1 Dikgosi 3:1-28
3 Mme Solomone a dira kgolagano ya lenyalo+ le Faro kgosi ya Egepeto le go tsaya morwadia Faro+ a mo tlisa mo Motseng wa ga Dafide,+ go fitlha a fetsa go aga ntlo ya gagwe+ le ntlo ya ga Jehofa+ le lobota lwa Jerusalema go dikologa.+
2 Ke fela gore batho ba ne ba ntshetsa ditlhabelo mo mafelong a a kwa godimo,+ gonne go ne go ise go agelwe leina la ga Jehofa ntlo go tla go fitlha mo metlheng eo.+
3 Mme Solomone a tswelela go rata+ Jehofa ka go tsamaya mo melaong ya ga Dafide rraagwe.+ Ke fela gore o ne a ntshetsa ditlhabelo le go kuisa ditshupelo musi ka metlha mo mafelong a a kwa godimo.+
4 Ka jalo kgosi ya ya kwa Gibeone+ go ya go ntsha setlhabelo teng, gonne leo e ne e le lefelo le legolo le le kwa godimo.+ Solomone a isa ditlhabelo tse di fisiwang di le sekete mo sebesong seo.+
5 Kwa Gibeone Jehofa a bonala+ mo go Solomone ka toro+ bosigo; mme Modimo a re: “Lopa se ke tla se go nayang.”+
6 Foo Solomone a re: “Wena ka bowena o diretse motlhanka wa gago Dafide rre bopelonomi jo bogolo jwa lorato+ jaaka a ne a tsamaya fa pele ga gago ka boammaaruri le ka tshiamo+ le ka go thokgama ga pelo mo go wena; mme o ne wa tswelela o mmolokela bopelonomi jono jwa lorato, mo e leng gore o ne wa mo naya morwa gore a nne mo setulong sa gagwe sa bogosi jaaka mo letsatsing leno.+
7 Mme jaanong, Jehofa Modimo wa me, wena ka bowena o dirile motlhanka wa gago kgosi mo boemong jwa ga Dafide rre, mme ke mosimanyana fela.+ Ga ke itse go tswa le go tsena.+
8 Mme motlhanka wa gago o mo gare ga batho ba gago ba o ba tlhophileng,+ bontsintsi jwa batho ba go ka se bolelweng palo ya bone kgotsa ba ba ka se kang ba balwa ka ntlha ya go nna bantsi.+
9 Mme o neye motlhanka wa gago pelo e e utlwang gore a atlhole batho ba gago,+ gore a lemoge molemo le bosula;+ gonne ke mang yo o kgonang go atlhola+ setšhaba seno sa gago+ se se thata?”
10 Mme seo se ne se itumedisa mo matlhong a ga Jehofa, ka gonne Solomone o ne a lopile+ selo seno.
11 Mme Modimo a mo raya a re: “Ka lebaka la gore o lopile selo seno mme ga o a itopela malatsi a mantsi le fa e le go itopela dikhumo+ le fa e le go lopa moya wa baba ba gago, mme o itopetse tlhaloganyo gore o utlwe dikgang tsa boatlhodi,+
12 bona! ruri ke tla dira go ya ka mafoko a gago.+ Bona! ruri ke tla go naya pelo e e botlhale le e e tlhaloganyang, gore go se ka ga nna le ope yo o tshwanang le wena yo o kileng a nna teng pele ga gago,+ le morago ga gago ga go na go nna teng yo o tshwanang le wena.+
13 Mme le se o sa se lopang ke tla se go naya,+ dikhumo+ mmogo le kgalalelo, mo e leng gore go tla bo go ise go diragale gore go nne le ope mo dikgosing yo o tshwanang le wena, malatsi otlhe a gago.+
14 Mme fa e le gore o tla tsamaya mo ditseleng tsa me ka go boloka melao ya me+ le ditaolo tsa me, fela jaaka Dafide rrago a ne a tsamaya,+ gape ke tla lelefatsa malatsi a gago.”+
15 E rile Solomone a thanya,+ bona, e ne e le toro. Mme a tla mo Jerusalema a ema fa pele ga letlole+ la kgolagano la ga Jehofa mme a isa ditlhabelo tse di fisiwang a ba a isa ditshupelo tsa kabalano+ le go direla batlhanka+ ba gagwe botlhe modiro.+
16 Ka nako eo basadi ba babedi, diaka tse di ithekisang,+ ba tsena kwa kgosing mme ba ema fa pele ga yone.+
17 Foo mosadi yo mongwe a re: “Tshwarelo, morena wa me,+ nna le mosadi yono re nna mo ntlong e le nngwe, ka jalo ke ne ka belegela gaufi le ene mo ntlong.
