2 Ditiragalo 19:1-11
19 Foo Jehoshafate kgosi ya Juda a boela ka kagiso+ kwa ntlong ya gagwe kwa Jerusalema.
2 Jaanong Jehu+ morwa Hanani+ wa mmoni wa diponatshegelo+ a tswela kwa go ene mme a raya Kgosi Jehoshafate a re: “A thuso e tshwanetse go newa+ batho ba ba boikepo, e bile a o tshwanetse go rata+ ba ba tlhoileng+ Jehofa? Jehofa o go galefetse+ ka ntlha ya selo seno.
3 Le fa go ntse jalo, go na le dilo tse di molemo+ tse di fitlhetsweng mo go wena, ka gonne o tlositse dikota tse di boitshepo mo lefatsheng+ e bile o baakantse pelo ya gago gore e batle Modimo+ wa boammaaruri.”
4 Mme Jehoshafate a tswelela a nna mo Jerusalema; a simolola go tswela mo gare ga batho gape go tswa Beere-sheba+ go ya kwa kgaolong e e dithaba ya Eferaime,+ gore a tle a ba busetse kwa go Jehofa Modimo wa borraabonemogologolwane.+
5 Mme a emisa baatlhodi go ralala lefatshe mo metseng yotlhe e e sireletsegileng ya Juda, motse le motse.+
6 Mme a raya baatlhodi a re: “Lo bone se lo se dirang,+ ka gonne ga lo atlholele motho mme lo atlholela Jehofa;+ mme o na le lona mo kgannyeng ya katlholo.+
7 Jaanong a go boifa+ Jehofa go nne mo go lona.+ Nnang kelotlhoko mme lo dire,+ gonne ga go na tshiamololo+ mo go Jehofa Modimo wa rona kgotsa tlhaolele+ kgotsa go amogela pipamolomo.”+
8 Le kwa Jerusalema Jehoshafate a emisa bangwe ba Balefi+ le baperesiti+ le bangwe ba ditlhogo tsa ba matlo a borre+ ba Iseraele go nna ba ba atlholelang+ Jehofa le ba dikgetsi tsa molao+ tsa banni ba Jerusalema.
9 Mo godimo ga moo, a ba laela, a re: “Eno ke tsela e lo tshwanetseng lwa dira ka yone mo go boifeng+ Jehofa ka boikanyegi le ka pelo e e feletseng.
10 Fa e le kgetsi nngwe le nngwe ya molao e e tla tlang kwa go lona ya bomorwarraalona ba ba nnang mo metseng ya bone, e e amanang le tshololo ya madi,+ e e amanang le molao+ le taelo+ le melawana+ le ditshwetso tsa boatlhodi,+ lo ba tlhagise gore ba se ka ba direla Jehofa phoso mme lona le bomorwarraalona lwa shakgalelwa.+ Eno ke tsela e lo tshwanetseng lwa dira ka yone gore lo se ka lwa nna molato.
11 Mme Amaria moperesiti yo mogolo ke yoo o lo okametse ka ga kgang nngwe le nngwe ya ga Jehofa;+ le Sebadia morwa Ishemaele moeteledipele wa ntlo ya Juda ka ga kgang nngwe le nngwe ya kgosi; gape lo na le Balefi e le badiredi ba lona. Nnang pelokgale mme lo dire, mme a Jehofa+ a itshupe a na le se se molemo.”+