2 Dikgosi 15:1-38
15 Mo ngwageng wa bomasome a mabedi le bosupa wa ga Jeroboame kgosi ya Iseraele, Asaria+ morwa Amasia+ kgosi ya Juda a nna kgosi.
2 O ne a na le dingwaga di le lesome le borataro fa a simolola go busa, mme a busa dingwaga di le masome a matlhano le bobedi mo Jerusalema.+ Mme leina la ga mmaagwe e ne e le Jekolia wa Jerusalema.
3 Mme a tswelela go dira se se thokgameng mo matlhong a ga Jehofa, go ya ka sotlhe se Amasia rraagwe a neng a se dirile.+
4 Ke fela gore mafelo a a kwa godimo ga a ka a nyelela.+ Batho ba ne ba sa ntse ba dira ditlhabelo le go kuisa mosi wa setlhabelo mo mafelong a a kwa godimo.+
5 La bofelo Jehofa a lere sebetso mo kgosing,+ a tswelela a le molepero+ go fitlha mo letsatsing la loso lwa gagwe, mme a tswelela a nna mo ntlong ya gagwe a rebotswe mo ditirong,+ fa Jothame+ morwa kgosi a ne a okametse ntlo, a atlhola+ batho ba lefatshe leo.
6 Fa e le ditiragalo tse dingwe tsotlhe tsa ga Asaria le sotlhe se a se dirileng, a ga di a kwalwa mo bukeng+ ya ditiragalo tsa metlha ya dikgosi tsa Juda?
7 Kgabagare Asaria a lala le borraagwemogologolwane,+ mme ba mo fitlha le borraagwemogologolwane mo Motseng wa ga Dafide; mme Jothame morwawe a simolola go busa mo boemong jwa gagwe.+
8 Mo ngwageng wa bomasome a mararo le borobedi wa ga Asaria+ kgosi ya Juda, Sekarea+ morwa Jeroboame a nna kgosi ya Iseraele mo Samarea dikgwedi di le thataro.
9 Mme a tswelela go dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, fela jaaka borraagwemogologolwane ba ne ba dirile.+ O ne a se ka a tloga mo maleong a ga Jeroboame+ morwa Nebate, a a leofisitseng+ Iseraele ka one.
10 Go tswa foo Shalume morwa Jabeshe a mo logela leano la boferefere+ mme a mo kgemetha+ kwa Ibeleame+ a mmolaya a bo a simolola go busa mo boemong jwa gagwe.
11 Fa e le ditiragalo tse dingwe tsotlhe tsa ga Sekarea, di kwadilwe mo bukeng+ ya ditiragalo tsa metlha ya dikgosi tsa Iseraele.
12 Leo e ne e le lefoko la ga Jehofa+ le a neng a le buile le Jehu a re:+ “Barwa+ go ya kokomaneng ya bonè ba tla nna mo setulong sa bogosi sa Iseraele mo boemong jwa gago.” Mme ga nna jalo.+
13 Fa e le Shalume morwa Jabeshe ene, a nna kgosi mo ngwageng wa bomasome a mararo le borobongwe wa ga Usia+ kgosi ya Juda, mme a tswelela go busa kgwedi e e tletseng ya modikologo wa ngwedi mo Samarea.+
14 Go tswa foo Menaheme+ morwa Gadi a tla a tswa Tiresa+ mme a tla mo Samarea mme a kgemetha Shalume+ morwa Jabeshe mo Samarea mme a mmolaya; mme a simolola go busa mo boemong jwa gagwe.
15 Fa e le ditiragalo tse dingwe tsotlhe tsa ga Shalume le leano la gagwe la boferefere le a le logileng,+ di kwadilwe mo bukeng ya ditiragalo tsa metlha ya dikgosi tsa Iseraele.
16 Ke ka yone nako eo Menaheme a neng a kgemetha Tifesa le sotlhe se se neng se le mo go yone le karolo ya yone ya naga go tswa kwa Tiresa, ka gonne ga e a ka ya bulega, mme a e kgemetha. Basadi botlhe ba yone ba ba imileng a ba gagolaka.+
17 Mo ngwageng wa bomasome a mararo le borobabongwe+ wa ga Asaria kgosi ya Juda, Menaheme morwa Gadi a nna kgosi ya Iseraele dingwaga di le lesome mo Samarea.
18 Mme a tswelela go dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa.+ O ne a se ka a tloga mo maleong otlhe a ga Jeroboame+ morwa Nebate, a a leofisitseng+ Iseraele ka one, malatsi otlhe a gagwe.
