1 Dikgosi 16:1-34
16 Jaanong lefoko la ga Jehofa la tla kwa go Jehu+ morwa Hanani+ kgatlhanong le Baasha, le re:
2 “Fela jaaka ke go tsositse mo loroleng+ gore ke tle ke go dire moeteledipele wa batho ba me Iseraele,+ mme wa tsamaya mo tseleng ya ga Jeroboame+ mme ka jalo wa dira gore batho ba me Iseraele ba leofe ka go nkgopisa ka maleo a bone,+
3 bona, ke feela gore go nne phepa fa morago ga ga Baasha le fa morago ga ntlo ya gagwe, mme ruri ke tla dira gore ntlo ya gagwe e nne jaaka ntlo ya ga Jeroboame morwa Nebate.+
4 Ope fela wa ga Baasha yo o swang mo motseng o tla jewa ke dintša; le mongwe le mongwe wa gagwe yo o swelang mo nageng o tla jewa+ ke dinonyane tsa magodimo.”
5 Fa e le ditiragalo tse dingwe tsotlhe tsa ga Baasha le se a se dirileng le thata ya gagwe, a ga di a kwalwa mo bukeng+ ya ditiragalo tsa metlha ya dikgosi tsa Iseraele?
6 La bofelo Baasha a lala le borraagwemogologolwane mme a fitlhwa mo Tiresa;+ mme Ela morwawe a simolola go busa mo boemong jwa gagwe.
7 Gape ka Jehu morwa moporofeti Hanani, lefoko la ga Jehofa le ne le tlile kgatlhanong le Baasha le ntlo ya gagwe,+ ka ntlha ya bosula jotlhe jo a neng a bo dira mo matlhong a ga Jehofa ka go mo kgopisa+ ka tiro ya diatla tsa gagwe,+ gore e tle e nne jaaka ntlo ya ga Jeroboame, le ka gonne a mo kgemethile.+
8 Mo ngwageng wa bomasome a mabedi le borataro wa ga Asa kgosi ya Juda, Ela morwa Baasha a nna kgosi ya Iseraele mo Tiresa dingwaga di le pedi.
9 Mme motlhanka wa gagwe Simeri+ molaodi wa sephatlo sa dikara a simolola go mo logela leano la boferefere, fa a ne a le mo Tiresa a nwa+ gore a tagwe kwa ntlong ya ga Aresa, yo o neng a okametse ba ntlo+ kwa Tiresa.
10 Mme Simeri a tsena a mo kgemetha+ a ba a mmolaya mo ngwageng wa bomasome a mabedi le bosupa wa ga Asa kgosi ya Juda, mme a simolola go busa mo boemong jwa gagwe.
11 Mme ga diragala gore fa a simolola go busa, fela fa a sena go nna mo setulong sa gagwe sa bogosi, a kgemetha ntlo ya ga Baasha yotlhe. Ga a ka a letla gore ope wa gagwe yo o tlhapologelang mo loboteng+ a sale kgotsa babusolosi ba gagwe ba madi+ kgotsa ditsala tsa gagwe.
12 Ka jalo Simeri a nyeletsa ntlo yotlhe ya ga Baasha,+ go ya ka lefoko la ga Jehofa+ le a neng a le buile kgatlhanong le Baasha ka moporofeti Jehu,+
13 ka ntlha ya maleo otlhe a ga Baasha le maleo a ga Ela+ morwawe a ba leofileng ka one le a ba leofisitseng Iseraele ka one ka go kgopisa Jehofa Modimo wa Iseraele ka medingwana ya bone ya lefela.+
14 Fa e le ditiragalo tse dingwe tsotlhe tsa ga Ela le sotlhe se a se dirileng, a ga di a kwalwa mo bukeng+ ya ditiragalo tsa metlha ya dikgosi tsa Iseraele?
15 Mo ngwageng wa bomasome a mabedi le bosupa wa ga Asa kgosi ya Juda, Simeri a nna kgosi malatsi a supa+ mo Tiresa, fa batho ba ne ba thibeletse kgatlhanong le Gibethone,+ e e neng e le ya Bafilisitia.
16 Fa nako e ntse e tsamaya batho ba ba neng ba thibeletse ba utlwa gotwe: “Simeri o logile leano la boferefere gape o kgemethile kgosi.” Ka jalo Iseraele yotlhe ya dira Omeri,+ e leng molaodi wa masole, kgosi ya Iseraele mo letsatsing leo mo bothibelelong.
