1 Dikgosi 21:1-29
21 Mme ga diragala gore morago ga dilo tseno ga bo go na le tshimo ya mofine e e neng e le ya ga Nabothe wa Mojesereele, e e neng e le mo Jesereele,+ fa thoko ga ntlo ya segosi ya ga Ahabe kgosi ya Samarea.
2 Ka jalo Ahabe a bua le Nabothe, a re: “A ko o nneye+ tshimo ya gago ya mofine,+ gore e tle e nne tshingwana ya me+ ya merogo,+ gonne e gaufi le ntlo ya me; mme mma ke go neye mo boemong jwa yone tshimo ya mofine e e botoka mo go yone. Kgotsa fa go le molemo mo matlhong a gago,+ ke tla go naya madi e le tlhwatlhwa ya eno.”
3 Mme Nabothe a raya Ahabe a re: “Go ka se direge ka nna,+ mo ponong ya ga Jehofa,+ gore ke go neye se borremogologolwane ba se ruileng boswa.”+
4 Ka gone Ahabe a tsena mo ntlong ya gagwe, a ngadile e bile a kotlomane pelo ka ntlha ya lefoko le Nabothe wa Mojesereele a neng a le buile le ene, fa a ne a re: “Ga ke na go go naya se se ruilweng boswa sa borremogologolwane.” Go tswa foo a rapama mo sekanamelong sa gagwe mme a nna sefatlhego sa gagwe se lebisitswe go sele,+ a se ka a ja senkgwe.
5 La bofelo Jesebele+ mosadi wa gagwe a tsena kwa go ene mme a bua le ene a re: “Ke ka ntlha yang fa moya wa gago o utlwile botlhoko+ gape o sa je senkgwe?”
6 Foo a bua le ene a re: “Ke ka ntlha ya gore ke ne ka bua le Nabothe wa Mojesereele ka mo raya ka re, ‘A ko o nneye tshimo ya gago ya mofine ka madi. Kgotsa, fa o rata, mma ke go neye tshimo e nngwe ya mofine mo boemong jwa yone.’ Mme ene a re, ‘Ga ke na go go naya tshimo ya me ya mofine.’”+
7 Foo Jesebele mosadi wa gagwe a mo raya a re: “A ke wena yo jaanong o busang mo Iseraele?+ Nanoga, o je senkgwe mme o letle pelo ya gago e itumele. Nna ke tla go naya tshimo ya mofine ya ga Nabothe wa Mojesereele.”+
8 Ka jalo a kwala makwalo+ ka leina la ga Ahabe mme a a kana ka sekano sa gagwe,+ a bo a romela makwalo ano kwa banneng ba bagolwane+ le batlotlegi ba ba neng ba le mo motseng wa gagwe ba nna le Nabothe.
9 Mme o ne a kwala mo makwalong, a re:+ “Bolelang gore go itimiwe dijo, mme lo direng gore Nabothe a nne kwa pele ga batho.
10 Mme lo dire gore banna ba babedi,+ ba ba se nang molemo wa sepe,+ ba nne fa pele ga gagwe, mme ba neye bosupi kgatlhanong le ene,+ ba re, ‘O tlhapaditse Modimo le kgosi!’+ Mme lo mo ntshe lo mo kgobotletse ka maje gore a swe.”+
11 Ka jalo banna ba motse wa gagwe, banna ba bagolwane le batlotlegi ba ba neng ba nna mo motseng wa gagwe, ba dira fela jaaka Jesebele a ne a rometse kwa go bone, fela jaaka go ne go kwadilwe mo makwalong a a neng a a ba romeletse. +