19 Pule+ kgosi ya Asiria+ a tla mo lefatsheng leo. Ka gone Menaheme a naya+ Pule ditalenta di le sekete tsa selefera,+ gore diatla tsa gagwe di itshupe di na le ene go nonotsha bogosi jo bo mo seatleng sa gagwe.+
20 Ka jalo Menaheme a ntsha selefera tatlhegelong ya Iseraele, tatlhegelong ya banna botlhe ba ba pelokgale, ba ba thata,+ go naya kgosi ya Asiria dishekele tsa selefera di le masome a matlhano monna mongwe le mongwe. Foo kgosi ya Asiria ya boela morago, mme ya se ka ya nna mo lefatsheng leo.
21 Fa e le ditiragalo tse dingwe tsotlhe tsa ga Menaheme+ le sotlhe se a se dirileng, a ga di a kwalwa mo bukeng+ ya ditiragalo tsa metlha ya dikgosi tsa Iseraele?
22 La bofelo Menaheme a lala le borraagwemogologolwane, mme Pekahia+ morwawe a simolola go busa mo boemong jwa gagwe.
23 Mo ngwageng wa bomasome a matlhano wa ga Asaria kgosi ya Juda, Pekahia morwa Menaheme a nna kgosi ya Iseraele mo Samarea dingwaga di le pedi.+
24 Mme a tswelela go dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa.+ O ne a se ka a tloga mo maleong a ga Jeroboame+ morwa Nebate, a a leofisitseng+ Iseraele ka one.
25 Go tswa foo Peka+ morwa Remalia mothusi wa modiredimogolo+ wa gagwe a mo logela leano la boferefere+ mme a mo kgemetha mo Samarea mo toreng ya bonno ya ntlo ya kgosi+ le Aregoba le Arie, mme o ne a na le banna ba le masome a matlhano ba bomorwa Gileade. Ka jalo a mmolaya mme a simolola go busa mo boemong jwa gagwe.
26 Fa e le ditiragalo tse dingwe tsotlhe tsa ga Pekahia le sotlhe se a se dirileng, di kwadilwe mo bukeng+ ya ditiragalo tsa metlha ya dikgosi tsa Iseraele.
27 Mo ngwageng wa bomasome a matlhano le bobedi wa ga Asaria kgosi ya Juda, Peka+ morwa Remalia+ a nna kgosi ya Iseraele mo Samarea dingwaga di le masome a mabedi.
28 Mme a tswelela go dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa.+ O ne a se ka a tloga mo maleong a ga Jeroboame+ morwa Nebate, a a leofisitseng Iseraele+ ka one.
29 Mo metlheng ya ga Peka kgosi ya Iseraele, Tigelathe-pilesere+ kgosi ya Asiria+ a tsena mme a tsaya Ijone+ le Abele-bethe-maaka+ le Janoa le Kedeshe le Hasore+ le Gileade+ le Galalea,+ lefatshe lotlhe la Nafetali, le go ba isa botshwarwa kwa Asiria.+
30 La bofelo Hoshea+ morwa Ela a logela Peka morwa Remalia leano la boferefere+ mme a mo kgemetha+ a mmolaya; mme a simolola go busa mo boemong jwa gagwe mo ngwageng wa bomasome a mabedi wa ga Jothame+ morwa Usia.
31 Fa e le ditiragalo tse dingwe tsotlhe tsa ga Peka le sotlhe se a se dirileng, di kwadilwe mo bukeng+ ya ditiragalo tsa metlha ya dikgosi tsa Iseraele.
32 Mo ngwageng wa bobedi wa ga Peka morwa Remalia kgosi ya Iseraele, Jothame+ morwa Usia+ kgosi ya Juda a nna kgosi.
33 O ne a na le dingwaga di le masome a mabedi le botlhano fa a simolola go busa, mme a busa mo Jerusalema dingwaga di le lesome le borataro. Mme leina la ga mmaagwe e ne e le Jerusha morwadia Sadoke.+
34 Mme a tswelela go dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa.+ Go ya ka sotlhe se Usia rraagwe a neng a se dirile, a dira jalo.+
35 Ke fela gore mafelo a a kwa godimo+ ga a ka a nyelela. Batho ba ne ba sa ntse ba ntsha ditlhabelo le go kuisa musi wa setlhabelo mo mafelong a a kwa godimo. Ke ene yo o neng a aga kgoro e e fa godimo ga ntlo ya ga Jehofa.+
36 Fa e le ditiragalo tse dingwe tsotlhe tsa ga Jothame, se a se dirileng, a ga di a kwalwa mo bukeng ya ditiragalo tsa metlha ya dikgosi tsa Juda?+
37 Mo metlheng eo Jehofa a simolola go romela+ Resine+ kgosi ya Siria le Peka+ morwa Remalia kgatlhanong le Juda.
38 La bofelo Jothame a lala le borraagwemogologolwane mme a fitlhwa le borraagwemogologolwane mo Motseng wa ga Dafide rraagwemogologolwane;+ mme Ahase+ morwawe a simolola go busa mo boemong jwa gagwe.