1 Dikgosi 5:1-18
5 Mme Hirame+ kgosi ya Ture+ a romela batlhanka ba gagwe+ kwa go Solomone, gonne o ne a utlwile gore ke ene yo ba neng ba mo tloditse go nna kgosi mo boemong jwa ga rraagwe; gonne ka metlha Hirame o ne a itshupile a rata Dafide.+
2 Solomone le ene a roma kwa go Hirame, a re:+
3 “Wena ka bowena o itse sentle gore Dafide rre o ne a sa kgone go agela leina la ga Jehofa Modimo wa gagwe ntlo ka ntlha ya ntwa+ e ba neng ba mo dikanyetsa ka yone, go fitlha Jehofa a ba baya kafa tlase ga dipato tsa dinao tsa gagwe.
4 Mme jaanong Jehofa Modimo wa me o nneile boikhutso mo tikologong yotlhe.+ Ga go na moganetsi ope, gape ga go na sepe se se bosula se se diragalang.+
5 Mme bona, ke akanya ka go agela leina la ga Jehofa Modimo+ wa me ntlo, fela jaaka Jehofa a ne a solofetsa Dafide rre, a re, ‘Morwao yo ke tla mmayang mo setulong sa gago sa bogosi mo boemong jwa gago, ke ene yo o tla agelang leina la me+ ntlo.’
6 Mme jaanong laela gore ba nthemele masedara a a tswang kwa Lebanona;+ mme batlhanka ba me ba tla nna le batlhanka ba gago, le dituelo tsa batlhanka ba gago ke tla di go naya go ya ka sotlhe se o ka se buang, gonne wena o itse sentle gore mo gare ga rona ga go na ope yo o itseng go rema ditlhare jaaka Basidona.”+
7 Mme ga diragala gore fela fa Hirame+ a utlwa mafoko a ga Solomone, a simolola go ipela thata, mme a re: “A go bakwe+ Jehofa gompieno ka gonne o neile Dafide morwa yo o botlhale+ gore a okamele batho ba bantsi+ bano!”
8 Ka jalo Hirame a roma kwa go Solomone a re: “Ke utlwile se o se nthomeletseng. Mme nna, ke tla dira sotlhe se se go itumedisang mo kgannyeng ya dikota tsa ditlhare tsa mosedara le dikota tsa ditlhare tsa mofira.+
9 Batlhanka ba me ka bobone ba tla di ntsha kwa Lebanona+ ba di isa kwa lewatleng; mme nna, ke tla di baya mo makaweng a dikota gore di tsamaye mo lewatleng go ya go fitlha kwa lefelong le o tla le nkitsiseng;+ mme ruri ke tla dira gore di robelwe gone koo, mme wena o tla di tsaya; gape fa e le wena o tla dira se se intumedisang ka go naya ba ntlo ya me dijo.”+
10 Ka jalo Hirame a naya Solomone dikota tsa ditlhare tsa mosedara le dikota tsa ditlhare tsa mofira go ya ka sotlhe se se mo itumedisang.
11 Mme Solomone ene, o ne a naya Hirame dilekanyo tsa koro di le dikete di le masome a mabedi tsa korong+ e le dijo tsa ba ntlo ya gagwe le dilekanyo di le masome a mabedi tsa koro tsa leokwane la motlhware o o kgobilweng.+ Ke sone se Solomone a neng a nna a se naya Hirame ngwaga le ngwaga.+
12 Mme Jehofa ene, a naya Solomone botlhale, fela jaaka a ne a mo solofeditse;+ mme ga nna le kagiso fa gare ga ga Hirame le Solomone, mme boobabedi ba dira kgolagano.
13 Mme Kgosi Solomone a nna a ntsha ba ba pateleditsweng go tsenela tiro e e boima mo Iseraele yotlhe; mme ba ba pateleditsweng go tsenela tiro e e boima+ ba fitlha go banna ba le dikete di le masome a mararo.
14 Mme o ne a na le go ba romela kwa Lebanona ka ditlhopha tsa dikete di le lesome ka kgwedi. Ba ne ba nna kgwedi yotlhe kwa Lebanona, dikgwedi di le pedi kwa magaeng a bone;+ mme Adonirame+ o ne a okametse ba ba neng ba patelediwa+ go dira tiro e e boima.+
15 Mme Solomone a nna+ le basikari ba mekgweleo+ ba le dikete di le masome a supa le basegi ba maje ba le dikete di le masome a le robedi+ mo thabeng,+
16 kwantle ga bathusi ba ga Solomone ba e leng dikgosana+ ba ba neng ba okametse tiro, balebedi ba le dikete di le tharo le makgolo a mararo+ ba ba neng ba okametse batho ba ba neng ba le matlhagatlhaga mo tirong.
17 Ka jalo kgosi e ne ya laela gore ba gabe maje a magolo, maje a tlhwatlhwa e e kwa godimo,+ gore ba thaye motheo+ wa ntlo ka maje a a betlilweng.+
18 Ka jalo baagi ba ga Solomone le baagi ba ga Hirame le Bagebale+ ba dira tiro ya go sega, mme ba nna ba baakanya dikota le maje gore ba age ntlo.