12 Ba ne ba bolela gore go itimiwe dijo+ mme ba dira gore Nabothe a nne kwa pele ga batho.
13 Mme banna ba babedi, batho ba ba se nang molemo wa sepe, ba tsena ba tla go nna fa pele ga gagwe; mme banna ba ba se nang molemo wa sepe ba simolola go naya bosupi kgatlhanong le ene, ke gore, Nabothe, fa pele ga batho, ba re: “Nabothe o tlhapaditse Modimo le kgosi!”+ Morago ga moo ba mo ntshetsa kwa molelwaneng wa motse mme ba mo kgobotletsa ka maje, mme a swa.+
14 Jaanong ba romela kwa go Jesebele, ba re: “Nabothe o kgobotleditswe ka maje mme o sule.”+
15 Mme ga diragala gore, fela fa Jesebele a sena go utlwa gore Nabothe o kgobotleditswe gore a bo a swe, ka yone nako eo Jesebele a raya Ahabe a re: “Nanoga, o tseye tshimo ya mofine ya ga Nabothe wa Mojesereele,+ e a neng a gana go e go naya ka madi; gonne Nabothe ga a tlhole a tshela, mme o sule.”
16 Mme ga diragala gore, fela fa Ahabe a utlwa gore Nabothe o sule, Ahabe a akofa a nanoga a fologela kwa tshimong ya mofine ya ga Nabothe wa Mojesereele go e tsaya.+
17 Mme lefoko la ga Jehofa+ la tla kwa go Elija+ wa Motisheba, le re:
18 “Nanoga, o ye go kgatlhantsha Ahabe kgosi ya Iseraele, yo o kwa Samarea.+ Ke yole o mo tshimong ya mofine ya ga Nabothe, kwa a fologetseng teng go ya go e tsaya.
19 Mme o bue le ene o re, ‘Jehofa o buile jaana: “A o bolaile motho+ gape o ruile?”’+ Gape o bue le ene o re, ‘Jehofa o buile jaana: “Kwa lefelong+ le dintša di latsweditseng madi a ga Nabothe teng, dintša di tla latswa madi a gago teng, a gago tota.”’”+
20 Ahabe a raya Elija a re: “A o mpone, wena mmaba wa me?”+ mme a araba a re: “Ke go bone. ‘Ka lebaka la gore o ithekisitse gore o dire se se bosula mo matlhong a ga Jehofa,+
21 bona, ke go tlisetsa masetlapelo;+ mme ruri ke tla feela gore go nne phepa morago ga gago+ ke bo ke fedise mo go Ahabe motho ope fela yo o tlhapologelang mo loboteng+ le yo o se nang thuso le yo o se nang mosola mo Iseraele.
22 Mme ruri ke tla dira gore ntlo ya gago e nne jaaka ntlo ya ga Jeroboame+ morwa Nebate le jaaka ntlo ya ga Baasha+ morwa Ahija, ka ntlha ya sekgopi se o kgopisitseng ka sone wa ba wa leofisa Iseraele.’+
23 Gape malebana le Jesebele Jehofa o buile, a re, ‘Dintša ka botsone di tla jela Jesebele mo sebateng sa lefatshe sa Jesereele.+
24 Motho ope fela wa ga Ahabe yo o swelang mo motseng dintša di tla mo ja; le motho ope fela yo o swelang mo nageng, dinonyane tsa magodimo di tla mo ja.+
25 Ga go na ope yo mongwe yo o itshupileng a tshwana le Ahabe,+ yo o neng a ithekisa gore a dire se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, yo Jesebele+ mosadi wa gagwe a neng a mo tlhotlheletsa.+
26 Mme a tswelela a itshwara makgapha thata ka go sala medingwana e e makgapha+ morago, fela jaaka tsotlhe tse Baamore ba neng ba di dirile, ba Jehofa a neng a ba leleka fa pele ga bomorwa Iseraele.’”+
27 Mme ga diragala gore fela fa Ahabe a sena go utlwa mafoko ano, a gagoganya diaparo tsa gagwe le go apara letsela la kgetsi mo nameng ya gagwe; mme a itima dijo a ba a nna a rapame mo letseleng la kgetsi+ e bile a tsamaya a kgobegile marapo.+
28 Mme lefoko la ga Jehofa la tla kwa go Elija wa Motisheba, le re:
29 “A o bone kafa Ahabe a ikokobeditseng ka teng ka ntlha ya me?+ Ka lebaka la gore o ikokobeditse ka ntlha ya me, ga ke na go tlisa masetlapelo mo metlheng ya gagwe.+ Ke tla tlisa masetlapelo mo ntlong ya gagwe+ mo metlheng ya ga morwawe .