1 Bakorintha 2:1-16

2  Mme jalo nna, e rile ke tla kwa go lona, bakaulengwe, ka se ka ka tla ka puo e e feteletseng+ kgotsa botlhale jo bo feteletseng ke lo bolelela sephiri se se boitshepo+ sa Modimo.  Gonne ke ne ka dira tshwetso ya gore ke se ka ka itse sepe mo gare ga lona fa e se Jesu Keresete,+ mme ene, e le yo o bapotsweng.  Mme ke ne ka tla mo go lona ka bokoa le ka poifo le ka go roroma thata;+  mme puo ya me le se ke neng ka se rera di ne di se ka mafoko a a tlhotlheletsang a botlhale mme di ne di le ka pontsho ya moya le maatla,+  gore tumelo ya lona e tle e se ka ya nna ka botlhale jwa batho,+ fa e se ka maatla a Modimo.+  Jaanong re bua botlhale mo go ba ba godileng sentle,+ mme e seng botlhale+ jwa tsamaiso eno ya dilo le fa e le jwa babusi ba tsamaiso eno ya dilo,+ ba ba tshwanetseng go nna lefela.+  Mme re bua botlhale jwa Modimo mo sephiring se se boitshepo,+ botlhale jo bo fitlhegileng, jo Modimo a neng a bo tlhomamisa e sa le pele, pele ga ditsamaiso+ tsa dilo gore re galalediwe.  Ga go le a le mongwe wa babusi+ ba tsamaiso eno ya dilo yo o neng a itse botlhale jono,+ gonne fa ba ne ba bo itsile ba ka bo ba se kile ba bapola+ Morena yo o galalelang.  Mme ke fela jaaka go kwadilwe go twe: “Leitlho ga le ise le bone le tsebe ga e ise e utlwe, le gone ga go ise go bopiwe ka mogopolo mo pelong ya motho dilo tse Modimo a di baakanyeditseng ba ba mo ratang.”+ 10  Gonne Modimo o di senoletse rona+ ka moya wa gagwe,+ gonne moya+ o hukutsa dilo tsotlhe, tota le dilo tse di boteng+ tsa Modimo. 11  Gonne ke mang mo gare ga batho yo o itseng dilo tsa motho fa e se moya+ wa motho o o mo go ene? Jalo, ka tsela e e tshwanang, ga go ope yo o itseng dilo tsa Modimo, fa e se moya+ wa Modimo. 12  Jaanong re ne ra se ka ra amogela moya wa lefatshe,+ fa e se moya o o tswang kwa Modimong,+ gore re itse dilo tse Modimo a di re neileng ka bopelonomi. 13  Dilo tseno le tsone re a di bua, e seng ka mafoko a a neng a rutwa ka botlhale jwa batho,+ fa e se ka a a neng a rutwa ka moya,+ jaaka re kopanya dikgang tsa semoya le mafoko a semoya.+ 14  Mme motho wa senama ga a amogele dilo tsa moya wa Modimo, gonne ke boeleele mo go ene; mme ga a ka ke a di itse,+ ka gonne di sekasekwa ka tsela ya semoya. 15  Le fa go ntse jalo, eleruri motho wa semoya+ o sekaseka dilo tsotlhe, mme ene ka boene ga a sekasekwe+ ke motho ope. 16  Gonne “ke mang yo o itseng mogopolo wa ga Jehofa,+ gore a tle a mo laye?”+ Mme rona re na le mogopolo+ wa ga Keresete.

Dintlha Tse di Kwa Tlase