2 Bakorintha 3:1-18
3 A re simolola gape go ipuelela?+ Kgotsa a, gongwe, jaaka batho bangwe, re tlhoka makwalo+ a a re buelelang go a lo naya kgotsa a a tswang mo go lona?
2 Lona ka bolona lo lekwalo la rona,+ le le kwadilweng ka go ralwa mo dipelong tsa rona mme le itsiwe e bile le balwa ke batho botlhe.+
3 Gonne lo bonadiwa lo le lekwalo la ga Keresete le le kwadilweng ke rona re le badiredi,+ le kwadilwe ka go ralwa e seng ka enke mme ka moya+ wa Modimo yo o tshelang, e seng mo dikwalelong tsa leje,+ mme mo dikwalelong tsa senama, mo dipelong.+
4 Jaanong re na le mofuta ono wa tshepo+ mo Modimong ka Keresete.
5 E seng gore rona ka borona re tshwanelega sentle go tsaya sengwe e le se se tswang mo go rona,+ mme go tshwanelega sentle ga rona go tswa mo Modimong,+
6 yo eleruri a dirileng gore re tshwanelege sentle go nna badiredi ba kgolagano e ntšha,+ e seng ba melao e e kwadilweng,+ mme ba moya;+ gonne melao e e kwadilweng e atlholela+ loso, mme moya o a tshedisa.+
7 Mo godimo ga moo, fa melao e e atlholelang loso+ le e e neng ya gabiwa ka ditlhaka mo majeng+ e ne ya nna gone ka kgalalelo,+ mo e leng gore bomorwa Iseraele ba ne ba sa kgone go leba sefatlhego sa ga Moshe ka tlhomamo ka ntlha ya kgalalelo ya sefatlhego sa gagwe,+ kgalalelo e e neng e tshwanetse go nyelediwa,
8 ke ka ntlha yang fa go abiwa ga moya+ go sa tshwanela go nna ka kgalalelo le go feta?+
9 Gonne fa melao e e atlholang+ e ne e le e e galalelang,+ go abiwa ga tshiamo+ go tota ka kgalalelo le go feta.+
10 Tota e bile, le se se kileng sa dirwa se se galalelang se apotswe kgalalelo malebana le seno,+ ka ntlha ya kgalalelo e e e gaisang.+
11 Gonne fa se se neng se tshwanetse go nyelediwa se ne sa tlisiwa ka kgalalelo,+ bogolo jang se se salang se ne se tla nna ka kgalalelo.+
12 Jalo, ka re na le tsholofelo e e ntseng jalo, re dirisa kgololesego e kgolo ya go bua,
13 mme re sa dire jaaka fa Moshe a ne a tle a beye lesire+ mo sefatlhegong sa gagwe, gore bomorwa Iseraele ba se ka ba leba bokhutlo+ jwa se se neng se tshwanetse go nyelediwa.
14 Mme maatla a bone a mogopolo a ne a kgwaraladitswe.+ Gonne go fitlha mo go lone letsatsi leno lesire leo le nna le sa tlosiwa fa go balwa kgolagano e kgologolo,+ ka gonne le nyelediwa ka Keresete.+
15 Tota e bile, go tla go fitlha gompieno le fa e le leng fela fa Moshe a balwa,+ go nna le lesire mo dipelong tsa bone.+
16 Mme fa go retologelwa kwa go Jehofa, lesire leno le a tlosiwa.+
17 Jaanong Jehofa ke Moya;+ mme koo moya+ wa ga Jehofa+ o leng gone, go na le kgololesego.+
18 Mme rona rotlhe,+ fa ka difatlhego tse di sirolotsweng re bonatsa jaaka diipone kgalalelo ya ga Jehofa,+ re fetolelwa+ mo go sone setshwano+ seo go tswa kgalalelong go ya kgalalelong,+ fela jaaka Jehofa+ e bong Moya a dira.