1 Bathesalonika 1:1-10

1  Paulo le Silefano+ le Timotheo+ re kwalela phuthego ya Bathesalonika e e seoposengwe+ le Modimo Rara le Morena Jesu Keresete: E kete lo ka nna le bopelonomi jo bo sa re tshwanelang le kagiso.+  Ka metlha re leboga Modimo fa re lo umaka lotlhe mo dithapelong tsa rona+,  gonne re gopola tiro ya lona ya go nna le tumelo,+ re sa kgaotse, le tiro ya lona ya bonatla ya lorato le boitshoko jwa lona ka ntlha ya tsholofelo ya lona mo Moreneng wa rona Jesu Keresete fa pele ga Modimo wa rona le Rara.  Gonne, bakaulengwe ba ba ratwang ke Modimo, re itse go lo tlhopha ga gagwe,+  ka gonne dikgang tse di molemo tse re di rerang ga di a ka tsa tla mo go lona ka puo e le yosi mme gape di tlile ka maatla+ le ka moya o o boitshepo le go tlhatswega pelo mo go nonofileng,+ fela jaaka lo itse gore re ne ra nna batho ba mofuta ofe mo go lona ka ntlha ya lona;+  mme lo ne lwa nna baetsi+ ba rona le ba Morena, ka lo ne lwa amogela lefoko lo le mo pitlaganong+ e kgolo ka boipelo jwa moya o o boitshepo,+  mo e leng gore lo ne lwa simolola go nna sekao mo badumeding botlhe mo Makedonia le mo Akaia.  Boammaaruri ke gore, ga se fela gore lefoko la ga Jehofa+ le utlwetse ka lona mo Makedonia le Akaia, mme mo lefelong lengwe le lengwe tumelo ya lona+ mo Modimong e anametse kgakala,+ mo e leng gore ga re tlhoke go bua sepe.  Gonne bone ka bobone ba nna ba bega kaga tsela e la ntlha re neng ra tsena mo gare ga lona ka yone le kafa lo neng lwa retologela kwa Modimong ka gone lo tswa mo medingwaneng+ ya lona gore lo nne batlhanka ba Modimo yo o tshelang+ le wa boammaaruri,+ 10  le go letela+ Morwawe go tswa magodimong,+ yo o neng a mo tsosa mo baswing,+ e bong Jesu, yo o re gololang mo tšhakgalong e e tlang.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase