2 Ditiragalo 16:1-14

16  Mo ngwageng wa bomasome a mararo le borataro wa puso ya ga Asa, Baasha+ kgosi ya Iseraele a tsogologela Juda mme a simolola go aga Rama,+ gore a se letlelele ope go tswa kgotsa go tsena kwa go Asa kgosi ya Juda.+  Jaanong Asa a ntsha selefera le gouta mo matlotlong a ntlo+ ya ga Jehofa le mo ntlong+ ya kgosi mme a roma kwa go Bene-hadade+ kgosi ya Siria,+ yo o neng a nna kwa Damaseko,+ a re:  “Go na le kgolagano fa gare ga me le wena le fa gare ga ga rre le rrago. Bona, ke go romelela selefera le gouta. Tsamaya o ye go roba kgolagano ya gago le Baasha+ kgosi ya Iseraele, gore a tle a tswe mo go nna.”+  Ka jalo Bene-hadade a reetsa Kgosi Asa mme a roma balaodi ba mephato ya sesole e e neng e le ya gagwe gore ba tsogologele metse ya Iseraele, mo ba neng ba kgemetha Ijone+ le Dana+ le Abele-maime+ le mabolokelo+ otlhe a metse ya Nafetali.  Mme ga diragala gore fela fa Baasha a utlwa ka gone, ka yone nako eo a tlogela go aga Rama mme a emisa tiro+ ya gagwe.  Fa e le kgosi Asa ene, a tsaya Juda+ yotlhe, mme ba tsaya maje a Rama+ le dikota tsa teng tse Baasha a neng agile+ ka tsone, mme a simolola go aga Geba+ le Misepa+ ka tsone.  Ka nako eo Hanani+ wa mmoni a tla kwa go Asa kgosi ya Juda mme a mo raya a re: “Ka gonne o ne wa ikaega ka kgosi ya Siria+ mme wa se ka wa ikaega ka Jehofa Modimo+ wa gago, ka lebaka leo mophato wa sesole wa kgosi ya Siria o falotse mo seatleng sa gago.  A Baethiopia+ le Balibia+ e ne e se mophato o montsi thata wa sesole, ka dikara le ka bapalami ba dipitse;+ mme ka ntlha ya go ikaega ga gago ka Jehofa a o ne a se ka a ba tsenya mo seatleng+ sa gago?  Gonne, fa e le Jehofa ene, matlho+ a gagwe a ya kwa le kwa mo lefatsheng+ lotlhe gore a bontshe ba pelo+ ya bone e feletseng mo go ene nonofo ya gagwe. O dirile ka boeleele+ mo go seno, gonne go tloga jaanong go ya pele go tla nna le dintwa tse di go tsogologelang.”+ 10  Le fa go ntse jalo, Asa a kgotswela mmoni mme a mo tsenya mo ntlong ya disana,+ ka gonne o ne a mo galefetse ka ntlha ya seno.+ Mme Asa a simolola go gatelela+ bangwe ba batho ka yone nako eo. 11  Mme bona! ditiragalo tsa ga Asa, tsa ntlha le tsa bofelo, di kwadilwe mo Bukeng+ ya Dikgosi tsa Juda le tsa Iseraele. 12  Mme Asa a bobola dinao mo ngwageng wa bomasome a mararo le borobongwe wa puso ya gagwe go fitlha a bobola thata;+ mme le e leng mo pobolong ya gagwe o ne a se ka a batla Jehofa+ mme a batla bafodisi.+ 13  La bofelo Asa a lala le borraagwemogologolwane+ mme a swa mo ngwageng wa bomasome a manè le bongwe wa go busa ga gagwe. 14  Ka jalo ba mo fitlha mo lefelong la gagwe le legolo la go fitlhela+ le a neng a le ikepetse mo Motseng wa ga Dafide;+ mme ba mo latsa mo bolaong jo bo neng bo tladitswe leokwane la balema+ le ditlolo+ tsa mefuta e e farologaneng di tlhakantswe le setlolo se se dirilweng ka tsela e e kgethegileng.+ Mo godimo ga moo, ba mo direla phiso+ e kgolo fela thata ya phitlho.

Dintlha Tse di Kwa Tlase