1 Samuele 11:1-15
11 Mme Nahashe wa Moamona+ a tlhatloga a ya go thibelela kgatlhanong le Jabeshe+ kwa Gileade. Foo banna botlhe ba Jabeshe ba raya Nahashe ba re: “Dira kgolagano le rona gore re go direle.”+
2 Foo Nahashe wa Moamona a ba raya a re: “Ke tla e dira le lona ka tumalano eno, ka tumalano ya gore go gonngwe+ leitlho lengwe le lengwe la moja la lona, mme ke tla go baya e le kgobo mo Iseraele+ yotlhe.”
3 Fa a rialo banna ba bagolwane ba Jabeshe ba mo raya ba re: “Re neye nako ya malatsi a le supa, mme re tla romela barongwa mo karolong yotlhe ya naga ya Iseraele mme, fa re se na mmoloki,+ foo re tla tswela kwa go wena.”
4 Fa nako e ntse e tsamaya barongwa ba tla mo Gibea+ ya ga Saulo mme ba bua mafoko ao mo ditsebeng tsa batho, mme batho botlhe ba simolola go tsholetsa lentswe la bone ba lela.+
5 Mme bona, Saulo a bo a tla a setse motlhape morago go tswa kwa nageng, mme Saulo a re: “Mathata a batho ke eng, go bo ba lela?” Mme ba simolola go mmolelela mafoko a banna ba Jabeshe.
6 Mme moya+ wa Modimo wa dira mo go Saulo fa a utlwa mafoko ano, mme bogale jwa gagwe jwa tuka thata.+
7 Ka jalo a tsaya dipoo tse pedi a di segelela a ba a di romela mo karolong yotlhe ya naga ya Iseraele+ ka seatla sa barongwa, a re: “Le fa e le mang wa rona yo o sa tsweng e le molatedi wa ga Saulo le Samuele, go tla dirwa jaana ka dikgomo tsa gagwe!”+ Mme poifo+ ya ga Jehofa+ ya simolola go wela batho mo ba neng ba tswa jaaka motho a le mongwe fela.+
8 Mme a tsaya palo ya bone+ kwa Beseke, mme bomorwa Iseraele ba bo ba fitlha go dikete di le makgolo a le mararo, mme banna ba Juda go dikete di le masome a mararo.
9 Jaanong ba raya barongwa ba ba neng ba tlile ba re: “Lo tla raya banna ba Jabeshe kwa Gileade lo re, ‘Ka moso lo tla tlelwa ke poloko fa letsatsi le gotela.’”+ Fa a sena go rialo barongwa ba tla ba bolelela banna ba Jabeshe, mme ba ipela.
10 Ka jalo banna ba Jabeshe ba re: “Ka moso re tla tswela kwa go lona, mme lo re dire go ya kafa go sotlhe se se molemo mo matlhong a lona.”+
11 Mme ga diragala mo letsatsing le le latelang gore Saulo+ a beye batho ka mephato e meraro;+ mme ba tsena mo gare ga bothibelelo mo tebelong ya moso+ mme ba kgemetha Baamona+ go fitlha letsatsi le gotela. E rile go bonala go na le ba ba setseng, ba ne ba gasamisiwa mme ga se ka ga sala bape mo gare ga bone ba eme ba le babedi.+
12 Mme batho ba simolola go raya Samuele ba re: “Ke mang yo o reng, ‘Saulo—a o tla nna kgosi ya rona?’+ Re neeleng banna bao, gore re tle re ba bolaye.”+
13 Le fa go ntse jalo, Saulo a re: “Ga go a tshwanela go bolawa motho ope mo letsatsing leno,+ ka gonne gompieno Jehofa o tlisitse poloko mo Iseraele.”+
14 Moragonyana Samuele a raya batho a re: “Tlang re yeng kwa Gilegala+ gore re tle re ntšhafatse bogosi teng.”+
15 Ka jalo batho botlhe ba ya kwa Gilegala, mme ba dira Saulo kgosi koo fa pele ga ga Jehofa kwa Gilegala. Mme ba isa ditlhabelo tsa kabalano fa pele ga Jehofa+ gone koo, mme Saulo le banna botlhe ba Iseraele ba tswelela ba ipela thata koo.+