2 Ditiragalo 24:1-27
24 Jehoashe o ne a na le dingwaga di le supa fa a simolola go busa,+ mme a busa dingwaga di le masome a manè mo Jerusalema.+ Leina la ga mmaagwe e ne e le Sibia go tswa Beere-sheba.+
2 Mme Jehoashe+ a nna a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa+ mo metlheng yotlhe ya ga moperesiti Jehoiada.+
3 Mme Jehoiada a mo tseisa basadi ba babedi, mme a nna le bana ba basimane le ba basetsana.+
4 Jaanong ga diragala morago ga moo gore pelo ya ga Jehoashe e rate thata go shafatsa ntlo ya ga Jehofa.+
5 Ka jalo a phutha baperesiti+ le Balefi mmogo mme a ba raya a re: “Tswelang kwa metseng ya Juda mme lo phuthe madi mo Iseraele yotlhe gore lo baakanye+ ntlo ya Modimo wa lona ngwaga le ngwaga;+ mme fa e le lona, lo dire ka bonako mo kgannyeng eno.” Mme Balefi ba se ka ba dira ka bonako.+
6 Ka jalo kgosi ya bitsa Jehoiada tlhogo mme ya mo raya ya re:+ “Ke ka ntlha yang fa o sa dira gore Balefi ba ikarabele ka ga go tlisa lekgetho le le boitshepo le le laotsweng ke Moshe+ motlhanka wa ga Jehofa go tswa kwa Juda le Jerusalema, le la phuthego ya Iseraele, la mogope wa Tshupo?+
7 Gonne fa e le Athalia mosadi yo o boikepo, bomorwawe+ ba ne ba ile ba thuba ba tsena mo ntlong ya Modimo wa boammaaruri,+ e bile ba ne ba iseditse Bobaale+ dilo tsotlhe tse di boitshepo+ tsa ntlo ya ga Jehofa.”
8 Foo kgosi ya ntsha lefoko, mme ba dira letlole+ ba le baya ka kwa ntle fa kgorong ya ntlo ya ga Jehofa.
9 Morago ga moo ba utlwatsa mokgosi mo Juda yotlhe le Jerusalema gore lekgetho le le boitshepo+ le Moshe+ motlhanka wa Modimo wa boammaaruri a neng a le laolela Iseraele kwa nageng le tlisiwe mo go Jehofa.
10 Mme dikgosana+ tsotlhe le batho botlhe ba simolola go ipela,+ ba nna ba le tlisa ba le latlhela mo teng ga letlole+ go fitlha botlhe ba ntshitse.
11 Ga diragala gore ka nako e e tshwanetseng a beye letlole mo tlhokomelong ya kgosi ka seatla sa Balefi,+ mme, e rile fela ba bona gore go ne go na le madi+ a le mantsi thata, mokwaledi+ wa kgosi le molaodi wa moperesiti yo mogolo ba tla mme ba ntsha sotlhe se se mo letloleng ba le tsholetsa ba le busetsa mo lefelong la lone. Ke kafa ba neng ba dira ka gone letsatsi le letsatsi, mo ba neng ba phutha madi a le mantsi.
12 Mme kgosi le Jehoiada ba ne ba a naya badiri+ ba tiro ya tirelo ya ntlo ya ga Jehofa,+ mme ba nna bathapi ba babetli ba maje+ le ba badiri ba ba ditswerere+ gore ba shafatse ntlo ya ga Jehofa,+ le badira ka tshipi le kgotlho gore ba baakanye ntlo ya ga Jehofa.+
13 Mme badiri ba tiro ba simolola ditiro,+ mme tiro ya go baakanya ya nna ya tswelela ka seatla sa bone, labofelo ba dira gore ntlo ya Modimo wa boammaaruri e eme ka popego e e tshwanetseng go ema ka yone ba bo ba e nonotsha.
14 E rile fela fa ba fetsa ba tlisa madi a mangwe otlhe fa pele ga kgosi le Jehoiada, mme ba direla ntlo ya ga Jehofa dilwana, dilwana tsa bodiredi+ le tsa go dira ditshupelo le dinwelo+ le dilwana tsa gouta+ le tsa selefera; mme ba nna ba ba isang ditlhabelo tse di fisiwang+ mo ntlong ya ga Jehofa ka metlha malatsi otlhe a ga Jehoiada.