17 Omeri a na le Iseraele yotlhe jaanong ba tlhatloga go tswa mo Gibethone mme ba simolola go dikanyetsa+ Tiresa.
18 Mme ga diragala gore fela fa Simeri a bona gore motse o ne o thopilwe, a tsena mo toreng ya bonno ya ntlo ya kgosi mme a fisetsa ntlo ya kgosi mo godimo ga gagwe ka molelo, mme a swa,+
19 ka ntlha ya maleo a gagwe a a neng a leofile ka one ka go dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa+ ka go tsamaya mo tseleng ya ga Jeroboame le mo boleong jwa gagwe jo a bo dirileng ka go leofisa Iseraele.+
20 Fa e le ditiragalo tse dingwe tsotlhe tsa ga Simeri le leano la gagwe la boferefere le a le logileng, a ga di a kwalwa mo bukeng+ ya ditiragalo tsa metlha ya dikgosi tsa Iseraele?
21 Ke gone ka nako eo batho ba Iseraele ba neng ba simolola go ikgaoganya dikarolo tse pedi.+ Go ne go na le karolo e nngwe ya batho ba ba neng ba nna balatedi ba ga Tibeni morwa Ginathe, gore ba mo dire kgosi, mme karolo e nngwe e le ya balatedi ba ga Omeri.
22 La bofelo batho ba ba neng ba setse Omeri morago ba fenya batho ba ba neng ba setse Tibeni morwa Ginathe morago; mo e leng gore Tibeni o ne a swa, mme Omeri a simolola go busa.
23 Mo ngwageng wa bomasome a mararo le bongwe wa ga Asa kgosi ya Juda, Omeri a nna kgosi ya Iseraele dingwaga di le lesome le bobedi. A busa mo Tiresa dingwaga di le thataro.
24 Mme a reka thaba ya Samarea mo go Shemere ka ditalenta di le pedi tsa selefera, a simolola go aga mo thabeng le go bitsa leina la motse o a neng a o agile ka leina la ga Shemere mong wa thaba, Samarea.+
25 Mme Omeri a nna a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa mme a dira bosula go feta botlhe ba ba nnileng teng pele ga gagwe.+
26 Mme a tsamaya mo tseleng yotlhe ya ga Jeroboame morwa Nebate+ le mo boleong jwa gagwe jo a leofisitseng Iseraele ka jone ka go kgopisa Jehofa Modimo wa Iseraele ka medingwana ya bone ya lefela.+
27 Fa e le ditiragalo tse dingwe tsotlhe tsa ga Omeri, se a se dirileng le thata ya gagwe e a dirileng ka yone, a ga di a kwalwa mo bukeng+ ya ditiragalo tsa metlha ya dikgosi tsa Iseraele?
28 La bofelo Omeri a lala le borraagwemogologolwane mme a fitlhelwa mo Samarea; mme Ahabe+ morwawe a simolola go busa mo boemong jwa gagwe.
29 Mme fa e le Ahabe morwa Omeri, a nna kgosi mo Iseraele mo ngwageng wa bomasome a mararo le borobedi wa ga Asa kgosi ya Juda; mme Ahabe morwa Omeri a tswelela go busa Iseraele kwa Samarea+ dingwaga di le masome a mabedi le bobedi.
30 Mme Ahabe morwa Omeri a dira dilo tse di bosula go gaisa mo matlhong a ga Jehofa go feta botlhe ba ba nnileng teng pele ga gagwe.+
31 Mme ga diragala gore, jaaka e kete e ne e le selo se e seng sa sepe+ gotlhelele gore a tsamaye mo maleong a ga Jeroboame+ morwa Nebate, jaanong a tsaya Jesebele+ morwadia Ethebaale kgosi ya Basidona+ go nna mosadi wa gagwe+ mme a simolola go ya go direla Baale+ le go mo ikobela.
32 Go feta moo, a tlhomela Baale sebeso kwa ntlong+ ya ga Baale e a e agileng mo Samarea.
33 Ahabe a dira kota e e boitshepo;+ mme Ahabe a dira mo go oketsegileng go kgopisa+ Jehofa Modimo wa Iseraele go feta dikgosi tsotlhe tsa Iseraele tse di nnileng teng pele ga gagwe.
34 Mo metlheng ya gagwe Hiele wa Mobethele o ne a aga Jeriko. O ne a thaya motheo wa yone mme a latlhegelwa ke Abirame leitibolo la gagwe, a tsenya ditswalo tsa yone mme a latlhegelwa ke Segube yo mmotlana thata wa gagwe, go ya ka lefoko la ga Jehofa le a neng a le bua ka Joshua morwa Nune.+