1 Dikgosi 14:1-31
14 Ka yone nako eo Abija morwa Jeroboame a bobola.+
2 Ka jalo Jeroboame a raya mosadi wa gagwe a re: “Nanoga, tsweetswee, mme o ikgakise+ batho gore ba se ka ba itse gore o mosadi wa ga Jeroboame, mme o ye kwa Shilo. Bona! Ke teng kwa Ahija+ moporofeti a leng teng. Ke ene yo o neng a bua malebana le nna ka go nna kgosi ya batho bano.+
3 Mme o tseye dilofo tsa senkgwe di le lesome+ mo seatleng sa gago le dikuku tse di kgatšhitsweng le kurwana+ ya tswina ya dinotshe, mme o tsene kwa go ene.+ Ke ene yo o tla go bolelelang se se tla diragalelang mosimane.”+
4 Mme mosadi wa ga Jeroboame a dira jalo. Ka gone a nanoga a ya Shilo+ mme a tla mo ntlong ya ga Ahija. Jaanong Ahija o ne a sa kgone go bona, ka gonne matlho a gagwe a ne a sa tshikinyege ka ntlha ya dingwaga tsa gagwe.+
5 Mme Jehofa o ne a reile Ahija a re: “Mosadi wa ga Jeroboame ke yo o tla go botsa lefoko mo go wena malebana le morwawe; gonne o a bobola. O bue le ene jaana le jaana. Mme go tla diragala gore fela fa a goroga, o tla bo a itirile yo o sa lemotshegeng.”+
6 Mme ga diragala gore fela fa Ahija a utlwa modumo wa dinao tsa gagwe jaaka a ne a tla fa kgorong, a re: “Tsena, wena mosadi wa ga Jeroboame.+ Ke ka ntlha yang fa o itira yo o sa lemotshegeng fa nna ke romilwe kwa go wena ka molaetsa o o botlhoko?
7 Tsamaya, o reye Jeroboame o re, ‘Jehofa Modimo wa Iseraele o buile jaana: “Ka lebaka la gore ke go tsholeditse mo gare ga batho ba gago, gore ke tle ke go dire moeteledipele wa batho ba me Iseraele,+
8 mme ka gagolaka+ bogosi ke bo tlosa mo ntlong ya ga Dafide ka bo go naya, mme ga o a nna jaaka motlhanka wa me Dafide, yo o neng a boloka ditaelo tsa me le yo o neng a ntshala morago ka pelo ya gagwe yotlhe ka go dira fela se se neng se siame mo matlhong a me,+
9 mme o ne wa simolola go itshwara bosula go feta botlhe ba ba neng ba le pele ga gago, mme wa ya go itirela modimo o mongwe+ le ditshwantsho tse di thetsweng+ gore o nkgopise,+ mme ke nna yo o mo latlhetseng kafa morago ga mokwatla wa gago;+
10 ka lebaka leo bona, ke tlisa masetlapelo mo ntlong ya ga Jeroboame, mme ruri ke tla fedisa mo go Jeroboame ope fela yo o tlhapologelang mo loboteng,+ motho yo o se nang thuso le yo o se nang mosola mo Iseraele;+ mme eleruri ke tla feela gore go nne phepa mo ntlong ya ga Jeroboame,+ fela jaaka fa motho a tlosa boloko go fitlha bo latlhilwe.+
11 Wa ga Jeroboame yo o swelang mo motseng, dintša di tla mo ja;+ mme yo o swelang mo nageng, dinonyane tsa magodimo di tla mo ja,+ ka gonne Jehofa ka boene o go buile.”’
12 “Mme wena, nanoga, ya kwa ntlong ya gago. Fa dinao tsa gago di tsena mo motseng ruri ngwana o tla swa.
13 Mme ruri Iseraele yotlhe e tla mo lelela+ e bo e mo fitlha, ka gonne ene yono fela a le nosi wa ga Jeroboame o tla tsena mo lefelong la go fitlhela; ka lebaka la gore sengwe se se molemo malebana le Jehofa Modimo wa Iseraele se fitlhetswe mo go ene mo ntlong ya ga Jeroboame.+
14 Mme Jehofa o tla itsosetsa kgosi+ mo Iseraele e e tla fedisang ntlo ya ga Jeroboame ka letsatsi le le boletsweng, mme go tweng fa e le gone jaana?+
15 Jehofa o tla kgemetha Iseraele, fela jaaka lotlhaka lo temeka mo metsing;+ mme ruri o tla kumola+ Iseraele mo lefatsheng leno le le molemo+ le a neng a le naya borraabonemogologolwane, mme o tla ba gasamisetsa+ ka kwa ga Noka,+ ka lebaka la gore ba dirile dikota+ tsa bone tse di boitshepo, ka jalo ba kgopisa+ Jehofa.