15 Mme Jehoiada a tsofala a ba a kgotsofala ka dingwaga+ mme kgabagare a swa, a le dingwaga di le lekgolo le masome a mararo fa a swa.
16 Ka jalo ba mo fitlha mo Motseng wa ga Dafide mmogo le dikgosi,+ ka gonne o ne a dirile molemo mo Iseraele+ le mo Modimong wa boammaaruri le mo Ntlong ya Gagwe.
17 Morago ga loso lwa ga Jehoiada dikgosana+ tsa Juda tsa tsena mme tsa ikobela kgosi. Ka nako eo kgosi ya di reetsa.+
18 Kgabagare ba tlogela ntlo ya ga Jehofa Modimo wa borraabonemogologolwane mme ba simolola go direla dikota tse di boitshepo+ le medingwana,+ mo Juda le Jerusalema di neng tsa shakgalelwa ka ntlha ya molato ono wa bone.+
19 Mme a nna a romela baporofeti+ mo go bone gore a ba busetse kwa go Jehofa; mme ba nna ba neela bosupi kgatlhanong le bone, mme ba se ka ba sekega tsebe.+
20 Mme moya+ wa Modimo ka boone wa apesa+ Sekarea+ morwa moperesiti Jehoiada,+ mo a neng a emela kwa godimo ga batho a ba a ba raya a re: “Modimo wa boammaaruri o buile jaana, ‘Ke ka ntlha yang fa lo tlola ditaelo tsa ga Jehofa, mo lo sa atlegeng?+ Ka gonne lo tlogetse Jehofa, le ene o tla lo tlogela.’”+
21 La bofelo ba mo logela leano la boferefere+ ba bo ba mo kgobotletsa ka maje+ ka taelo ya kgosi mo lolwapeng lwa ntlo ya ga Jehofa.
22 Mme kgosi Jehoashe a se ka a gakologelwa bopelonomi jwa lorato jo Jehoiada rraagwe a neng a bo mo diretse,+ mo a neng a bolaya morwawe, yo fa a ne a tloga a swa, a neng a re: “E kete Jehofa a ka bona seno a bo a se batla.”+
23 Mme ga diragala gore fa ngwaga o simolola+ mophato wa sesole wa Siria+ o mo tsogologele,+ mme ba simolola go tlhasela Juda le Jerusalema. Foo ba senya dikgosana+ tsotlhe tsa batho gore di tswe mo gare ga batho, mme ba romela thopo yotlhe ya bone kwa kgosing ya Damaseko.+
24 Gonne mophato wa sesole wa Siria o ne o ile wa tlhasela+ ka palo e nnye ya batho, mme Jehofa ka boene a tsenya mophato wa sesole wa palo e kgolo thata+ mo seatleng sa bone, ka gonne ba ne ba tlogetse Jehofa Modimo wa borraabonemogologolwane; mme ba diragatsa ditiro tsa katlholo+ mo go Jehoashe.
25 E rile ba tswa mo go ene (ka gonne ba ne ba mo tlogela ka malwetse a le mantsi),+ batlhanka ba gagwe ba mo logela leano la boferefere+ ka ntlha ya madi+ a bomorwa moperesiti Jehoiada;+ mme ba mmolaela mo sekanamelong sa gagwe, mme a swa.+ Foo ba mo fitlha mo Motseng wa ga Dafide,+ mme ba se ka ba mo fitlha mo mafelong a dikgosi a go fitlhela.+
26 Bano ke ba ba neng ba mo logela leano la boferefere: Sabade+ morwa Shimeathe mosadi wa Moamona le Jehosabade morwa Shimerithe mosadi wa Momoabe.
27 Fa e le bomorwawe bone le dipolelo tse dintsi tse di leng kgatlhanong le ene+ le go thaiwa+ ga ntlo ya Modimo wa boammaaruri, di kwadilwe mo phuthololong ya Buka+ ya Dikgosi. Mme Amasia+ morwawe a simolola go busa mo boemong jwa gagwe.