18 Mme ga diragala gore mo letsatsing la boraro fa ke se na go belega, mosadi yono le ene a belega. Mme re ne re le mmogo. Go ne go se na motho ope o sele le rona mo ntlong, go se na ope fa e se rona re le babedi mo ntlong.
19 Moragonyana morwa wa mosadi yono a swa go le bosigo, ka gonne o ne a letse mo godimo ga gagwe.
20 Ka jalo a tsoga mo gare ga bosigo a tsaya morwaake fa thoko ga me fa lelata la gago le ne le robetse mme a mmaya mo sehubeng sa gagwe, mme morwawe yo o suleng a mmaya mo sehubeng sa me.
21 E rile ke tsoga mo mosong gore ke amuse+ morwaake, bona, o ne a sule. Ka jalo ka mo tlhatlhoba thata mo mosong, mme bona! e ne e se morwaake yo ke mmelegeng.”
22 Mme mosadi yo mongwe a re: “Nnyaa, morwaake ke yo o tshelang mme morwao ke yo o suleng!” Mo nakong eno yotlhe mosadi yono o ne a ntse a re: “Nnyaa, morwao ke yo o suleng mme morwaake ke yo o tshelang.” Mme ba nna ba bua fa pele ga kgosi.+
23 La bofelo kgosi ya re: “Yono a re, ‘Yo ke morwaake, yo o tshelang, mme morwao ke yo o suleng!’ mme yole a re, ‘Nnyaa, morwao ke yo o suleng mme morwaake ke yo o tshelang!’”
24 Mme kgosi ya tswelela ya re:+ “Lona banna, ntlelang tšhaka.” Ka jalo ba tlisa tšhaka fa pele ga kgosi.
25 Mme kgosi ya re: “Lona banna, kgaoganyang ngwana yo o tshelang sebedi mme lo neye mosadi yo mongwe sephatlo mme sephatlo se sengwe lo se neye yo mongwe.”
26 Mosadi yo ngwana wa gagwe e neng e le yo o tshelang a akofa a raya kgosi a re (gonne maikutlo a gagwe a ne a fuduegile+ ka ntlha ya ga morwawe,+ mo a neng a re): “Tshwarelo,+ morena wa me! Lona banna, mo neyeng ngwana yo o tshelang. Lo se ka lwa mmolaya gotlhelele.” Mo nakong eno yotlhe mosadi yo mongwe yo o ne a ntse a re: “Ga a na go nna wa me le fa e le wa gago. Lona banna, mo kgaoganyeng!”k+
27 Fa a rialo kgosi ya araba ya re: “Lona banna, mo neyeng ngwana yo o tshelang, mme lo se ka lwa ba lwa mmolaya. Ke ene mmaagwe.”
28 Mme Iseraele yotlhe ya utlwa ka tshwetso ya boatlhodi+ e kgosi e neng e e dirile; mme ba boifa ka ntlha ya kgosi,+ gonne ba ne ba bona gore botlhale+ jwa Modimo bo ne bo le mo go ene gore a diragatse tshwetso ya boatlhodi.