16 Mme o tla latlha Iseraele+ ka ntlha ya maleo a ga Jeroboame a a leofileng ka one le a a leofisitseng+ Iseraele ka one.”
17 Foo mosadi wa ga Jeroboame a nanoga a tsamaya mme a tla mo Tiresa.+ Fa a ne a goroga mo serepoding sa ntlo, mosimane a swa.
18 Ka jalo ba mo fitlha, mme Iseraele yotlhe ya mo lelela, go ya ka lefoko la ga Jehofa le a neng a le buile ka motlhanka wa gagwe moporofeti Ahija.
19 Mme ditiragalo tse dingwe tsotlhe tsa ga Jeroboame, ka fa a loleng ka teng+ le kafa a busitseng ka teng, di kwadilwe mo bukeng+ ya ditiragalo tsa metlha ya dikgosi tsa Iseraele.
20 Malatsi a Jeroboame a busitseng ka one e ne e le dingwaga di le masome a mabedi le bobedi, mme morago ga moo a lala le borraagwemogologolwane;+ mme Nadabe+ morwawe a simolola go busa mo boemong jwa gagwe.
21 Fa e le Rehoboame+ morwa Solomone, o ne a nnile kgosi mo Juda. Rehoboame o ne a na le dingwaga di le masome a manè le bongwe fa a ne a simolola go busa, mme o busitse dingwaga di le lesome le bosupa mo Jerusalema, motse+ o Jehofa a neng a o tlhophile mo ditsong tsotlhe+ tsa Iseraele gore a beye leina la gagwe teng.+ Mme leina la ga mmaagwe e ne e le Naama mosadi wa Moamona.+
22 Juda ya tswelela e dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa,+ go gaisa sotlhe se borraabonemogologolwane ba neng ba se dirile ka maleo a bone a ba leofileng+ ka one, mo e leng gore ba ne ba mo tlhotlheletsa+ gore a fufege.
23 Le bone ba ne ba nna ba ikagela mafelo a a kwa godimo+ le dipilara tse di boitshepo+ le dikota tse di boitshepo+ mo thoteng nngwe le nngwe e e kwa godimo+ le kafa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se se golang thata.+
24 Le seaka sa monna se se ithekisang sa tempele se ne se le teng mo lefatsheng.+ Ba ne ba dira go ya ka dilo tsotlhe tse di makgapha tsa ditšhaba tse Jehofa a neng a di lelekile fa pele ga bomorwa Iseraele.+
25 Mme ga diragala gore mo ngwageng wa botlhano wa ga Kgosi Rehoboame Shishake+ kgosi ya Egepeto a tsogologele Jerusalema.
26 Mme a tsaya matlotlo a ntlo ya ga Jehofa le matlotlo a ntlo ya kgosi;+ a tsaya le sengwe le sengwe.+ Mme a tsaya dithebe tsotlhe tsa gouta tse Solomone a neng a di dirile.+
27 Ka gone Kgosi Rehoboame a dira dithebe tsa kgotlho mo boemong jwa tsone, a di baya mo taolong ya balaodi ba batabogi,+ badisa ba kgoro ya ntlo ya kgosi.+
28 Mme go ne go tle go diragale gore nako le nako fa kgosi e tla mo ntlong ya ga Jehofa, batabogi ba di tshole, ba bo ba di busetsa kwa ntlwaneng ya molebeledi ya batabogi.+
29 Mme ditiragalo tse dingwe tsotlhe tsa ga Rehoboame le sotlhe se a se dirileng, a ga di a kwalwa mo bukeng+ ya ditiragalo tsa metlha ya dikgosi tsa Juda?
30 Mme ga nna le ntwa fa gare ga ga Rehoboame le Jeroboame ka metlha.+
31 La bofelo Rehoboame a lala le borraagwemogologolwane mme a fitlhwa le borraagwemogologolwane mo Motseng wa ga Dafide.+ Leina la ga mmaagwe e ne e le Naama mosadi wa Moamona.+ Mme Abijame+ morwawe a simolola go busa mo boemong jwa gagwe.