2 Dikgosi 21:1-26
21 Manase+ o ne a na le dingwaga di le lesome le bobedi fa a simolola go busa, mme a busa mo Jerusalema dingwaga di le masome a matlhano le botlhano. Mme leina la ga mmaagwe e ne e le Hefesiba.
2 Mme a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa,+ go ya ka dilo tse di makgapha tsa ditšhaba+ tse Jehofa a neng a di lelekile fa pele ga bomorwa Iseraele.
3 Ka jalo a aga gape mafelo a a kwa godimo a Hesekia rraagwe a neng a a sentse,+ a tlhomela Baale dibeso a ba a dira kota e e boitshepo, fela jaaka Ahabe+ kgosi ya Iseraele a ne a dirile; mme a simolola go ikobela+ lesomo lotlhe la magodimo+ le go le direla.+
4 Mme a aga dibeso mo ntlong ya ga Jehofa,+ e Jehofa a neng a buile ka yone a re: “Ke tla baya leina+ la me kwa Jerusalema.”
5 Mme a tswelela go agela lesomo lotlhe la magodimo+ dibeso mo malwapaneng a mabedi a ntlo ya ga Jehofa.+
6 Mme a ralatsa morwawe molelo,+ a dira maselamose+ le go batla ditshupo mme a dira gore go nne le ba ba buang le meya+ le ba ba dirang tiro ya go bolelela pele+ ditiragalo. O ne a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa ka selekanyo se segolo, go mo kgopisa.
7 Go feta moo, a baya setshwantsho se se setilweng+ sa kota e e boitshepo se a neng a se dirile mo ntlong+ e Jehofa a neng a reile Dafide le Solomone morwawe ka yone a re: “Ke tla baya leina la me ka bosakhutleng+ mo ntlong eno le mo Jerusalema, e ke e tlhophileng mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele.
8 Mme ga ke na go tlhola ke dira gore lonao lwa Iseraele lo kgarakgatshege lo tswe mo lefatsheng le ke neng ka le naya borraabonemogologolwane,+ fa fela ba nna kelotlhoko go dira go ya ka sotlhe se ke se ba laetseng,+ le eleng molao otlhe o motlhanka wa me Moshe a o ba laetseng.”
9 Ga ba a ka ba reetsa,+ mme Manase a nna a ba faposa gore ba dire se se bosula+ go feta ditšhaba+ tse Jehofa a neng a di nyeleditse fa pele ga bomorwa Iseraele.
10 Mme Jehofa a nna a bua ka batlhanka ba gagwe baporofeti,+ a re:
11 “Ka lebaka la gore Manase+ kgosi ya Juda o dirile dilo tseno tse di makgapha,+ o dirile ka boikepo go gaisa sotlhe se Baamore+ ba ba neng ba le pele ga gagwe ba neng ba se dira, mme a leofisa le ene Juda+ ka medingwana ya gagwe e e makgapha.
12 Ke gone ka moo Jehofa Modimo wa Iseraele a buileng jaana, ‘Bona, ke tlisa masetlapelo mo Jerusalema+ le Juda, a fa ope fela a utlwa ka one ditsebe tsa gagwe di tla babang+ ka bobedi.
13 Mme ruri ke tla namalatsa mo Jerusalema thapo e e lekanyang+ e e dirisiwang mo Samarea+ le sedirisiwa se se papanang se se dirisitsweng mo ntlong ya ga Ahabe;+ mme ke tla phimola+ Jerusalema gore a sale a le phepa fela jaaka motho a phimola mogopo o o se nang matshwaro gore o sale o le phepa, a o phimola gore o sale o le phepa a bo a o ribega.+
14 Mme ruri ke tla latlha masalela+ a boswa jwa me+ ke a tsenya mo seatleng sa baba ba bone, mme ruri ba tla nna kgapo le thopo fela mo babeng ba bone botlhe,+
15 ka lebaka la gore ba dirile se se bosula mo matlhong a me mme ba ne ba ntse ba nkgopisa ka metlha go simolola ka letsatsi le borraabonemogologolwane ba duleng mo Egepeto ka lone go fitlha mo letsatsing leno.’”+
16 Gape go ne go na le madi a a se nang molato a Manase a neng a a tsholola+ a le mantsi thata, go fitlha a tladitse Jerusalema go tswa bofelelong jo bongwe go ya bofelelong jo bongwe, kwantle ga boleo jwa gagwe jo a leofisitseng Juda ka jone ka go dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa.+
17 Fa e le ditiragalo tse dingwe tsotlhe tsa ga Manase le sotlhe se a se dirileng le boleo jwa gagwe jo a leofileng ka jone, a ga di a kwalwa mo bukeng+ ya ditiragalo tsa dikgosi tsa Juda?
18 La bofelo Manase a lala le borraagwemogologolwane+ mme a fitlhwa mo tshingwaneng ya ntlo ya gagwe, mo tshingwaneng ya Usa;+ mme Amone morwawe a simolola go busa mo boemong jwa gagwe.
19 Amone+ o ne a na le dingwaga di le masome a mabedi le bobedi fa a simolola go busa, mme a busa mo Jerusalema dingwaga di le pedi.+ Mme leina la ga mmaagwe e ne e le Meshulemethe morwadia Haruse go tswa Joteba.
20 Mme a tswelela go dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, fela jaaka Manase rraagwe a ne a dirile.+
21 Mme a nna a tsamaya mo tseleng yotlhe e rraagwe a neng a tsamaile mo go yone,+ mme a tswelela a direla medingwana e e makgapha+ e rraagwe a neng a e direla le go e ikobela.
22 Ka jalo a tlogela Jehofa+ Modimo wa borraagwemogologolwane, mme a se ka a tsamaya mo tseleng ya ga Jehofa.+
23 La bofelo batlhanka ba ga Amone ba mo logela leano la boferefere mme ba bolaela kgosi+ mo ntlong ya yone.
24 Mme batho ba lefatshe ba kgemetha botlhe ba ba neng ba logela Kgosi Amone leano la boferefere.+ Go tswa foo batho ba lefatshe ba dira Josia+ morwawe kgosi mo boemong jwa gagwe.
25 Fa e le ditiragalo tse dingwe tsotlhe tsa ga Amone, se a se dirileng, a ga di a kwalwa mo bukeng+ ya ditiragalo tsa metlha ya dikgosi tsa Juda?
26 Ka jalo ba mo fitlha mo phupung ya gagwe mo tshingwaneng ya Usa;+ mme Josia+ morwawe a simolola go busa mo boemong jwa gagwe.