Fetela kwa tshedimosetsong

A DI DIRILWE KE MONGWE?

Bokgoni Jwa Di-Hormone Jwa go Laola Tsela e Mmele o Dirang ka Gone

Bokgoni Jwa Di-Hormone Jwa go Laola Tsela e Mmele o Dirang ka Gone

 Gore mebele ya rona e kgone go dira sentle, madi a rona a tlhoka go nna le selekanyo se se rileng sa di-electrolyte tse di jaaka calcium. Le fa go ntse jalo, selekanyo sa di-electrolyte se re nang le sone se ikaega ka se re se jang kgotsa se re se nwang letsatsi le letsatsi. Mme gone, mmele wa gago o dira eng gore o nne le selekanyo se se siameng sa di-electrolyte ka metlha?

 Mmele wa motho o kgona go dira gore o nne le di-electrolyte tse di lekaneng ka go dira di-hormone, go di boloka le go di ntshetsa mo mading. Di-hormone ke dikhemikale tse di thusang mebele ya rona go dira ditiro tse di farologaneng. Tota le hormone e nnye thata e ka ama mebele ya rona ka tsela e e kgolo. Encyclopedia Britannica e a re fa mmele o ntsha di-hormone “ga go itiragalele fela ka bonako mme tiragalo eno e raraane e bile e diragala ka tsela e e matsetseleko.”

 Ka sekai, dikgeleswa (glands) tsa parathyroid tse di mo thamong di kgona go lemoga phetogo e e nnye ya selekanyo sa calcuim mo mading. Dikgeleswa tseno tse gantsi di leng nnê ka palo, di lekana le tlhaka e le nngwe ya raese.

 Fa dikgeleswa tseno di lemoga gore mmele ga o na calcium e e lekaneng, ka ponyo ya leitlho di ntsha hormone e e tsibosang marapo gore a ntshetse calcium e e bolokilweng mo go one kwa mading. Hormone eno e tsibosa diphilo gore di tlogele go sêfa calcium mo mading le gore mala a simolole go tsaya calcium e e oketsegileng go tswa mo dijong.

 Le fa go ntse jalo, fa calcium e le ntsi thata mo mading, kgeleswa e e bidiwang thyroid e ntsha hormone e nngwe e e rileng. Hormone eno e tsibosa marapo gore a tseye le go boloka calcium e e oketsegileng mme e bo e tsibosa diphilo gore di ntshe calcium e e ntsi mo mmeleng go feta mo go tlwaelegileng.

 Ntle le di-hormone tseno tse pedi tse re tlotlileng ka tsone, go na le di-hormone di feta 100 tse di thusang mmele go dira ditiro tse di farologaneng.

 O akanya eng? A bokgoni jwa di-hormone jwa go laola tsela e mmele o dirang ka gone bo itlhagetse fela? Kgotsa a bo dirilwe ke mongwe?