2 Bakorintha 9:1-15
9 Jaanong ka ga bodiredi+ jo e leng jwa baitshepi, ga go tlhokege gore ke lo kwalele,
2 gonne ke itse go iketleetsa ga mogopolo ga lona mo ke ipelafaletsang Bamakedonia ka gone ka ga lona, gore Akaia o na le ngwaga jaanong+ a iketleeditse, le gore tlhoafalo ya lona e tlhotlheleditse bontsi jwa bone.
3 Mme ke romela bakaulengwe, gore go ipelafatsa ga rona ka lona e se ka ya nna lefela ka ga seno, mme gore lo tle lo iketleetse tota,+ fela jaaka ke ne ke tlhola ke re lo tla dira jalo.
4 Go seng jalo, ka tsela nngwe, fa Bamakedonia ba ka tla le nna mme ba lo fitlhela lo sa iketleetsa, rona—ke sa reye gore lona—re tla tlhabiwa ke ditlhong ka ntlha ya go tlhomamisega gono ga rona.
5 Jalo ke ne ka akanya gore go a tlhokega gore ke kgothaletse bakaulengwe gore ba tle kwa go lona go sa le gale le gore ba siamise go sa le gale mpho ya lona ya bopelotona e e neng ya solofediwa pelenyana,+ gore e tle e nne e siame e le mpho ya bopelotona mme e seng selo se se tserweng ka dikgoka.+
6 Mme malebana le seno, yo o jalang ka bonnye+ gape o tla roba ka bonnye; mme yo o jalang ka bogolo+ gape o tla roba ka bogolo.
7 A mongwe le mongwe a dire fela jaaka a sweditse mo pelong ya gagwe, e seng ka go ikgoga fela+ kgotsa ka go patelelwa, gonne Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo.+
8 Mo godimo ga moo, Modimo o kgona go dira gore bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jotlhe jwa gagwe bo tote mo go lona, gore, fa ka metlha lo ritibetse ka botlalo ka sengwe le sengwe, lo nne le mo gontsi mo tirong nngwe le nngwe e e molemo.+
9 (Fela jaaka go kwadilwe go twe: “O abile ka bophara, o file bahumanegi, tshiamo ya gagwe e tswelela ka bosaengkae.”+
10 Jaanong yo o nayang mojadi peo ka bogolo le senkgwe sa go jewa+ o tla lo naya a bo a lo ntsifaletsa peo gore lo jale e bile o tla oketsa dikungwa tsa tshiamo ya lona.)+
11 Lo humisiwa mo go sengwe le sengwe ka ntlha ya go aba ka bopelotshweu ga mofuta mongwe le mongwe, mo go tsalang ka rona pontsho ya go leboga Modimo;+
12 ka gonne bodiredi jwa tirelo eno ga se fela go naya baitshepi+ ka bogolo dilo tse ba di tlhokang mme gape ke go huma dipontsho di le dintsi tsa go leboga Modimo.
13 Ka bosupi jo bodiredi jono bo bo nayang, ba galaletsa Modimo ka gonne lo ikobela dikgang tse di molemo ka ga Keresete,+ jaaka lo bolela phatlalatsa gore lo dira jalo, le ka gonne lo le pelotshweu mo katsong ya lona mo go bone le mo go botlhe;+
14 mme ka go lo direla mokokotlelo ba lo tlhologeletswe ka ntlha ya bopelonomi jo bo sa re tshwanelang+ jo bogolo thata jwa Modimo mo go lona.
15 A re lebogeng Modimo ka ntlha ya mpho ya gagwe ya mahala e e ka se kang ya tlhalosiwa.+