2 Ditiragalo 1:1-17

1  Mme Solomone morwa Dafide a tswelela a nonofa mo bogosing+ jwa gagwe, mme Jehofa Modimo wa gagwe o ne a na le ene+ mme a nna a mo dira mogolo go gaisa.+  Solomone a bua le Iseraele yotlhe, le balaodi ba dikete+ le ba makgolo+ le baatlhodi+ le dikgosana tsotlhe tsa Iseraele+ yotlhe, e bong ditlhogo tsa matlo a borre.+  Foo Solomone mmogo le phuthego yotlhe ba ya kwa lefelong le le kwa godimo le le neng le le kwa Gibeone;+ gonne ke teng kwa mogope wa bokopanelo+ wa Modimo wa boammaaruri, o Moshe motlhanka+ wa ga Jehofa a neng a o dirile mo nageng, o neng o le gone.  Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a tlhatlositse letlole+ la Modimo wa boammaaruri go tswa kwa Kiriathe-jearime+ go ya kwa lefelong le Dafide a neng a le le baakanyeditse,+ gonne o ne a le tlhometse mogope kwa Jerusalema.+  Mme sebeso sa kgotlho+ se Besalele+ morwa Uri morwa Hure+ a neng a se dirile se ne se beilwe fa pele ga motlaagana wa ga Jehofa; mme Solomone le phuthego ba botsa mo go sone jaaka ka tlwaelo.  Jaanong Solomone a dira ditshupelo foo fa pele ga ga Jehofa mo godimo ga sebeso sa kgotlho se e neng e le sa mogope wa bokopanelo, mme a isa ditshupelo tse di fisiwang di le sekete mo go sone.+  Mo bosigong joo Modimo a bonala kwa go Solomone mme a mo raya a re: “Kopa! Ke go neye eng?”+  Foo Solomone a raya Modimo a re: “Ke Wena yo o neng wa direla Dafide rre+ bopelonomi jo bogolo jwa lorato le yo o ntirileng kgosi mo boemong jwa gagwe.+  Jaanong, tlhe Jehofa Modimo, a tsholofetso ya gago mo go Dafide rre e nne e e ikanyegang,+ gonne wena ka bowena o ntirile kgosi+ ya setšhaba se sentsi jaaka lorole lwa lefatshe.+ 10  Jaanong nnaya botlhale le kitso+ gore ke tle ke tswe fa pele ga setšhaba seno le gore ke tle ke tsene,+ gonne ke mang yo o ka atlholang setšhaba se segolo seno sa gago?”+ 11  Foo Modimo a raya Solomone a re: “Ka lebaka la gore pelo+ ya gago e ne ya rata seno thata e bile o sa kopa khumo, dithoto le tlotlo kgotsa moya wa ba ba go tlhoileng, le fa e le go kopa+ malatsi a le mantsi, mme o ikopela botlhale le kitso gore o tle o atlhole batho ba me ba ke go dirileng kgosi+ ya bone, 12  o newa botlhale le kitso;+ gape ke tla go naya khumo le dithoto le tlotlo tse di sa tshwaneng le dipe tse dikgosi tse di neng di le pele ga gago di neng di na le tsone,+ e bile e le tse ope morago ga gago a se kitlang a nna le tsone.”+ 13  Ka jalo Solomone a tla a tswa kwa lefelong le le kwa godimo le le neng le le kwa Gibeone,+ fa pele ga mogope wa bokopanelo,+ a tla mo Jerusalema mme a tswelela a busa Iseraele.+ 14  Mme Solomone a nna a phutha dikara le dipitse tsa ntwa mo a neng a nna le dikara di le sekete le makgolo a le manè le dipitse tsa ntwa di le dikete di le lesome le bobedi,+ mme a di tlogela di emisitswe mo metseng+ ya dikara di le gaufi le kgosi mo Jerusalema. 15  Mme kgosi ya dira selefera le gouta mo Jerusalema jaaka maje;+ ya ba ya dira gore dikgong tsa mosedara di nne dintsi thata jaaka ditlhare tsa mosikamore+ tse di kwa Shefela+. 16  Mme Solomone o ne a na le dipitse tse a neng a di romelelwa go tswa Egepeto,+ mme setlhopha sa bagwebi ba kgosi se ne se tle se tseye motlhape wa dipitse ka tlhwatlhwa.+ 17  Mme ba ne ba tlhola ba tlisa e bile ba romela kara ka dipapetla tsa selefera di le makgolo a le marataro go tswa Egepeto le pitse ka di le lekgolo le masome a matlhano; mme go ne go ntse jalo ka dikgosi tsotlhe tsa Bahite le dikgosi tsa Siria.+ Di ne di romela ka bone.

Dintlha Tse di Kwa Tlase