ ga e kitla e tswa mo ntlong ya gago ka bosakhutleng,+ ka ntlha ya gonne o nnyaditse mo o neng wa tsaya mosadi wa ga Uria wa Mohite go nna mosadi wa gago.’
11 Jehofa o buile jaana, ‘Bona, ke go tsosetsa masetlapelo mo ntlong ya gago;+ mme ke tla tsaya basadi ba gago mo matlhong a gago ke ba neye mongwe ka wena,+ mme o tla lala le basadi ba gago fa pele ga matlho a letsatsi leno.+
12 Le fa wena o dirile mo sephiring,+ mme nna, ke tla dira selo seno fa pele ga Iseraele+ yotlhe le fa pele ga letsatsi.’”+
13 Jaanong Dafide a raya+ Nathane a re: “Ke leofetse Jehofa.”+ Foo Nathane a raya Dafide a re: “Jehofa le ene o tlogela boleo jwa gago bo feta.+ Ga o kitla o swa.+
14 Le fa go ntse jalo, ka gonne ruri o tlhokile tlotlo+ mo go Jehofa ka selo seno, le morwa ka boene, yo o sa tswang go mo tsholelwa, ruri o tla swa.”+
15 Foo Nathane a ya kwa ntlong ya gagwe.
Mme Jehofa a itaya+ ngwana yo mosadi wa ga Uria a neng a mo tsholetse Dafide mo o neng a lwala.
16 Mme Dafide a simolola go batla Modimo wa boammaaruri ka ntlha ya mosimane, mme Dafide a itima dijo gotlhelele+ mme a tsena a lala a rapame fa fatshe+ bosigo.
17 Ka jalo banna ba bagolwane ba ntlo ya gagwe ba ema fa go ene gore ba mo kakatlolole fa fatshe, mme ga a ka a dumela le gone a se ka a ja senkgwe+ le bone.
18 Mme ga diragala mo letsatsing la bosupa gore la bofelo ngwana a swe. Mme batlhanka ba ga Dafide ba ne ba boifa go mmolelela gore ngwana o ne a sule; gonne ba ne ba re: “Bona! Fa ngwana a ne a sa ntse a tshela re ne ra bua le ene, mme a se ka a reetsa lentswe la rona; mme re ka bua le ene jang ra re, ‘Ngwana o sule’? Foo ruri o tla dira sengwe se se bosula.”
19 E rile Dafide a bona gore batlhanka ba gagwe ba ne ba sebaseba mmogo, Dafide a simolola go lemoga gore ngwana o ne a sule. Ka jalo Dafide a raya batlhanka ba gagwe a re: “A ngwana o sule?” Foo ba re: “O sule.”
20 Foo Dafide a nanoga fa fatshe a tlhapa a ba a itshasa+ leokwane a apara diaparo di sele mme a tla mo ntlong+ ya ga Jehofa a obama;+ mme morago ga moo a tsena mo ntlong ya gagwe a kopa, mme ba akofa ba baya senkgwe fa pele ga gagwe mme a simolola go ja.
21 Ka gone batlhanka ba gagwe ba mo raya ba re: “Selo seno se o se dirileng se kaya eng? Fa ngwana a ne a sa ntse a tshela o ne o itima dijo e bile o lela ka ntlha ya gagwe; mme fela fa ngwana a sena go swa o ne wa nanoga wa simolola go ja senkgwe.”
22 Mme a re: “Fa ngwana a ne a sa ntse a tshela ke ne ka itima dijo+ ka ba ka nna ke lela,+ ka gonne ke ne ka ipolelela ka re, ‘Ke mang yo o itseng gore a Jehofa a ka nna a nkutlwela botlhoko, mme ngwana ruri a tshele?’+
23 Jaanong ka o sule, ke itimelang dijo? A nka kgona go mmusa gape?+ Ke ya kwa go ene,+ mme ene, ga a kitla a boela kwa go nna.”+
24 Mme Dafide a simolola go gomotsa Bathe-sheba mosadi wa gagwe.+ Gape, a tsena kwa go ene a lala le ene. Fa nako e ntse e tsamaya a tshola morwa,+ mme a newa leina go twe Solomone.+ Mme Jehofa ka boene a mo rata.+
25 Ka jalo a romela ka moporofeti Nathane+ mme a mo naya leina la Jedidia, ka ntlha ya ga Jehofa.
26 Mme Joabe+ a tswelela a tlhabana le Raba+ wa bomorwa Amona mme a thopa motse wa bogosi.
27 Ka jalo Joabe a romela barongwa kwa go Dafide a re: “Ke tlhabane le Raba.+ Gape ke thopile motse wa metsi.
28 Jaanong phutha batho ba bangwe botlhe mme o thibelele kgatlhanong le motse, o o thope; gore e se ka ya nna nna yo o thopang motse, le gore leina la me le se ka la tshwanelwa ke go bidiwa mo go one.”
29 Ka gone Dafide a phutha batho botlhe a ya kwa Raba mme a tlhabana le yone a ba a e thopa.
30 Mme a tlosa serwalo sa ga Malekame mo tlhogong ya gagwe,+ selekanyo sa bokete jwa sone e le talenta ya gouta, mmogo le maje a a tlhokegang; mme sa nna mo tlhogong ya ga Dafide. Mme thopo+ ya motse e a e ntshitseng e ne e le ntsi thata.
31 Mme a ntsha batho ba ba neng ba le mo go one, gore a ba beye fa majeng a a shagang le fa didirisiweng tse di bogale tsa tshipi+ le fa dilepeng tsa tshipi, mme a dira gore ba direle mo go direng ditena. Mme o ne a dira jalo ka metse yotlhe ya bomorwa Amona. La bofelo Dafide le batho botlhe ba boela kwa Jerusalema.